Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAROLO 1

Mmopi o Naya Batho Paradaise

Mmopi o Naya Batho Paradaise

Modimo o bopa lobopo mme o dira gore go nne le botshelo mo lefatsheng; o bopa monna le mosadi ba ba itekanetseng, o ba baya mo tshimong e ntle, mme o ba naya ditaelo tse ba tshwanetseng go di ikobela

“MO TSHIMOLOGONG Modimo o ne a bopa magodimo le lefatshe.” (Genesise 1:1) Mafoko ano a bidiwa mafoko a a simololang a a gaisang otlhe a a kileng a kwalwa. Baebele e dirisa mafoko ano a a motlhofo mme gone a le maatla, go re itsise Motho wa botlhokwa go gaisa botlhe mo Dikwalong tse di Boitshepo—Modimo mothatayotlhe, Jehofa. Temana eno ya ntlha ya Baebele e tlhalosa gore Modimo ke ene Mmopi wa lobopo lotlhe go akaretsa le polanete e re tshelang mo go yone. Ditemana tse di latelang di tlhalosa gore mo lobakeng lo loleele lwa nako lo lo bidiwang malatsi, Modimo o ne a re baakanyetsa lefatshe gore re kgone go tshela mo go lone, a bopa dilo tsotlhe tse dintle tse di mo lefatsheng la rona.

Sebopiwa sa botlhokwatlhokwa mo lefatsheng se Modimo a ileng a se bopa ke motho. Motho yono o ne a bopilwe mo setshwanong sa Modimo—a kgona go bontsha dinonofo tsa ga Jehofa tse di jaaka lorato le botlhale. Modimo o ne a bopa motho ka lorole lo lo tswang mo mmung. O ne a mmitsa Adame, mme a mmaya mo paradaiseng—tshimo ya Edene. Modimo o ne a lema tshimo eo, a e tlatsa ka ditlhare tse dintle e bile di ungwa maungo.

Modimo o ne a itse gore go tla nna molemo fa monna a ka nna le molekane. Ka jalo, o ne a dirisa nngwe ya dikgopo tsa ga Adame go mo direla mosadi mme a mo tlisa kwa go ene. Mosadi yoo o ile a bidiwa Efa. E re ka Adame a ne a itumetse thata, o ne a mmaka a re: “Kgabagare yono ke lerapo la marapo a me le nama ya nama ya me.” Modimo o ne a re: “Ke gone ka moo monna o tla tlogelang rraagwe le mmaagwe mme o tla ngaparela mosadi wa gagwe mme ba tla nna nama e le nngwe.”—Genesise 2:22-24; 3:20.

Modimo o ne a naya Adame le Efa ditaelo tse pedi. Ya ntlha, o ne a ba laela gore ba leme lefatshe le go le tlhokomela mme fa nako e ntse e ya, ba le tlatse ka bana. Ya bobedi, o ne a ba raya a re ba se ka ba ja leungo la setlhare sengwe mo go tse di neng di le gone mo tshimong, “setlhare sa kitso ya molemo le bosula.” (Genesise 2:17) Fa ba ka le ja, ba ne ba tla swa. Fa Modimo a naya monna yono le mosadi ditaelo tseno, o ne a ba naya tshono ya go bontsha gore ba mo amogela e le Mmusi wa bone. Gape go nna kutlo ga bone go ne go tla bontsha gore ba a mo rata e bile ba a mo anaanela. Ba ne ba na le mabaka a a utlwalang a go amogela bobusi jwa gagwe jo bo siameng. Batho bano ba ba itekanetseng ba ne ba se na bogole bope. Baebele e re bolelela jaana: “Modimo a bona sengwe le sengwe se a se dirileng mme, bona! se bo se le molemo tota.”—Genesise 1:31.

—E tswa mo go Genesise kgaolo 1 le 2.