Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAROLO 10

Solomone ke Kgosi e e Botlhale

Solomone ke Kgosi e e Botlhale

Jehofa o naya Kgosi Solomone pelo e e botlhale; ka nako ya puso ya ga Solomone, Baiseraele ba mo letlepung la kagiso mme ba nna le masego a magolo

BOTSHELO bo ne bo ka nna jang fa setšhaba sotlhe le mmusi wa sone ba ne ba ka ikobela Bolaodi jwa ga Jehofa ba bo ba utlwa melao ya Gagwe? Karabo ya seo e ne ya bonala mo dingwageng di le 40 tsa puso ya ga Kgosi Solomone.

Pele Dafide a swa, o ne a tlhoma morwawe Solomone gore e nne motlhatlhami wa gagwe. Modimo o ne a iponatsha mo go Solomone ka toro mme a mo laela gore a dire kopo. Solomone o ne a kopa botlhale le kitso ya go atlhola batho ka tolamo le ka botlhale. Jehofa o ne a itumedisiwa ke seo mme a naya Solomone botlhale le pelo e e tlhaloganyang. Gape Jehofa o ne a mo solofetsa dikhumo, kgalalelo le botshelo jo boleele fa fela a ka tswelela a mo ikobela.

Solomone o ne a tuma ka ntlha ya dikatlholo tsa gagwe tse di botlhale. Mo kgetsing nngwe, basadi ba le babedi ba ne ba ngangisana ka ngwana wa mosimane, ba bolela gore ke wa bone boobabedi. Solomone o ne a laela gore ngwana a kgaoganngwe sebedi mme mongwe le mongwe wa basadi bano a newe karolo ya gagwe. Mosadi wa ntlha o ne a dumela, mme mmaagwe ngwana o ne a kopa gore bogolo ngwana a newe mosadi wa ntlha. Jaanong Solomone o ne a lemoga sentle gore mosadi yo o pelotlhomogi ke ene mmaagwe ngwana mme ya nna ene a newang mosimanyana yoo. Go ise go ye kae ke fa Iseraele yotlhe e utlwa ka tshwetso eno ya boatlhodi, mme batho ba lemoga gore botlhale jwa Modimo bo ne bo le mo go Solomone.

Nngwe ya dilo tse dikgolo tse Solomone a neng a di fitlhelela e ne e le go aga tempele ya ga Jehofa—moago o o magasigasi mo Jerusalema o e neng e tla nna boremelelo jwa kobamelo mo Iseraele. Fa tempele e ne e kgakolwa, Solomone o ne a rapela a re: “Bona! Magodimo, ee, legodimo la magodimo, one a ka se go tshole; mme a bo ntlo eno e ke e agileng e le nnye jang ne!”—1 Dikgosi 8:27.

Batho ba dinaga tse dingwe ba ne ba utlwa ka ga Solomone, tota le dinaga tse di kgakala kwa Sheba, mo Arabia. Kgosigadi ya Sheba e ne ya tsaya loeto go ya go bona kgalalelo ya ga Solomone le dikhumo tsa gagwe le go bona gore o botlhale go le kana kang. Kgosigadi eno e ne ya kgatlhiwa thata ke botlhale jwa ga Solomone le tsela e Iseraele e neng e atlegile ka yone mo e neng ya galaletsa Jehofa gonne a tlhomile kgosi e e botlhale jaana mo setulong sa bogosi. Ruri Jehofa o ne a segofatsa puso ya ga Solomone, mme e ne ya nna e e atlegileng thata le e e nang le kagiso mo hisitoring ya Iseraele wa bogologolo.

Ka maswabi, Solomone o ne a palelwa ke go tswelela a dira dilo go dumalana le botlhale jwa ga Jehofa. O ne a itlhokomolosa taelo ya Modimo mme a nyala basadi ba le makgolokgolo, ba bontsi jwa bone ba neng ba obamela medimo e sele. Ka iketlo, basadi bao ba ne ba mo katosetsa kgakala le Jehofa mme ba dira gore a obamele medingwana. Jehofa o ne a bolelela Solomone gore karolo ya bogosi jwa gagwe e tla tsewa mo go ene. Modimo o ne a re go tla sala bontlhanngwe fela mo lelapeng la ga Solomone  ka ntlha ya tsholofetso e a neng a e dira le rraagwe e bong Dafide. Jehofa ga a ka a fetola kgolagano ya Bogosi e a neng a e dirile le Dafide le  fa Solomone a sa ka a mo  ikobela go ya bokhutlong.

—E tswa mo go 1 Dikgosi kgaolo 1 go ya go 11; 2 Ditiragalo kgaolo 1 go ya go 9; Duteronome 17:17.