Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 17

“Go Ikaga mo Tumelong ya Lona e e Boitshepotshepo”

“Go Ikaga mo Tumelong ya Lona e e Boitshepotshepo”

“Ka go ikaga mo tumelong ya lona e e boitshepotshepo, . . . ipolokeng mo loratong lwa Modimo.”—JUDE 20, 21.

1, 2. O lebane le tiro efe ya go aga, mme ke ka ntlha yang fa boleng jwa tiro ya gago bo le botlhokwa thata?

O TSHWAREGILE ka tiro ya go aga. Ga e bolo go simologa mme e sa ntse e tlile go tswelela. Tiro eo e ntse e le thata mme e itumedisa. O ikemiseditse gore le fa go ka direga eng ga o na go ineela kgotsa go tlogela, ka gonne boleng jwa tiro e o e dirang bo tlile go ama botshelo jwa gago le bokamoso jwa gago. Ka ntlha yang? Ka gonne kago e e agiwang, ke wena!

2 Morutwa Jude o ne a gatelela gore re tshwanetse go ikaga. Fa a ne a kgothatsa Bakeresete gore ba ‘ipoloke mo loratong lwa Modimo,’ gape o ne a ba tlhalosetsa tsela e ba ka dirang jalo ka yone: “Ka go ikaga mo tumelong ya lona e e boitshepotshepo.” (Jude 20, 21) O ka ikaga ka ditsela dife, wa nonotsha tumelo ya gago gore o nne o le mo loratong lwa Modimo? A re sekaseke dikarolo tse tharo tsa tiro ya go aga e o tshwanetseng go e dira ka tsela ya semoya.

TSWELELA O AGA TUMELO MO MELAONG YA GA JEHOFA

3-5. (a) Satane a ka rata go go tsietsa gore o lebe melao ya ga Jehofa jang? (b) Re tshwanetse go leba melao ya Modimo jang, mme e tshwanetse go dira gore re ikutlwe jang? Naya sekai.

3 Sa ntlha, re tshwanetse go nonotsha tumelo ya rona mo molaong wa Modimo. Fa o ntse o ithuta buka eno, o badile ka melao e le mmalwa ya ga Jehofa e e siameng malebana le boitshwaro. O e leba jang? Satane a ka rata go go tsietsa gore o tseye gore melao le melaometheo ya ga Jehofa e go tima dilo dingwe, e bile tota e a gatelela. Ga a bolo go dirisa leano leo fa e sale a bona gore le a bereka bogologolo kwa Edene. (Genesise 3:1-6) A leano leo la gagwe le tla go tsietsa? Seo se tla ikaega ka gore o leba dilo jang.

4 Ka sekai: Fa o ntse o tsamaya mo serapeng se sentle, o bona legora le le thata le le kwa godimo le le go thibelang go tsena mo dikarolong dingwe tsa sone. Tebego ya serapa seo ka kwa ga legora e lebega e le ntle. Kwa tshimologong, o ka tsaya gore legora leo le kgoreletsa kgololesego ya gago go sa tlhokege. Le fa go ntse jalo, fa o leba ka kwa ga legora leo ka diphatlha tsa lone, o bona tau e e bogale e batla se e ka se jang! Jaanong o kgona go bona mosola wa legora leo—ke tshireletso. A gone jaanong go na le sebatana sengwe se se kotsi se se batlang go go ja? Lefoko la Modimo le tlhagisa jaana: “Nnang lo thantse mo ditlhaloganyong, disang. Mmaba wa lona, Diabolo, o tsamayatsamaya jaaka tau e e kurutlang, e e batlang go kometsa mongwe.”—1 Petere 5:8.

5 Satane ke sebatana se se bogale. Ka gonne Jehofa ga a batle gore Satane a re kometse, O tlhomile melao gore e re sireletse mo ‘maanong a mantsi a boferefere’ a yo o boikepo. (Baefeso 6:11) Ka jalo, nako le nako fa re akanya ka melao ya Modimo, re tshwanetse go e tsaya e le tsela e Rraarona yo o kwa legodimong a re bontshang lorato ka yone. Fa re leba melao ya Modimo jalo, e dira gore re ikutlwe re sireletsegile e bile re itumetse. Morutwa Jakobe o ne a re: “Yo o tlhodumelang mo molaong o o itekanetseng wa kgololesego le yo o nnelang ruri mo go one . . . o tla itumela mo go o direng ga gagwe.”—Jakobe 1:25.

