Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 14

“Re Ile ra Dumalana Mme ra Dira Tshwetso”

“Re Ile ra Dumalana Mme ra Dira Tshwetso”

Kafa setlhopha se se laolang se neng sa fitlhelela tshwetso ka gone le kafa tshwetso eo e neng ya dira gore diphuthego di nne seoposengwe

E tswa mo go Ditiro 15:13-35

1, 2. (a) Setlhopha se se laolang sa phuthego ya Bokeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga se tla tshwanelwa ke go araba dipotso dife tse di botlhokwa? (b) Bakaulengwe bano ba thusiwa jang gore ba kgone go dira tshwetso e e siameng?

 BOTLHE ba swegaswega pelo, ba batla go utlwa tshwetso e e tla tlogang e dirwa. Baaposetoloi le bagolwane ba ba mo phaposing e e mo Jerusalema ba a lebana, mme ba lemoga gore jaanong ba fitlhile mo nakong e e botlhokwatlhokwa. Kgang ya go rupa e tsositse dipotso dingwe tsa botlhokwa. A Bakeresete ba laolwa ke Molao wa ga Moshe? A go tshwanetse ga nna le pharologanyo fa gare ga Bakeresete ba Bajuda le ba Baditšhaba?

2 Banna ba ba eteletseng pele ba setse ba sekasekile bosupi jotlhe ka kelotlhoko. Ba akantse ka Lefoko la Modimo la boporofeti mmogo le ka bosupi jo bo nonofileng jo ba iponetseng jone jo bo bontshang gore Jehofa o tlile go segofatsa tshwetso e ba tla e dirang. Ba ntshitse maikutlo a bone ka botlalo ka kgang eno. Ba fitlhetse bosupi jo bontsi fa ba ntse ba sekaseka kgang eno mo go bonalang sentle gore ba kaelwa ke moya wa ga Jehofa. A banna bano ba tla latela kaelo eno?

3. Re ka solegelwa molemo jang fa re sekaseka pego e e mo go Ditiro kgaolo 15?

3 Ruri banna bano ba tla tlhoka tumelo le bopelokgale gore ba kgone go latela kaelo ya moya mo kgannyeng eno. Baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba ka nna ba ba tlhoa le go feta. Mme ba ka nna ba ganediwa ke banna bangwe mo phuthegong, ba ba ikemiseditseng go dira gore batho ba Modimo ba latele Molao wa ga Moshe gape. Setlhopha se se laolang se tla dira eng? Mma re boneng. Fa re ntse re sekaseka pego eno, re tla bona kafa banna bao ba ileng ba tlhomela ka teng Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa sekao se ba ka se latelang gompieno. Ke sekao se le rona Bakeresete re tshwanetseng go se latela fa re tshwanelwa ke go dira ditshwetso kgotsa fa re lebana le dikgwetlho mo botshelong jwa rona.

‘Mafoko a Baporofeti a Dumalana le Seno’ (Ditiro 15:13-21)

4, 5. Jakobe o ne a bua ka eng se a neng a se bone mo Lefokong la Modimo la boporofeti?

4 Morutwa Jakobe, yo e neng e le morwarraagwe Jesu, o ne a ema mme a bua. a Go bonala ka nako eo e ne e le ene modulasetulo wa pokano eo. Mme se a neng a se bua se ne se sobokanya tumalano e go bonalang setlhopha sa banna bano se neng se e fitlheletse. Jakobe o ne a raya banna ba ba kokoaneng foo a re: “Semeone o sa tswa go re tlhalosetsa ka botlalo gore jaanong Modimo o amogetse ditšhaba tse dingwe, gore a ntshe batho ba ba tla bidiwang ka leina la gagwe mo go tsone. Mme mafoko ano a Baporofeti a dumalana le seno.”—Dit. 15:14, 15.

