Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Sekao se se Molemo—Lidia

Sekao se se Molemo—Lidia

Sekao se se Molemo—Lidia

Le fa Lidia e le morutwa yo mosha, o tsaya kgato pele go amogela Paulo le ditsala tsa gagwe mo lelapeng la gagwe. (Ditiro 16:14, 15) Ka ntlha ya seno, o nna le tshiamelo e e kgethegileng ya go tsalana le barutwa bano. Fa Paulo le Silase ba sena go gololwa mo kgolegelong, ba ya kae? Ka yone nako eo ba tlhamalalela kwa legaeng la ga Lidia!—Ditiro 16:40.

Jaaka Lidia, a le wena o ka tsaya kgato pele go leka go itse batho ba bangwe? O ka dira seo jang? Simolola ka dilo tse dinnye. Simolola pele ka go bua le motho a le mongwe. O ka ipeela mokgele wa gore ka metlha fa o le kwa pokanong ya Bokeresete o simolole motlotlo le motho a le mongwe. Nyenya. Fa o sa itse gore o reng, botsa dipotso kgotsa o tlotle sengwe ka wena. Reetsa ka kelotlhoko. Fa go ntse go ya, o ka nna wa ikutlwa o gololesegile go tlotla go ya pele. Gantsi batho ba rata motho yo o buang mafoko a a monate le a a itumedisang le yo o buang ka bopelonomi. (Diane 16:24) E re ka Lidia a ne a rata go amogela baeng e bile a le botsalano o ne a segofadiwa ka ditsala tse di molemo. Fa o etsa sekao sa gagwe le wena o tla segofadiwa!