6. Tsela e e molemolemo ya go aga tumelo mo melaong le mo melaometheong ya Modimo e e siameng ke efe? Naya sekai.

6 Fa re tshela go ya ka ditaelo tsa Modimo, eo ke tsela e e molemolemo ya go aga tumelo mo go Moneimolao wa rona le mo tseleng e melao ya gagwe e re solegelang molemo ka yone. Ka sekai, “molao wa ga Keresete” o akaretsa taelo ya ga Jesu ya go ruta ba bangwe “dilo tsotlhe tse [a di] laetseng.” (Bagalatia 6:2; Mathaio 28:19, 20) Gape Bakeresete ba tsaya masisi taelo ya gore ba nne ba kopana mmogo gore ba obamele mmogo le go kgothatsana. (Bahebera 10:24, 25) Ditaelo tsa Modimo gape di akaretsa kgothatso ya go rapela Jehofa ka metlha le go tswa pelong. (Mathaio 6:5-8; 1 Bathesalonika 5:17) Fa re tshela go ya ka ditaelo tseo, re bona sentle gore di re naya kaelo e e lorato. Go di ikobela go re tlisetsa boitumelo le kgotsofalo tse re ka se tsamayeng re di bone gope mo lefatsheng leno le le tletseng mathata. Fa o ntse o akanya kafa wena o solegetsweng molemo ka teng ke go tshela go ya ka melao ya Modimo, a tumelo ya gago mo go yone ga e nonofe?

7, 8. Lefoko la Modimo le kgothatsa jang batho ba ba tshabang gore ba tla palelwa ke go tswelela ba dira se se siameng fa nako e ntse e tsamaya?

7 Ka dinako tse dingwe batho bangwe ba tshaba gore go tla nna thata go tswelela ba latela melao ya ga Jehofa fa nako e ntse e tsamaya. Ba tshaba gore gongwe ba ka palelwa. Fa go ka direga gore o ikutlwe jalo, nna o gakologetswe mafoko ano: “Nna Jehofa, ke Modimo wa gago, Yo ke go rutang gore o solegelwe molemo, Yo ke dirang gore o gate mo tseleng e o tshwanetseng wa tsamaya mo go yone. Fa fela o ne o ka tlhwaela ditaolo tsa me tsebe! Foo kagiso ya gago e ne e tla nna fela jaaka noka, le tshiamo ya gago jaaka makhubu a lewatle.” (Isaia 48:17, 18) A o kile wa ema go se kae mme wa akanya kafa mafoko ao a kgothatsang ka teng?

8 Fano Jehofa o re gakolola gore re solegelwa molemo fa re mo ikobela. O re solofetsa gore re tla solegelwa molemo ka ditsela tse pedi fa re dira jalo. Sa ntlha, kagiso ya rona e tla nna jaaka noka—e se na matshwenyego, e le ntsi, e bile e nnetse ruri. Sa bobedi, tshiamo ya rona e tla nna jaaka makhubu a lewatle. Fa o ema fa losing lwa lewatle mme o leba jaaka makhubu a ntse a phothosela, o kgona go lemoga gore a tlile go direla jalo ruri. O itse gore makhubu a tla nna a le teng, a ntse a phothosela mo losing loo ka bosakhutleng. Jehofa a re tshiamo ya gago e ka nna jalo. Fa fela o ntse o leka go ikanyega mo go ene, le ka motlha a ka se go tlogele gore o palelwe! (Bala Pesalema 55:22.) A ditsholofetso tse di ntseng jalo tse di itumedisang ga di nonotshe tumelo ya gago mo go Jehofa le mo melaong ya gagwe e e siameng?

‘GAGAMALELA KWA GO GOLENG SENTLE’

9, 10. (a) Ke eng fa go gola sentle e le mokgele o o molemo o Bakeresete ba ka o ipeelang? (b) Go leba dilo ka tsela ya semoya go thusa motho jang gore a itumele?