5 Go bonala puo ya ga Semeone, kgotsa Simone Petere, le bosupi jo Barenabase le Paulo ba neng ba bo ntsha bo ile jwa dira gore Jakobe a gakologelwe dikwalo tse di tshwanelang tse di tlhalosang kgang e ba neng ba tlotla ka yone. (Joh. 14:26) Fa Jakobe a sena go bolela gore ‘mafoko a Baporofeti a dumalana le seno,’ o ne a nopola mafoko a a mo go Amose 9:11, 12. Buka eo e ne e le mo karolong ya Dikwalo Tsa Sehebera tse gantsi di bidiwang “Baporofeti.” (Math. 22:40; Dit. 15:16-18) O tla lemoga gore mafoko a a neng a nopolwa ke Jakobe ga a tshwane kgo le mafoko a re a fitlhelang mo bukeng ya Amose gompieno. Go ka direga gore Jakobe o ne a nopola go tswa mo thanolong ya Septuagint, e leng thanolo ya Segerika ya Dikwalo Tsa Sehebera.

6. Dikwalo di ne di tlhalosa jang kgang e go neng go tlotliwa ka yone?

6 Jehofa o ne a dirisa moporofeti Amose go bolelelapele gore nako e tla tla e ka yone a tla tsosang “loobo lwa ga Dafide,” e leng, losika lwa segosi lo lo neng lo tla gogela kwa Bogosing jwa ga Mesia. (Esek. 21:26, 27) A le mo lekgetlong leno Jehofa o ne a tla dirisana fela le setšhaba sa Bajuda ba tlholego? Nnyaa. Gape boporofeti joo jwa re, “batho ba ditšhaba tsotlhe” ba ne ba tla kopanngwa mmogo e le “batho ba ba bidiwang ka leina la [Modimo].” Se lebale gore, Petere o ne a sa tswa go tlhomamisa gore Modimo “ga a ka a re farologanya [Bakeresete ba Bajuda] le bone [badumedi ba e seng Bajuda], ka tsela epe fela, go na le moo, o ne a phepafatsa dipelo tsa bone ka ntlha ya tumelo ya bone.” (Dit. 15:9) Ka mafoko a mangwe, ke thato ya Modimo gore Bajuda le Baditšhaba ba tsene mo Bogosing e le baruaboswa. (Bar. 8:17; Baef. 2:17-19) Boporofeti joo jo bo tlhotlheleditsweng ga bo ise bo bontshe gope gore badumedi ba Baditšhaba ba tshwanetse go rupisiwa pele mo nameng kgotsa gore ba tshwanetse go nna basokologi.

7, 8. (a) Jakobe o ne a ntsha kakantsho efe? (b) Re tshwanetse go tlhaloganya jang mafoko a ga Jakobe?

7 Fa Jakobe a sena go tlhotlhelediwa ke bosupi joo jo bo tswang mo Dikwalong le jo bongwe jo bo maatla jo a bo utlwileng, o ne a ntsha kakantsho eno: “Ka jalo, tshwetso ya me ke gore re se ka ra tshwenya batho ba ba tswang mo ditšhabeng tse dingwe ba ba batlang go direla Modimo, go na le moo, a re ba kwaleleng gore ba tile dilo tse di amanang le kobamelo ya medingwana, ba tile boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, ba tile go ja nama ya sepe fela se se bolailweng se sa tshololwa madi e bile ba ithibe mo mading. Gonne go tswa metlheng ya bogologolo, go ntse go na le ba ba rerang ba dirisa dibuka tsa ga Moshe mo metseng ka go latelana, ka gonne ka sabata mongwe le mongwe ba bala dibuka tseno mo disinagogeng.”—Dit. 15:19-21.

