Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng fa ke Tshwanetse go Tila Ditshwantsho Tse di Hepisang?

Ke Eng fa ke Tshwanetse go Tila Ditshwantsho Tse di Hepisang?

Kgaolo 33

Ke Eng fa ke Tshwanetse go Tila Ditshwantsho Tse di Hepisang?

Ke ga kae o kopanang le ditshwantsho tse di hepisang o sa ikaelela?

□ Ga nke ke kopana le tsone

□ Ka sewelo

□ Ka metlha

Gantsi seno se direga kae?

□ Mo Internet

□ Kwa sekolong

□ Mo thelebisheneng

□ Mo dilong tse dingwe

O dira eng fa o kopana le tsone?

□ Ka yone nako eo ke leba go sele.

□ Go batla go itse go dira gore ke lebe go le gonnye fela.

□ Ke a di leba mme ke batle go bona mo go oketsegileng.

FA BATSADI ba gago ba ne ba lekana le wena, batho ba ba neng ba batla go leba ditshwantsho tse di hepisang ba ne ba tshwanetse go di senka pele. Gompieno go bonala ditshwantsho tse di hepisang di tletse gongwe le gongwe. Mosetsana mongwe wa dingwaga di le 19 a re: “Ka dinako tse dingwe ke a bo ke leba sengwe mo Internet kgotsa ke reka sengwe ka yone kgotsa ke ntse ke lebile diteitemente tsa banka, fa ka tshoganyetso fela—go tlhaga ditshwantsho tse di hepisang!” Seno ke selo se se diregang gantsi. Mo patlisisong nngwe, diperesente di le 90 tsa basha ba dingwaga tse di magareng ga 8 le 16 ba re ba ne ba kopana le ditshwantsho tse di hepisang ba sa ikaelela fa ba ntse ba dirisa Internet—gantsi e le fa ba dira tiro ya sekolo e e direlwang kwa gae!

E re ka ditshwantsho tseno tse di hepisang di aname jaana, o ka nna wa ipotsa gore, ‘A tota di maswe go le kalo?’ Karabo ke ee! Ditshwantsho tse di hepisang di tlontlolola batho ba ba di dirang le ba ba di lebang mme gantsi di dira gore motho a feleletse a wetse mo boitsholong jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo. Mme go na le dikotsi tse dingwe tsa go di leba.

Motho a ka lemalela go leba ditshwantsho tse di hepisang mme seo sa nna le matswela a a nnetseng ruri a a utlwisang botlhoko. Ka sekai, akanya ka monna mongwe yo o bidiwang Jeff, yo le mororo a neng a na le dingwaga tse 14 a tlogetse go leba ditshwantsho tse di hepisang a neng a re: “Ke nna ke le mo ntweng letsatsi le letsatsi. Le fa gone keletso ya go di leba e sa tlhole e le maatla go le kalo, e sa ntse e le teng. Ke sa ntse ke swegaswega pelo ke batla go itse ka tsone. Ke sa ntse ke na le ditshwantsho tseo mo mogopolong wa me. Ke eletsa e kete nkabo ke sa simolola mokgwa ono o o maswe. Kwa tshimologong go ne go lebega go se kotsi. Mme jaanong ke a bona kafa o leng kotsi ka gone. Ditshwantsho tse di hepisang di kotsi, ga di a siama e bile di tlontlolola batho ba ba di dirang le ba ba di lebang. Le fa batho ba ba di dirang ba ka di buelela jang, tota ga go sepe se se siameng ka ditshwantsho tse di hepisang.”

Go Sekaseka se se Dirang Gore o Kopane le Tsone

O ka tila jang go kopana le ditshwantsho tse di hepisang o sa ikaelela? Sa ntlha, sekaseka seemo. A go na le mokgwa mongwe o o dirang gore o nne o kopana le tsone? Ela tlhoko dikai tse di latelang:

A bana bangwe ba o tsenang sekolo le bone ba a tle ba go romelele ditshwantsho tse di hepisang ka e-mail kgotsa ka founo? Fa go le jalo, go molemo gore o phimole melaetsa ya bone pele o e bula.

Fa o dirisa Internet, a ditshwantsho tseo di tlhagelela fa o tsenya mafoko mangwe go dira dipatlisiso? Fa o itse seo, o ka kgona go nna kelotlhoko gore o dirisa mafoko afe fa o dira dipatlisiso.

Fa tlase fano, kwala maemo ape fela a a neng a dira gore o kopane le ditshwantsho tse di hepisang.

․․․․․

A go na le sengwe se o ka se dirang gore o fokotse kgotsa o fedise go kopana le ditshwantsho tseo tse di hepisang o sa ikaelela? Fa go le jalo, kwala fa tlase fano gore o

․․․․․

Fa Serai sa Teng se Setse se go Tshwere

Go kopana le ditshwantsho tse di hepisang o sa ikaelela go farologane thata le go di leba ka boomo. Go tweng fa o setse o lemaletse mokgwa ono? Itse gore go tlogela mokgwa ono ga se kgetsi e potlana. Ka sekai: A re re diatla tsa gago di bofeletswe mmogo ka tlhale. Gongwe o ne o ka kgona go e kgaola ka go gogela seatla sengwe le sengwe go sele. Mme go tweng fa tlhale eo e ne e thatheleditswe gantsintsi mo diatleng tsa gago? Go ne go tla nna thata le go feta go e kgaola. Go ntse fela jalo le ka batho ba ba lemaletseng go leba ditshwantsho tse di hepisang. Fa ba nna ba di leba, ba tshwarwa ke serai ba bo ba raelesega go nna ba di leba. Fa le wena o diragaletswe ke seo, o ka ikgolola jang mo mokgweng oo?