9 Karolo ya bobedi ya tiro ya gago ya go aga e tlhalosiwa mo mafokong ano a a tlhotlheleditsweng: “A re gagamaleleng kwa go goleng sentle.” (Bahebera 6:1) Go gola sentle ke mokgele o o molemo o Mokeresete a ka o ipeelang. Ke mokgele o batho ba ka kgonang go o fitlhelela, ga go tshwane le go tlhoka diphoso ka gore gone jaanong ga go na motho yo o sa direng diphoso. Gape, Bakeresete ba itumedisiwa thata ke go direla Jehofa fa ba ntse ba gola. Ke eng fa go ntse jalo?

10 Mokeresete yo o godileng sentle ke motho yo o ratang dilo tsa semoya. O leba dilo jaaka Jehofa a di leba. (Johane 4:23) Paulo o ne a re: “Ba ba tumalanong le nama ba tlhoma megopolo ya bone mo dilong tsa nama, mme ba ba tumalanong le moya ba o tlhoma mo dilong tsa moya.” (Baroma 8:5) Go leba dilo ka tsela ya senama ga go itumedise motho, ka gonne go dira gore a nne moithati, a tlhoke temogo mme a rate dikhumo. Go leba dilo ka tsela ya semoya go itumedisa motho, ka gonne o tlhoma mogopolo mo go Jehofa, “Modimo yo o itumetseng.” (1 Timotheo 1:11) Motho yo o ratang dilo tsa semoya o dira sotlhe se a ka se kgonang go itumedisa Jehofa mme o a itumela le fa a lekwa. Ka ntlha yang? Diteko di re bulela sebaka sa go supa gore Satane ke moaki le sa gore re nne batho ba ba ikanyegang, mme seo se itumedisa Rraarona yo o kwa legodimong.—Diane 27:11; bala Jakobe 1:2, 3.

11, 12. (a) Paulo o ne a reng ka ‘bokgoni jwa go lemoga’ jwa Mokeresete, mme lefoko le le ranotsweng go twe go “thapisa” le kaya eng? (b) Mmele o tshwanetse go thapisiwa jang gore dikarolo tsa one di kgone go bereka sentle?

11 Motho o tlhoka go thapisiwa gore a gole sentle semoyeng le gore a rate dilo tsa semoya. Sekaseka temana eno: “Dijo tse di tiileng ke tsa batho ba ba godileng sentle, ba bokgoni jwa bone jwa go lemoga bo thapisiwang ka go dirisiwa gore bo farologanye se se siameng le se se sa siamang.” (Bahebera 5:14) Fa Paulo a ne a bua ka go ‘thapisiwa’ ga bokgoni jwa rona jwa go lemoga, o ne a dirisa lefoko la Segerika le le ka tswang le ne le dirisiwa thata kwa mafelong a go ikatisa a kwa Gerika a lekgolo la ntlha la dingwaga, ka gonne le ka ranolwa go twe ‘o thapisitswe jaaka motho yo o ikatisang mmele.’ Jaanong akanya ka se go thapisiwa jalo go se akaretsang.

Mmele wa motho yo o ikatisang o thapisiwa ka go dirisiwa

12 Fa re ne re tsholwa, mebele ya rona e ne e sa thapisiwa. Ka sekai, lesea ga le kgone go lemoga gore maoto le mabogo a lone a lebile kae. Ka jalo, le isa mabogo a lone kwa le kwa, e bile gongwe le ikitaya mo sefatlhegong le sa lebelela le bo le hutsafadiwa ke seo. Ka bonya ka bonya fa lesea le ntse le dirisa dikarolo tsa lone tsa mmele, le thapisa mmele wa lone. Fa ngwana e le lesea o a gagaba, mme fa a sena go golagola o a tsamaya, go tswa foo o a taboga. * Mme go direga eng ka motho yo o ikatisang mmele? Fa o bona motho wa teng a tsapoga le go menaganya mmele wa gagwe bonolo fela mo moyeng, kwantle ga pelaelo o a bona gore ruri mmele wa gagwe o tshwana le motšhine o o baakantsweng sentle gore o bereke ka thelelo. Ga go a itiragalela fela gore motho yono yo o ikatisang a kgone go dira jalo—o ithapisitse ka lobaka lo loleele. Baebele e a dumela gore go thapisa mmele jalo “go tswela mosola go le gonnye.” Mme go thapisa bokgoni jwa rona jwa semoya jwa go lemoga gone go solegela molemo le go feta!—1 Timotheo 4:8.