8 Fa Jakobe a ne a re, “ka jalo, tshwetso ya me ke gore,” a o ne a leka go gatelela gore o na le taolo—gongwe e le ka gonne e ne e le modulasetulo mo pokanong eo—mo bakaulengweng ba bangwe ba ba neng ba le foo mme a batla gore e nne ene a dirang tshwetso ya se se tshwanetseng go dirwa? Nnyaa le e seng! Polelwana ya Segerika e e ranolwang ka go re “tshwetso ya me ke gore” gape e ka raya “ke atlhola jaana” kgotsa “ke akantsha gore.” Jakobe o ne a sa direle setlhopha seno tshwetso, go na le moo, o ne a raya fela gore pele ba dira tshwetso ba akanyetse bosupi jo ba bo utlwileng le se Dikwalo di se bolelang ka kgang eo.

9. Kakantsho ya ga Jakobe e ne ya nna le melemo efe?

9 A kakantsho ya ga Jakobe e ne e utlwala? Ga go pelaelo gore e ne e utlwala, ka gonne moragonyana baaposetoloi le bagolwane ba ne ba e dirisa. Go ne ga nna le melemo efe? Tshwetso e e neng e akantshiwa e ne e se kitla e “tshwenya,” kgotsa e “imetsa,” Bakeresete ba Baditšhaba ka go ba gatelela gore ba dire dilo tse di tlhokwang ke Molao wa ga Moshe. (Dit. 15:19; Baebele ya Tswana Central) Mme gape, tshwetso eno e ne e tla bontsha go tlotla digakolodi tsa Bakeresete ba Bajuda, ba ka dingwagangwaga ba neng ba utlwa ‘dibuka tsa ga Moshe di balwa sabata mongwe le mongwe mo disinagogeng.’ b (Dit. 15:21) Ga go pelaelo gore tshwetso e e neng e akantshiwa e ne e tla dira gore Bakeresete ba Bajuda le ba Baditšhaba ba dirisane mmogo. Sa botlhokwa le go feta, e ne e tla itumedisa Jehofa Modimo, ka gonne e ne e dumalana le boikaelelo jwa gagwe. Ruri eno e ne e le tsela e e molemo ya go rarabolola bothata jo bo batlileng bo senya kutlwano le kagiso ya phuthego yotlhe ya batho ba Modimo! Mme a bo e le sekao se se molemo jang ne se phuthego ya Bokeresete e tshwanetseng go se latela gompieno!

Albert Schroeder a bua kwa kopang ya ditšhabatšhaba ka 1998

10. Setlhopha se se Laolang sa mo motlheng wa rona se etsa jang sa mo lekgolong la ntlha la dingwaga?

10 Jaaka go boletswe mo kgaolong e e fetileng, gompieno Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa, fela jaaka setlhopha se se laolang sa lekgolo la ntlha la dingwaga, le sone se ikaegile ka Jehofa, Molaodimogolo wa Lobopo Lotlhe, le ka Jesu Keresete, Tlhogo ya phuthego, gore ba ba kaele mo ditshwetsong tsotlhe tse ba di dirang. c (1 Bakor. 11:3) Ba dira seno jang? Albert D. Schroeder, yo e neng e le leloko la Setlhopha se se Laolang go tloga ka 1974 go fitlha a wetsa botshelo jwa gagwe jwa mo lefatsheng ka March 2006, o ne a re: “Setlhopha se se Laolang se kopana ka Laboraro mongwe le mongwe, se simolola pokano eo ka thapelo mme se kopa kaelo ya moya wa ga Jehofa. Ba leka ka natla gore kgang nngwe le nngwe e e rarabololwang le tshwetso nngwe le nngwe e e dirwang, e dirwe go dumalana le Lefoko la Modimo, Baebele.” Ka tsela e e tshwanang, Milton G. Henschel, yo o neng a nna leloko la Setlhopha se se Laolang ka nako e telele pele a wetsa botshelo jwa gagwe jwa mo lefatsheng ka March 2003, o ne a botsa baithuti ba ba neng ba aloga ba tlelase ya bo101 ya Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade potso e e botlhokwa. O ne a re, “A go na le mokgatlho mongwe mo lefatsheng o baeteledipele ba one ba batlang go utlwa gore Lefoko la Modimo, Baebele, la reng pele ba ka dira ditshwetso tse di botlhokwa?” Rotlhe re itse karabo ya seno.

