Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Sekao se se Molemo—Josefa

Sekao se se Molemo—Josefa

Sekao se se Molemo—Josefa

Josefa o lebane le maemo a a masisi tota. Mosadi wa mong wa gagwe o ntse a mo rapela gangwe le gape gore a tlhakanele dikobo le ene. Jaanong o mo leka gape! Le fa go ntse jalo, Josefa ga a raelesege. Tota e bile o mo araba a sa okaoke. O mo araba a re: “Ke ka dira jang bosula jo bogolo jono mme ka leofela Modimo?” Fa a gana go reetsa Josefa—le eleng fa a mo tshwara—Josefa ga a tlhabiwe ke ditlhong go tswa a tshaba. Tota e bile o tswa a taboga a tswela kwa ntle! Josefa o itshupa e le monna yo o nang le boitsholo jo bo siameng.—Genesise 39:7-12.

Le wena o ka lebana le seemo se mo go sone mongwe a batlang gore o ineelele keletso ya gago ya tlhakanelodikobo. Go fenya kgwetlho eo ga go tlhoke fela gore o nne le boikgapo. Go go tlhoka le gore o nne le keletso ya go itumedisa Mmopi wa gago, Jehofa Modimo. Josefa o ne a na le keletso ya tlhakanelodikobo fela jaaka wena. Le fa go ntse jalo, o ne a ka se kgotsofatse keletso eo ka tsela e e neng e tla kgopisa Mmopi wa gagwe. Le wena o tshwanetse go tlhatswega pelo gore boitsholo jo bo sa siamang bo kgopisa Modimo le gore bo tla felela ka mahutsana. Ka jalo lwela go nna le boitsholo jo bo siameng le go ipoloka o na le jone jaaka Josefa.