Tlhaloganya gore ditshwantsho tse di hepisang di maswe. Tota ditshwantsho tse di hepisang ke maiteko a ga Satane a go tlontlolola sengwe se Jehofa a se bopileng se tlotlega. Go tlhaloganya gore ditshwantsho tseno di maswe go tla go thusa go ‘tlhoa se se bosula.’—Pesalema 97:10.

Ela tlhoko matswela a gone. Ditshwantsho tse di hepisang di senya manyalo. Di tlosa batho ba ba di dirang seriti. Di tlontlolola batho ba ba di lebang. Go a utlwala go bo Baebele e re: “Yo o botlhale ke yo o boneng masetlapelo a bo a iphitlha.” (Diane 22:3) Kwala fa tlase fano sekai se le sengwe sa masetlapelo a a ka nnang a go wela fa o ne o ka lemalela go leba ditshwantsho tse di hepisang.

․․․․․

Dira maikano. Monna yo o ikanyegang Jobe o ne a re: “Ke dirile maikano a a masisi a gore ga nkitla ke tsamaya ke leba kgarebane ka go e eletsa.” (Jobe 31:1, Today’s English Version) Mangwe a “maikano a a masisi” a o ka a dirang ke ano:

Ga nkitla ke dirisa Internet fa ke le esi mo kamoreng.

Ke tla tswala ka bonako molaetsa ope kana lefelo lepe le le tlhagisang ditshwantsho tse di hepisang.

Fa ke raelesega go boela mo mokgweng ono ke tla bua le tsala nngwe e e godileng sentle semoyeng.

A go na le maikano mangwe a a ka go thusang go lwantsha mokgwa ono? Fa a le teng, a kwale fano.

․․․․․

Rapela ka kgang eno. Mopesalema o ne a rapela Jehofa jaana: “Dira gore matlho a me a fete a sa bona se se se nang mosola.” (Pesalema 119:37) Jehofa Modimo o batla gore o atlege mme a ka go naya nonofo ya go dira se se siameng!—Bafilipi 4:13.

Bua le mongwe. Gantsi go tlhopha motho yo o mo ikanyang yo o ka mmulelang mafatlha ke kgato e e botlhokwa e e ka go thusang go ikgolola mo mokgweng ono. (Diane 17:17) Kwala fa tlase fano leina la mongwe yo o godileng semoyeng yo o tla ikutlwang o gololesegile go bua le ene ka kgang eno.

․․․․․

Tlhomamisega gore o ka kgona go atlega mo ntweng ya go ikgolola mo mokgweng wa go leba ditshwantsho tse di hepisang. Tota e bile nako le nako fa o di tila o tla bo o fentse. Bolelela Jehofa ka phenyo eo mme o mo lebogele nonofo e a go neileng yone. Ka metlha gopola gore fa o tila sebetso sa go leba ditshwantsho tse di hepisang, o ipedisa pelo ya ga Jehofa!—Diane 27:11.

DITEMANA TSA BOTLHOKWA

“Jalo, bolayang ditokololo tsa lona tsa mmele tse di mo lefatsheng ka ga kgokafalo, boitshekologo, keletso ya tlhakanelodikobo, keletso e e utlwisang botlhoko, le keletso ya bopelotshetlha, se e leng kobamelo ya medingwana.”—Bakolosa 3:5.

KAKANTSHO

Dira gore khomputara ya gago e se ka ya kgona go go bulela mafelo a ditshwantsho tse di hepisang. Gape tila go bula melaetsa ya Internet e o e romeletsweng ke batho ba o sa ba itseng.

A O NE O ITSE GORE . . . ?

Go rata ditshwantsho tse di hepisang go tshwana le go rata tlhakanelodikobo ka tsela e e feteletseng jaaka meya e e boikepo ya mo motlheng wa ga Noa.—Genesise 6:2.

SE KE SE IKAELETSENG!

Go itshireletsa gore ke se kopane le ditshwantsho tse di hepisang, ke tla․․․․․

Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore․․․․․

O AKANYANG?

Ditshwantsho tse di hepisang di tlontlolola jang sengwe se se tlotlegang?

O ka thusa jang monnao yo o nang le bothata jwa go leba ditshwantsho tse di hepisang?

[Mafoko a a mo go tsebe 278]

“Pele ke ithuta Baebele ke ne ke dirisa mo e ka nnang diokobatsi tsotlhe tse di kotsi. Mme mo dilong tsotlhe tse ke neng ke di lemaletse, go tlogela go leba ditshwantsho tse di hepisang go ne go le thata go feta go tlogela mekgwa eno e mengwe. Ke Jehofa fela yo o neng a nthusa gore ke kgone go lwantsha bothata jono.’’—Jeff

[Setshwantsho mo go tsebe 276]

Ditshwantsho tse di hepisang di a tshwakgola—fa o nna o di leba, go nna thata le go feta go ikgolola mo mokgweng oo