Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Sekao se se Molemo—Paulo

Sekao se se Molemo—Paulo

Sekao se se Molemo—Paulo

Moaposetoloi Paulo o leba maikutlo a gagwe ka tsela e e siameng. O itlhalosa jaana a sa fitlhe sepe: “Fa ke eletsa go dira se se siameng, se se bosula se gone mo go nna.” Paulo ke motho yo o batlang go dira se se siameng. A re: “Tota ke itumedisiwa ke molao wa Modimo go ya ka motho yo ke leng ene mo teng.” Jaanong bothata e ne e le eng? Paulo a re: “Ke bona . . . molao o mongwe o o lwantshanang le molao wa mogopolo wa me e bile o ntira motshwarwa wa molao wa boleo o o mo ditokololong tsa me.” Diphoso tsa ga Paulo ga di mo itumedise. A re: “A nna motho yo o tlhomolang pelo!”Baroma 7:21-24.

A o hutsafadiwa ke diphoso tsa gago? Fa go le jalo, gakologelwa gore le Paulo o ne a tle e ikutlwe jalo. Mme gape Paulo o ne a itse gore Keresete o ne a swela batho ba ba tshwanang le ene, e leng se se neng sa dira gore a bue jaana: “Ke leboga Modimo ka Jesu Keresete Morena wa rona!” (Baroma 7:25) Paulo o ne a leba thekololo e le mpho e a e abetsweng ka namana. O ile a re: ‘Morwa Modimo, o nthatile a ba a ineela ka ntlha ya me.’ (Bagalatia 2:20) Fa o ikutlwa o tshwenyegile thata mo maikutlong, akanya thata ka thekololo. Mme fa diphoso tsa gago di go kgoba marapo, se lebale gore Keresete o ne a swela baleofi, e seng batho ba ba sa direng diphoso.