Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAROLO 11

Dipina Tse di Tlhotlheleditsweng Tse di Gomotsang le Tse di Rutang

Dipina Tse di Tlhotlheleditsweng Tse di Gomotsang le Tse di Rutang

Dafide le bakwadi ba bangwe ba tlhama dipina gore di dirisiwe mo kobamelong. Di le 150 tsa tsone di fitlhelwa mo bukeng ya Dipesalema

BUKA e kgolo go di gaisa tsotlhe mo Baebeleng e na le dipina tse di boitshepo tse di farologaneng. Go tsere dingwaga di ka nna 1 000 go kwala buka eno yotlhe. Buka ya Dipesalema e na le mafoko mangwe a botlhokwa thata a a bontshang tumelo le a a amang pelo go gaisa otlhe a a kileng a kwalwa. E tlhalosa maikutlo a a farologaneng a batho, maikutlo a go ipela, a go galaletsa, a ditebogo, a kutlobotlhoko, a khutsafalo le a go ikwatlhaya. Go bonala sentle gore bakwadi ba dipesalema ba ne ba ikanya Modimo e bile ba atamalane thata le ene. A re sekaseke ditlhogo dingwe tsa dipina tseno.

Jehofa ke Molaodimogolo yo o siameng, yo o tshwanelwang ke go obamelwa le go bakwa. Re bala jaana mo go Pesalema 83:18: “Wena, yo leina la gago e leng Jehofa, wena o le esi o Mogodimodimo yo o okametseng lefatshe lotlhe.” Go na le dipesalema di le mmalwa tse di bakang Jehofa ka ntlha ya dilo tse a di bopileng, tse di jaaka magodimo a a tletseng dinaledi, dikgakgamatso tsa botshelo tse di mo lefatsheng le tsela e e gakgamatsang e mmele wa motho o bopilweng ka yone. (Pesalema 8, 19, 139, 148) Tse dingwe di galaletsa Jehofa di mo tlhalosa e le Modimo yo o tsayang kgato go boloka le go sireletsa ba ba ikanyegang mo go ene. (Pesalema 18, 97, 138) Mme tse dingwe tsone di a mo tlotlomatsa gonne e le Modimo wa tshiamiso, yo o gololang ba ba gateletsweng mme a otlhaya baikepi.—Pesalema 11, 68, 146.

Jehofa o thusa le go gomotsa ba ba mo ratang. Gongwe Pesalema 23 ke yone e e itsegeng thata, mme mo go yone Dafide o tlhalosa Jehofa e le Modisa yo o lorato, yo o kaelang, yo o sireletsang le yo o tlhokomelang dinku tsa gagwe. Pesalema 65:2 e gakolola baobamedi ba Modimo gore Jehofa ke “Moutlwi wa thapelo.” Batho ba le bantsi ba ba ileng ba dira maleo a a masisi ba fitlhetse gore Pesalema 39 le 51 di gomotsa fela thata. Mo dipesalemeng tseno, Dafide o tlhalosa kafa a ikwatlhayang ka gone ka ntlha ya maleo a a masisi a a a dirileng mme o bontsha gore o na le tumelo ya gore Jehofa o tla mo itshwarela. Pesalema 55:22 e re kgothaletsa gore re ikanye Jehofa le gore re latlhele mekgweleo yotlhe ya rona mo go ene.

Jehofa o tla fetola lefatshe a dirisa Bogosi jwa ga Mesia. Ditemana di le dintsi mo bukeng ya Dipesalema di bua ka Mesia, e leng Kgosi e e neng e boleletswe pele. Pesalema 2 e bolelela pele gore Mmusi yono o tla senya ditšhaba tse di boikepo tse di mo ganetsang. Pesalema 72 e tlhalosa gore Kgosi eno e tla fedisa tlala, tshiamololo le kgatelelo. Pesalema 46:9 ya re Modimo o tla dirisa Bogosi jwa ga Mesia go fedisa dintwa le go senya dibetsa tsotlhe tsa ntwa. Mo go Pesalema 37, re bala gore baikepi ba tla senngwa, fa batho ba ba siameng bone ba tla tshela ka bosakhutleng mo lefatsheng, ba itumelela kagiso le kutlwano e e tla bong e le teng mo lefatsheng lotlhe.

—E tswa mo bukeng ya Dipesalema.