13. Re ka thapisa jang bokgoni jwa rona jwa go lemoga?

13 Mo bukeng eno re tlotlile ka dintlha tse dintsi tse di tla go thusang go thapisa bokgoni jwa gago jwa go lemoga gore o kgone go nna o ikanyega mo go Jehofa o le motho yo o ratang dilo tsa semoya. Akanya thata ka melao le melaometheo ya Modimo fa o dira ditshwetso letsatsi le letsatsi mo botshelong jwa gago. Nako le nako fa o tshwanetse go dira tshwetso, ipotse jaana: ‘Ke melao kgotsa melaometheo efe ya Baebele e e amanang le kgang eno? Nka e dirisa jang? Ke tshwetso efe e e ka itumedisang Rre yo o kwa legodimong?’ (Bala Diane 3:5, 6; Jakobe 1:5.) Tshwetso nngwe le nngwe e o e dirang jalo e tla go thusa gore o tswelele o thapisa bokgoni jwa gago jwa go lemoga. Go ithapisa jalo go tla go thusa go nna motho yo o ratang dilo tsa semoya tota le go tswelela o di rata.

14. Re tshwanetse go nyorelwa eng gore re kgone go gola semoyeng, mme re tshwanetse go nna re le kelotlhoko ka eng?

14 Le fa gone motho a ka kgona go fitlha mo seemong se go ka tweng o godile sentle, go gola semoyeng gone ke selo se motho a tswelelang pele a se dira. Motho o tlhoka dijo gore a gole. Ka jalo, Paulo o ne a re: “Dijo tse di tiileng ke tsa batho ba ba godileng sentle.” O ka kgona go aga tumelo ya gago ka go nna o ja dijo tse di tiileng tsa semoya. Fa o ntse o dirisa se o se ithutang, o a bo o dira ka botlhale, mme Baebele ya re: “Botlhale ke selo se segolo mo go tsotlhe.” Ka jalo, re tshwanetse go nyorelwa boammaaruri jo bo tlhwatlhwakgolo jo re bo newang ke Rraarona. (Diane 4:5-7; 1 Petere 2:2) Mme gone, go nna le kitso le botlhale jwa bomodimo ga go a tshwanela go dira gore re ipone re le botoka mo go ba bangwe kgotsa re ikgogomose. Re tshwanetse go nna re itlhatlhoba e se re gongwe ra nna boikgogomoso kgotsa ra nna le mokgwa mongwe o o sa siamang. Paulo o ne a re: “Nnang lo leke gore a lo mo tumelong, nnang lo ipontshe se lona ka bolona lo leng sone.”—2 Bakorintha 13:5.

15. Ke eng fa lorato lo tlhokega thata gore motho a gole semoyeng?

15 Kago ya ntlo e ka tswa e weditswe, mme tiro yone ga e fele. Go botlhokwa gore ntlo e nne e tlhokometswe e bile e baakanngwa, e bile go ka nna ga tlhokega gore e okediwe fa maemo a ntse a fetoga. Re tlhoka eng gore re kgone go gola semoyeng le go tswelela re ntse jalo? Sa botlhokwa thata ke lorato. Re tshwanetse go tswelela re godisa lorato lo re ratang Jehofa le badumedi ka rona ka lone. Fa re se na lorato, kitso yotlhe e re nang le yone le dilo tsotlhe tse re di dirang ke lefela—di tshwana fela le modumo o o se nang thuso. (1 Bakorintha 13:1-3) Fa re na le lorato, re ka gola semoyeng e bile re ka tswelela re gola.