Ba “Romela Banna ba ba Tlhophilweng” (Ditiro 15:22-29)

11. Diphuthego di ne tsa itsisiwe jang tshwetso ya setlhopha se se laolang?

11 Setlhopha se se laolang sa kwa Jerusalema se fitlheletse tshwetso ka bongwefela jwa pelo ka kgang ya go rupa. Le fa go ntse jalo, gore bakaulengwe ba ba mo diphuthegong ba dirisane sentle ka kutlwano, ba ne ba tshwanetse go itsisiwe tshwetso eo ka tsela e e utlwalang sentle le e e lorato, e e tla ba kgothatsang. Seno se ne se ka dirwa jang ka tsela e e molemo? Pego ya re: “Baaposetoloi le bagolwane, mmogo le phuthego yotlhe, ba ne ba dira tshwetso ya go romela banna ba ba tlhophilweng gore ba ye kwa Antioka ba na le Paulo le Barenabase; ba ne ba roma Judase yo o neng a bidiwa Baresabase le Silase, e leng banna ba ba neng ba eteletse bakaulengwe pele.” Mo godimo ga moo, go ne ga kwalwa lekwalo le banna bano ba neng ba tsamaya le lone gore le balwe mo diphuthegong tsa Antioka, Siria le Kilikia.—Dit. 15:22-26.

12, 13. Ke eng se se molemo se se neng sa fitlhelelwa ka go romela (a) Judase le Silase? (b) lekwalo le le tswang kwa setlhopheng se se laolang?

12 E re ka Judase le Silase ba ne ba “eteletse bakaulengwe pele,” ba ne ba tshwanelega sentle go emela setlhopha se se laolang. Banna ba le banè ba ba neng ba romilwe ba ne ba tla tlhomamisa gore molaetsa o ba neng ba o tshotse o ne o sa rarabolole fela bothata jo ba neng ba na le jone ka kgang ya go rupa, mme gape e ne e le kaelo e ntšha e e tswang kwa setlhopheng se se laolang. Fa ‘banna bano ba ba tlhophilweng’ ba le teng, Bakeresete ba Bajuda ba kwa Jerusalema le Bakeresete ba Baditšhaba ba mo tshimong ba ne ba tla dirisana sentle. Ruri go romela banna bano e ne e le tshwetso e e botlhale le e e bontshang lorato! Ga go pelaelo gore e ne ya rotloetsa kagiso le kutlwano mo bathong ba Modimo.

13 Lekwalo leo le ne la naya Bakeresete ba Baditšhaba kaelo e e utlwalang sentle ka kgang ya go rupa le ka se ba tshwanetseng go se dira gore Jehofa a ba amogele le go ba segofatsa. Karolo ya botlhokwa ya lekwalo leno e ne e re: “Moya o o boitshepo o re thusitse go dira tshwetso ya gore re se ka ra lo okeletsa morwalo o mongwe ntle le dilo tseno tse di tlhokegang: tswelelang lo tila dilo tse di ntshediwang medingwana ditlhabelo, lo ithiba mo mading, lo tila go ja nama ya sepe fela se se bolailweng se sa tshololwa madi e bile lo tila boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. Fa lo tswelela lo tila dilo tseno, dilo di tla lo tsamaela sentle. Re lo eleletsa tse di molemo!”—Dit. 15:28, 29.

14. Batho ba ga Jehofa ba kgona jang go dirisana ka kutlwano mo lefatsheng la gompieno le le kgaoganeng?

14 Gompieno, Basupi ba ga Jehofa ba ba fetang 8 000 000 mo diphuthegong di feta 100 000 mo lefatsheng lotlhe, ba dirisana mmogo ba le seoposengwe e bile ba a utlwana mo dilong tse ba di dumelang. Ba kgona jang go dirisana jalo ka kutlwano, e re ka gompieno lefatshe le tletse dikhuduego le dikgaogano? Selo sa konokono se se dirang gore ba utlwane jalo ke ka gonne ba latela kaelo e e utlwalang sentle e Jesu Keresete, Tlhogo ya phuthego, a ba nayang yone a dirisa “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale,” e leng Setlhopha se se Laolang. (Math. 24:45-47) Gape kutlwano eo e nna gone ka gonne bakaulengwe mo lefatsheng lotlhe ba ikobela kaelo ya Setlhopha se se Laolang ka go rata.

