Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nka Dirang Gore ke se Nnele go Akanya ka Tlhakanelodikobo?

Nka Dirang Gore ke se Nnele go Akanya ka Tlhakanelodikobo?

Kgaolo 29

Nka Dirang Gore ke se Nnele go Akanya ka Tlhakanelodikobo?

LEKAWANA le le bidiwang Michael la re: “Ke aga fela ke akanya ka basetsana—tota le fa ke sa ba bone. Go tlhabisa ditlhong tota. Ka dinako dingwe ga ke kgone le go tlhoma mogopolo mo go se ke se dirang!”

A le wena, jaaka Michael o fetsa nako e ntsi o akantse fela ka ba bong bo sele? Fa go le jalo, o ka tswa o ikutlwa o fekeediwa ke mogopolo. Go akanya ka tlhakanelodikobo go ka gapa mogopolo wa gago fela jaaka masole a a tlhaselang. Michael a re: “Ka dinako tse dingwe ga o kgone go tlosa dikakanyo tseno mo mogopolong. Di ka dira gore o tseye tsela e telele e le fela gore o tle o fete gaufi le mosetsana yo montle kgotsa wa tsena mo lebenkeleng le o neng o sa ikaelela go ya kwa go lone e le fela gore o bone mongwe sentle.”

Mme gone, se lebale gore ga go phoso go nna le maikutlo a tlhakanelodikobo. Kana e bile, Modimo o dirile gore monna le mosadi ba kgatlhegelane mme ga go phoso gore ba kgotsofatse keletso eno ya tlhakanelodikobo fa ba nyalane. Fa o ise o tsene mo lenyalong, o ka nna le keletso e e maatla ya tlhakanelodikobo. Fa seno se direga, se akanye gore o motho yo o boikepo kgotsa gore ga o ka ke wa kgona go nna le maitsholo a a siameng. Fa o rata, o ka kgona go nna le boitsholo jo bo siameng! Mme gore o kgone go dira jalo, o tla tshwanelwa ke go laola dikakanyo tsa gago ka ba bong bo sele. O ka kgona go dira seo jang?

Nna kelotlhoko gore o itsalanya le bomang. Fa ba o tsenang sekolo le bone ba simolola go bua ka tlhakanelodikobo ka tsela e e leswe, o ka nna wa raelesega go tsena mo motlotlong—e le fela gore o se ka wa nna learogi. Mme gone, seno se ka dira gore go nne thata le go feta go laola dikakanyo tsa gago. O tshwanetse go dira eng—a ke o tswe o tsamaye? Ee, mme go dira jalo ga go a tshwanela go go tlhabisa ditlhong! Gantsi o ka bona tsela ya go tswa mo go bone o sa dire gore go bonale e kete o itira botoka e bile o sa dire gore ba go je ditshego.

Tila boitlosobodutu jo bo leswe. Ke boammaaruri gore ga se difilimi tsotlhe kgotsa mmino otlhe o o sa siamang. Le fa go ntse jalo, bontsi jwa boitlosobodutu jwa gompieno bo diretswe go tsosa maikutlo a a sa siamang a tlhakanelodikobo. Kgakololo ya Baebele ya reng ka seo? “A re intlafatseng leswe lengwe le lengwe la nama le moya, re itekanedisa boitshepo mo go boifeng Modimo.” (2 Bakorintha 7:1) Tila boitlosobodutu bope fela jo bo ka tsosang dikeletso tse di sa siamang tsa tlhakanelodikobo. *

Bothata Jwa go Itshwaratshwara Dirwe Tsa Tlhakanelodikobo

Basha bangwe ba leka go okobatsa maikutlo a tlhakanelodikobo ka go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo. Mme seno se ka baka mathata a magolo. Baebele e gakolola Bakeresete jaana: “Jalo, bolayang ditokololo tsa lona tsa mmele tse di mo lefatsheng ka ga kgokafalo, boitshekologo, keletso ya tlhakanelodikobo, keletso e e utlwisang botlhoko, le keletso ya bopelotshetlha.” (Bakolosa 3:5) Ruri go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo ga se go ‘bolaya keletso ya tlhakanelodikobo.’ Tota go dira jalo go gakatsa keletso eo!

Go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo go ka go dira lekgoba la dikeletso tsa gago. (Tito 3:3) Tsela e nngwe e o ka lwantshang mokgwa ono ka yone ke ka go bolelela mongwe ka gone. Mokeresete mongwe yo o neng a fetsa dingwaga di le dintsi a na le bothata jono, a re: “Ke eletsa e kete nkabo ke nnile le bopelokgale jwa go bolelela mongwe ka gone fa ke ne ke sa ntse ke le mosha! Ke ne ke tshwenngwa ke go ikutlwa ke le molato ka dingwagangwaga, mme seno se ne sa ama thata kamano ya me le batho ba bangwe mme segolobogolo kamano ya me le Jehofa.”

O ka bua le mang? Gantsi go botoka go bolelela motsadi wa gago. Kgotsa go ka thusa go bua le Mokeresete mongwe yo o godileng semoyeng. O ka nna wa simolola ka gore: “Nka rata go bua le wena ka bothata bongwe jo bo ntshwenyang thata.”

