Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAROLO 13

Dikgosi Tse di Molemo le Tse di Bosula

Dikgosi Tse di Molemo le Tse di Bosula

Iseraele e kgaogane. Fa nako e ntse e ya, go nna le dikgosi tse dintsi tse di busang Baiseraele, mme bontsi jwa tsone ga di ikanyege. Jerusalema e senngwa ke Bababelona

FELA jaaka Jehofa a ne a boleletse pele, Iseraele e ne ya kgaogana fa Solomone a sena go tlogela kobamelo e e itshekileng. Morwa Solomone yo o neng a mo tlhatlhama mo bogosing e bong Rehoboame, e ne e le mogateledi. Ka jalo, ditso di le lesome tsa Iseraele di ne tsa tsuologa mme tsa tlhoma bogosi jwa bokone jwa Iseraele. Ditso di le pedi di ne tsa nna di ikanyega mo losikeng lwa segosi lwa ga Dafide kwa Jerusalema, mme tsa tlhoma bogosi jwa borwa jwa Juda.

Magosi ao oomabedi a ne a aparetswe ke mathata, mme segolobogolo e le ka ntlha ya dikgosi tse di sa ikanyegeng le tse di seng kutlo. Bogosi jwa bokone jwa Iseraele bo ne bo na le mathata a mantsi go feta jwa Juda, gonne go tswa fela kwa tshimologong dikgosi tsa jone di ne di rotloetsa kobamelo ya maaka. Le fa baporofeti ba ba jaaka Elija le Elisha—ba tota ba ileng ba tsosa le baswi—ba ne ba dira ditiro tse di maatla, Iseraele e ne ya nna e ntse e boela mo tseleng ya yone e e bosula. Kgabagare Modimo o ne a letla gore Asiria e senye bogosi jwa kwa bokone.

Juda ga ya ka ya tshwana le Iseraele ka gonne yone e ne ya nna e ntse e le teng ka dingwaga di feta lekgolo, mme le yone Modimo o ne a e atlhola. Ke dikgosi di se kae fela tsa Bajuda tse di neng tsa sekegela tsebe tlhagiso ya baporofeti ba Modimo, mme tsa leka go rotloetsa setšhaba gore se boele kwa go Jehofa. Ka sekai, Kgosi Josia o ne a simolola go tlosa kobamelo ya maaka mo Juda mme a tsosolosa tempele ya ga Jehofa. Fa buka ya ntlhantlha ya Molao wa Modimo e a neng a e neile batho a dirisa Moshe e sena go bonwa, Josia o ne a amega pelo fela thata mme a nonotsha letsholo la gagwe la go tsosolosa kobamelo e e itshekileng.

Le fa go ntse jalo, ka maswabi dikgosi tse di neng tsa tlhatlhama Josia ga di a ka tsa latela sekao seo sa gagwe se se molemo. Ka jalo, Jehofa o ne a letla gore setšhaba sa Babelona se fenye Juda, mme se senye Jerusalema le tempele ya yone. Bafalodi ba ne ba isiwa botshwarwa kwa Babelona. Modimo o ne a bolelela pele gore ba ne ba tla nna kwa botshwarwa ka dingwaga di le 70. Juda e ne ya nna e kgakgabetse mo nakong eo yotlhe, go fitlha Baiseraele ba boela kwa nageng ya bone jaaka go ne go solofeditswe.

Le fa go ntse jalo, go ne go se kitla go nna le dikgosi dipe tsa losika lwa ga Dafide tse di tla busang go fitlha Mogolodi yo o solofeditsweng, e bong Mesia yo go boleletsweng pele ka ene, a busa. Bontsi jwa dikgosi tse di neng tsa busa kwa Jerusalema di bontshitse gore batho ba ba sa itekanelang ga ba tshwanelege go busa. Ke Mesia fela yo o neng a tla tshwanelega. Ka jalo Jehofa o ne a raya dikgosi tsa bofelo tsa losika lwa ga Dafide tse di neng tsa busa a re: “O tsholetse serwalo. . . . Ruri ga e kitla e nna sa ga ope go fitlhela go tla yo o nang le tshwanelo e e kafa molaong, mme ke tla mo se naya.”—Esekiele 21:26, 27.

—E tswa mo go 1 Dikgosi; 2 Dikgosi; 2 Ditiragalo kgaolo 10 go ya go 36; Jeremia 25:8-11.