NNA O TLHOMILE MOGOPOLO MO TSHOLOFETSONG E RE E NEWANG KE JEHOFA

16. Satane o batla gore batho ba akanye jang, mme Jehofa o re neile eng se se ka re thusang go thibela seo?

16 A re sekasekeng karolo e nngwe gape ya tiro ya gago ya go aga. Gore o ikage go nna molatedi wa mmatota wa ga Keresete, o tshwanetse go ela tlhoko tsela e o akanyang ka yone. Satane, mmusi wa lefatshe leno, ke matwetwe fa go tliwa mo kgannyeng ya go dira gore batho ba akanye ka tsela e e kgobang marapo, ba tlhoke tsholofelo, ba se ka ba ikanya ope, mme ba itlhoboge. (Baefeso 2:2) Go akanya jalo go kotsi mo Mokereseteng fela jaaka go bola go le kotsi mo kagong ya logong. Se se itumedisang ke gore Jehofa o re naya sengwe se se ka thusang go thibela seo—tsholofelo.

17. Lefoko la Modimo le bontsha jang kafa tsholofelo e leng botlhokwa ka teng?

17 Baebele e na le lenaane la dikarolo tse di farologaneng tsa seaparo sa semoya sa tlhabano tse re di tlhokang gore re kgone go lwa le Satane le lefatshe leno. Karolo ya botlhokwa ya seaparo sa tlhabano ke “tlhoro ya phemelo.” (1 Bathesalonika 5:8) Lesole la mo metlheng ya go kwalwa ga Baebele le ne le itse gore le ka bolawa ka bonako kwa ntweng fa le sa rwala tlhoro eno ya phemelo. Gantsi tlhoro eno ya phemelo e e neng e dirwa ka tshipi e e neng e manegwa mo hutsheng ya boboa kgotsa ya letlalo, e ne e thusa go dira gore fa motho a hulwa mo tlhogong a se ka a utlwa botlhoko. Jaaka tlhoro ya phemelo e sireletsa tlhogo, tsholofelo e ka sireletsa tlhaloganyo ya gago, dikakanyo tsa gago.

18, 19. Jesu o tlhomile sekao sefe sa go nna le tsholofelo, mme re ka mo etsa jang?

18 Jesu o ne a tlhoma sekao se se molemo thata sa go nna a na le tsholofelo. Gakologelwa dilo tse di botlhoko tse di neng tsa mo diragalela mo bosigong jwa bofelo jwa botshelo jwa gagwe mo lefatsheng. Tsala ya gagwe e kgolo e ne ya mo oka gore e bone madi. E nngwe e ne ya mo itatola. Ba bangwe ba ne ba mo tlogela mme ba tshaba. Batho ba gabone ba ne ba mo tlhanogela, ba batla gore masole a Baroma a mmolaye ka go mo utlwisa botlhoko. Tota re ka bua re tlhomamisegile gore Jesu o ne a lekwa thata go feta kafa rona re ka tsamayang re lekwa ka teng. Ke eng se se neng sa mo thusa? Bahebera 12:2 ya re: “Ka ntlha ya boipelo jo bo neng bo tlhomilwe fa pele ga gagwe o ne a itshokela kota ya tlhokofatso, a nyatsa ditlhong, mme o ntse kafa seatleng sa moja sa setulo sa bogosi sa Modimo.” Jesu ga ise a ko a tsamaye a lebale “boipelo jo bo neng bo tlhomilwe fa pele ga gagwe.”

19 Ke boipelo bofe jo bo neng bo tlhomilwe fa pele ga ga Jesu? O ne a itse gore fa a itshoka o ne a tla thusa go itshepisa leina la ga Jehofa le le boitshepo. O ne a tla ntsha bosupi jo bogolo jwa gore Satane ke moaki. Ga go na tsholofelo epe e nngwe e e neng e ka dira gore Jesu a ipele jalo! Gape o ne a itse gore Jehofa o ne a tla mo segofatsa thata ka gonne a ile a tshela ka boikanyego—o ne a tlile go itumela fela thata fa a boa a kopana le Rraagwe gape. Fa go ne go le thata, Jesu o ne a nna a akantse ka tsholofelo eo e e itumedisang. Le rona re tshwanetse go dira fela jalo. Le rona re na le boipelo jo bo tlhomilweng fa pele ga rona. Jehofa o neile mongwe le mongwe wa rona seriti ka go re naya tshiamelo ya go thusa go itshepisa leina la gagwe le legolo. Re ka supa gore Satane ke moaki ka go tlhopha Jehofa gore e nne Molaodimogolo wa rona le ka go ipoloka re babalesegile mo loratong lwa ga Rraarona go sa kgathalesege gore re kopana le diteko le dithaelo dife.