‘Ba ne Ba Itumelela Mafoko a a Kgothatsang’ (Ditiro 15:30-35)

15, 16. Kgang ya go rupa e ne ya felela jang, mme ke eng se se thusitseng gore go nne le matswela a a molemo?

15 Pego ya Ditiro e re bolelela gore fa bakaulengwe ba ba neng ba tswa kwa Jerusalema ba goroga kwa Antioka, ba ne “ba phutha batho botlhe ba phuthego ya koo ba bo ba ba naya lekwalo.” Bakaulengwe bao ba ne ba itshwara jang fa ba utlwa kaelo e e tswang kwa setlhopheng se se laolang? “Fa ba sena go le bala, ba ne ba itumelela mafoko ao a a kgothatsang.” (Dit. 15:30, 31) Mo godimo ga moo, Judase le Silase ba ne “ba kgothatsa bakaulengwe ka dipuo di le dintsi ba bo ba ba nonotsha.” Seno se bontsha gore banna bano ba babedi e ne e le “baporofeti,” fela jaaka Barenabase, Paulo le ba bangwe ba ne ba bidiwa baporofeti—lereo le le kayang batho ba ba neng ba bolela kgotsa ba itsise thato ya Modimo.—Dit. 13:1; 15:32; Ekes. 7:1, 2.

16 Fa kgang eno e sena go rarabololwa go ne go bonala sentle gore Jehofa o ne a segofaditse thulaganyo eo yotlhe. Ke eng se se thusitseng gore go nne le matswela a a molemo? Ga go pelaelo gore e ne e le kaelo ya setlhopha se se laolang e e utlwalang sentle e bile e tlile ka nako e e tshwanetseng, e e tswang mo Lefokong la Modimo le e e neng e kaelwa ke moya o o boitshepo. Se sengwe gape se se neng sa thusa ke tsela e e lorato e diphuthego di neng tsa itsisiwe tshwetso eno ka yone.

17. Maikarabelo mangwe a balebedi ba potologo ba a dirang gompieno a tshwana jang le a a neng a dirwa mo lekgolong la ntlha la dingwaga?

17 Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa gompieno se latela sekao seo ka go naya bakaulengwe mo lefatsheng lotlhe kaelo ka nako e e tshwanetseng. Fa go dirilwe ditshwetso, diphuthego di bolelelwa ditshwetso tseo ka tlhamalalo e bile e le ka tsela e e utlwalang sentle. Tsela nngwe e seo se dirwang ka yone ke ka balebedi ba potologo. Bakaulengwe bano ba ba intshang setlhabelo ba etela diphuthego, ba di naya kaelo e e utlwalang sentle le kgothatso. Fela jaaka Paulo le Barenabase, ba dirisa nako e ntsi mo bodireding, “ba ruta e bile ba bolela dikgang tse di molemo tsa lefoko la ga Jehofa, ba na le ba bangwe ba bantsi.” (Dit. 15:35) Mme fela jaaka Judase le Silase, ba kgothatsa “bakaulengwe ka dipuo di le dintsi” e bile ba a ba nonotsha.