André o itumelela go bo a ne a bua le mogolwane mongwe wa Mokeresete. A re: “Mogolwane yono o ne a geletse dikeledi fa a ntse a ntheeditse. Fa ke sena go bua le ene, o ne a ntlhomamisetsa gore Jehofa o a nthata. O ne a mpolelela gore ga se nna fela ke nang le bothata jono. O ne a ntsholofetsa gore o tla nna a tlhola gore a ke kgonne go fenya bothata jono le go ntlisetsa tshedimosetso e e oketsegileng ya dikgatiso tsa Baebele. Go bua le ene go ne ga nthusa gore ke ititeye sehuba gore ga ke na ke ineelela bothata jono—tota le fa ka dinako tse dingwe ke ne ke raelesega.”

Mário ene o ne a bua le rraagwe yo o neng a mo tlhomogela pelo le go tlhaloganya maemo a a leng mo go one. O ne a bo a bolelela Mário gore le ene o ne a fitlhela go se motlhofo go fenya mokgwa ono fa a sa ntse a le mosha. Mário a re: “Ke ne ka kgothadiwa thata ke tsela e rre a neng a bua le nna ka yone ka boikanyego le bopeloephepa. Ke ne ka ipolelela gore fa a kgonne go fenya mokgwa ono, le nna nka kgona. Ke ne ka amiwa pelo thata ke boikutlo jwa ga rre mo ke neng ka thubega ka selelo.”

Le wena fela jaaka André le Mário, o ka bona thuso fa o ntse o tsaya matsapa a go fenya mokgwa ono wa go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo. Tota le fa ka dinako tse dingwe o raelesega go boela mo go one, o se ka wa ineela! Tlhomamisega gore o ka fenya ntwa eno. *

Go Laola Dikakanyo Tsa Gago

Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Ke itaya mmele wa me ke bo ke o tshwara jaaka motlhanka.” (1 Bakorintha 9:27) Le wena o ka nna wa tshwanelwa ke go itaya tota fa o tlelwa ke dikakanyo tse di sa siamang ka ba bong bo sele. Fa dikakanyo tseno di sa kgaotse, itshidile mmele. Baebele ya re: “Go thapisa mmele go tswela mosola go le gonnye.” (1 Timotheo 4:8) Go tsamaya o gwanta kgotsa go itshidila mmele ka metsotso e se kae go ka go thusa go lwantsha dikakanyo tse di sa siamang.

Sa botlhokwa le go feta, o se ka wa tlhaetsa matlho thuso e o ka e bonang mo go Rraago yo o kwa legodimong. Mokeresete mongwe a re: “Fa ke tlelwa ke dikakanyo tsa tlhakanelodikobo ke rapela ka tlhoafalo ke kopa thuso.” Ee, Modimo ga a ka ke a tlosa keletso e o nang le yone ka ba bong bo sele. Mme gone a ka go thusa go lemoga gore go na le dilo tse dingwe tse dintsi tse o ka akanyang ka tsone.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 7 Go buiwa ka botlalo ka kgang ya boitlosobodutu le boitapoloso mo Karolong ya 8 ya buka eno.

^ ser. 14 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka kgang ya go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo, bona Bolumo ya 1, dikgaolo 25.

DITEMANA TSA BOTLHOKWA

“Le fa e le molemo ofe o o gone le selo le fa e le sefe se se tshwanelwang ke pako se se gone, tswelelang lo akanya ka dilo tseno.”—Bafilipi 4:8.

KAKANTSHO

Fa o raelesega go boela mo mokgweng wa go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo, o se ka wa ineela! Sekaseka gore ke eng se se dirileng gore o raelesege mme o leke gore o se ka wa dira jalo gape.

A O NE O ITSE GORE . . . ?

Dilo tse o letlang mogopolo wa gago o akanya thata ka tsone di ka ama botho jwa gago le tsela e o dirang dilo ka yone.—Jakobe 1:14, 15.

SE KE SE IKAELETSENG!

Gore ke tlose mogopolo wa me mo go ba bong bo sele, ke tla ․․․․․

Fa motlotlo wa ba ke tsenang sekolo le bone o tswa mo tseleng, ke tla ․․․․․

Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․․

O AKANYANG?

● Ke eng fa e se ka metlha maikutlo a tlhakanelodikobo a leng phoso?

● Ke eng fa o tshwanetse go laola keletso ya tlhakanelodikobo?

● Ke mefuta efe ya boitlosobodutu e e ka dirang gore o nne fela o akantse ka ba bong bo sele?

● Ke eng fa go le botlhokwa gore o tswe o tsamaye fa motlotlo o tswa mo tseleng?

[Mafoko a a mo go tsebe 240]

“Ke thusiwa ke go akanya ka sengwe se sele—go tlosa mogopolo wa me mo dikakanyong tse di dirang gore ke nne le keletso ya tlhakanelodikobo. Ke ikgakolola gore morago ga nako maikutlo kgotsa dikeletso tseo di tla nyelela.’’—Scott

[Setshwantsho mo go tsebe 239]

A o ne o ka letla dibaerase di tsena mo khomputareng ya gago? Jaanong goreng o letla dikakanyo tse di leswe di tsena mo mogopolong wa gago?