20. Ke eng se se ka go thusang go nna o akanya ka tsela e e siameng e bile o na le tsholofelo?

20 Ga se fela gore Jehofa o batla go duela batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang—o tlhoafaletse go dira jalo. (Isaia 30:18; bala Malaki 3:10.) O itumelela go naya batlhanka ba gagwe dikopo tse di siameng tsa dipelo tsa bone. (Pesalema 37:4) Ka jalo nna o tlhomile mogopolo mo tsholofelong e e larileng kwa pele. Le ka motlha o se ka wa itetla go tshwaediwa ke tsela e e sa siamang, e e sokameng ya go akanya ya lefatshe le legologolo la ga Satane. Fa o lemoga gore moya wa lefatshe leno o tshwaetsa mogopolo kgotsa pelo ya gago, rapela Jehofa ka tlhoafalo gore a go neye “kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe.” Kagiso eo ya Modimo e tla disa pelo ya gago le maatla a gago a mogopolo.—Bafilipi 4:6, 7.

21, 22. (a) Ba “boidiidi jo bogolo” ba na le tsholofelo efe e e molemolemo? (b) Ke tsholofelo efe ya Bokeresete e o e tlhologeletsweng thata, mme o ikemiseditse go dirang?

21 A bo o na le tsholofelo e e molemolemo jang e o ka akanyang ka yone! Fa o le mongwe wa ba “boidiidi jo bogolo,” ba ba tla “tswang mo pitlaganong e kgolo,” akanya ka botshelo jo o tlogang o bo tshela. (Tshenolo 7:9, 14) Ka gonne Satane le madimona a gagwe ba tla bo ba seyo, o tla ikutlwa o wetse makgwafo ka tsela e go ka nnang ga nna thata gore o e tlhaloganye gone jaanong. Mme gone, ke mang mo go rona yo o kileng a tshela a sa amiwe ke tlhotlheletso ya ga Satane e e sa siamang? Fa tlhotlheletso eo e sa tlhole e le teng, go tla itumedisa tota go thusa go dira lefatshe paradaise re kaelwa ke Jesu le babusimmogo le ene ba ba 144 000! A bo re itumedisiwa jang ne ke tsholofelo ya gore malwetse le makoa a mangwe a tla fedisiwa, re tla boa re amogela baratiwa ba rona ba ba neng ba sule, mme re tla tshela ka tsela e Modimo a neng a batla gore re tshele ka yone! Fa re ntse re ya re itekanela, tuelo e nngwe e e molemo le go feta e tla atamela, e leng tsholofelo e e tlhalosiwang mo go Baroma 8:21—“kgololesego e e galalelang ya bana ba Modimo.”

22 Jehofa o batla gore o nne le kgololesego e ntsi go feta le e wena o ka e akanyang. Mme o tshwanetse go nna kutlo gore o bone kgololesego eo. A gone jaanong o ka se solegelwe molemo thata ke go ikobela Jehofa letsatsi le letsatsi? Ka jalo, tsweetswee, tswelela o ikaga mo tumelong ya gago e e boitshepotshepo, gore o tle o nne o le mo loratong lwa Modimo ka bosakhutleng!

^ ser. 12 Baitsesaense ba re fa motho a ntse a gola mmele wa gagwe o nna le bokgoni jo bo kgethegileng jwa gore o kgone go itse gore o dirise jang maoto le mabogo. Ka sekai, seno se dira gore o kgone go opa diatla o tswetse matlho. Mmele wa molwetse mongwe yo e leng motho yo motona o ne o sa tlhole o na le bokgoni joo mme ka ntlha ya seo motho yoo o ne a sa kgone go ema, go tsamaya kgotsa go nna.