18. Ke eng fa batho ba Modimo ba ka tlhomamisega gore ba tla nna ba bona masego a a tswang kwa go Jehofa?

18 Go tweng ka diphuthego? Mo lefatsheng leno le le kgaoganeng, ke eng se se tla thusang gore diphuthego lefatshe ka bophara di tswelele di na le kagiso e bile di utlwana? O tla gakologelwa gore morutwa Jakobe ke ene moragonyana a neng a kwala jaana: “Motho yo o nang le botlhale jo bo tswang kwa godimo sa ntlha o itshekile, go tswa foo o na le kagiso, ga a gatelele gore dilo di dirwe ka tsela ya gagwe, o ikemiseditse go ikoba . . . Mo godimo ga moo, batho ba ba nnang ba dirisana le ba bangwe sentle, ba dira gore go nne le kagiso.” (Jak. 3:17, 18) Ga re itse gore a fa Jakobe a ne a bua mafoko ano o ne a akantse ka pokano ya kwa Jerusalema. Mme morago ga go sekaseka ditiragalo tse di kwadilweng mo go Ditiro kgaolo 15, re tlhomamisegile gore masego a a tswang kwa go Jehofa a nna gone fela fa go na le kutlwano le tirisanommogo mo phuthegong.

19, 20. (a) Ke eng se se neng se bontsha gore go ne go rena kagiso le kutlwano mo phuthegong ya Antioka? (b) Paulo le Barenabase jaanong ba ne ba kgona go dira eng?

19 Jaanong go ne go bonala sentle gore go rena kagiso le kutlwano mo phuthegong ya kwa Antioka. Go na le gore bakaulengwe ba mo Antioka ba ganetsane le bakaulengwe ba ba tswang Jerusalema, ba ne ba leboga go bo Judase le Silase ba ba etetse. Baebele ya re: “Fa ba sena go nna nakonyana koo, bakaulengwe ba ne ba ba tsamaisa ka kagiso gore ba boele kwa go ba ba neng ba ba romile” ke gore, kwa Jerusalema. d (Dit. 15:33) Re ka tlhomamisega gore bakaulengwe ba kwa Jerusalema le bone ba ne ba itumela fa ba sena go utlwa gore banna bano ba ne ba tsamaile jang. Ruri bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa ga Jehofa bo ne jwa ba thusa gore ba wetse kabelo ya bone!

20 Paulo le Barenabase, ba ba neng ba sala mo Antioka, jaanong ba ne ba kgona go tlhoma mogopolo thata mo go eteleleng pele mo tirong ya go rera, fela jaaka balebedi ba potologo ba dira gompieno fa ba etela diphuthego tse ba di tlhokometseng. (Dit. 13:2, 3) Ruri ke tshegofatso mo bathong ba ga Jehofa! Mme gone, Jehofa o ne a tswelela a dirisa jang bareri bano ba babedi ba ba tlhagafetseng le go ba segofatsa? Re tla bona seno mo kgaolong e e latelang.

Bakeresete ba motlha wa gompieno ba solegelwa molemo ke dithulaganyo tsa semoya tse di dirwang ke Setlhopha se se Laolang le baemedi ba sone

a Bona lebokose le le reng, “ Jakobe—‘Monnawe Morena’”.

b Jakobe o ne a umaka ka botlhale mekwalo ya ga Moshe, e e neng e sa akaretse fela Molao, mme gape e neng e akaretsa le pego ya kafa Modimo a neng a dirisana ka gone le batho le go ba ruta thato ya gagwe e e sa leng e le gone pele ga Molao. Ka sekai, tsela e Modimo a lebang madi ka yone, boaka le kobamelo ya medingwana, e tlhalosiwa sentle mo go Genesise. (Gen. 9:3, 4; 20:2-9; 35:2, 4) Ka jalo, Jehofa o ne a senola melaometheo e batho botlhe ba neng ba tshwanetse go tshela ka yone, e ka tswa e le Bajuda kgotsa Baditšhaba.

d Dithanolo dingwe tsa Baebele mo temaneng ya 34 di tsentse mafoko a a bontshang gore Silase o ne a tlhopha go sala kwa Antioka. (Baebele e e Boitshepo) Le fa go ntse jalo, go bonala mafoko ano e le a a ileng a itsenyediwa moragonyana.