Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng fa o Tshwanetse go Ithuta Baebele?

Ke Eng fa o Tshwanetse go Ithuta Baebele?

A o tlwaetse go bala Baebele? Buka eno e e sa tshwaneng le tse dingwe e anamisitswe go gaisa dibuka dipe fela tse di kileng tsa nna gone mo hisitoring. Batho ba ditso tsotlhe ba fitlhetse molaetsa wa yone e le o o gomotsang le o o nayang tsholofelo e bile kgakololo ya yone e le mosola mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi gompieno ga ba itse sepe ka Baebele. Gongwe o swegaswega pelo go itse gore e tshwere eng, o ka tswa o le modumedi kgotsa o se ene. Boroutšhara jono bo diretswe go go thusa go tlhaloganya se o tlhokang go se itse ka Baebele.

PELE o simolola go bala Baebele, go molemo go itse dintlha di le mmalwa tse di tlhalosang kafa buka eno e rulagantsweng ka gone. Baebele, e gape e bidiwang Dikwalo tse di Boitshepo, e na le dibuka kgotsa dikarolo di le 66, go simolola ka Genesise go fitlha ka Tshenolo kgotsa Apokalipisi.

Mokwadi wa Baebele ke mang? Ruri eno ke potso e e kgatlhang. Boammaaruri ke gore Baebele e kwadilwe ke banna ba ka nna 40 mo lobakeng lwa dingwaga di ka nna 1 600. Se se kgatlhang ke gore, banna bao ga ba a ka ba re ke bone bakwadi ba Baebele. Mongwe wa bone o ne a kwala jaana: “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo.” (2 Timotheo 3:16) Yo mongwe ene o ne a re: “Moya wa ga Jehofa ke one o neng wa bua ka nna, le lefoko la gagwe le ne le le mo lolemeng lwa me.” (2 Samuele 23:2) Ka jalo, bakwadi bano ba ne ba re Mmusi yo Mogolo wa lobopo lotlhe e bong Jehofa Modimo ke ene Mokwadi wa Baebele. Bakwadi bano ba Baebele ba re Modimo o batla gore batho ba mo itse.

Gape go na le sengwe sa botlhokwa se se ka thusang motho gore a tlhaloganye Baebele. Baebele yotlhe e na le setlhogo se le sengwe: go tlotlomadiwa ga tshwanelo ya Modimo ya go busa batho a dirisa Bogosi jwa gagwe jo bo kwa legodimong. Mo ditsebeng tse di latelang, o tla bona kafa setlhogo seno se tlhagang ka gone mo karolong nngwe le nngwe ya Baebele, go simolola ka Genesise go fitlha ka Tshenolo.

O ntse o akantse ka dintlha tseno tsotlhe, jaanong sekaseka molaetsa o o fitlhelwang mo bukeng e e itsegeng go di gaisa tsotlhe mo lefatsheng, Baebele.

^ ser. 9 Go na le ditsela tse di farologaneng tsa go bala malatsi. Mo boroutšhareng jono, C.E. e kaya “Motlha wa Rona” mme B.C.E. e kaya “Pele ga Motlha wa Rona.” O tla bona dikai tsa seno mo ditšhateng tse di tlhagelelang kwa tlase mo ditsebeng.