Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAROLO 14

Modimo o Bua le Batho a Dirisa Baporofeti

Modimo o Bua le Batho a Dirisa Baporofeti

Baporofeti ba tlhomilwe ke Jehofa gore ba bolele melaetsa ya katlholo, e e amanang le kobamelo e e itshekileng le e e amanang le go tla ga Mesia yo o solofeditsweng

FA DIKGOSI tsa Iseraele le Juda di ntse di busa, go ne go na le setlhopha sengwe se se kgethegileng sa banna—baporofeti. Banna bano ba ne ba na le tumelo e e tlhomologileng e bile ba le pelokgale, ba bolela melaetsa ya botlhokwa e e tswang kwa Modimong. Sekaseka dikgang di le nnè tsa botlhokwa tse baporofeti ba Modimo ba neng ba bua ka tsone.

1. Go senngwa ga Jerusalema. Lobaka lo loleele pele ga seo se direga, baporofeti ba Modimo—Isaia le Jeremia—ba ne ba simolola go tlhagisa batho gore Jerusalema e ne e tla senngwa le go tlogelwa e le matlotla. Ba ne ba tlhalosa sentle gore ke eng fa Modimo a ne a galefetse batho ba motse oo. Baagi ba Jerusalema ba ne ba ipolela fa e le batho ba ga Jehofa mme ditiro tsa bone di ne di ba latola ka gonne ba ne ba tsene ka tlhogo mo kobamelong ya maaka, mo ditirong tsa boferefere le mo thubakanyong.—2 Dikgosi 21:10-15; Isaia 3:1-8, 16-26; Jeremia 2:1–3:13.

2. Go tsosolosiwa ga kobamelo e e itshekileng. Morago ga dingwaga di le 70 batho ba Modimo ba le kwa botshwarwa kwa Babelona, ba ne ba tla gololwa. Ba ne ba tla boela kwa nagagaeng ya bone e e swafetseng mme ba age sesha tempele ya ga Jehofa kwa Jerusalema. (Jeremia 46:27; Amose 9:13-15) Dingwaga di ka nna 200 pele seo se direga, Isaia o ne a bolelela pele leina la motho—Kurose—yo o neng a tla fenya Babelona mme a letle batho ba Modimo go tsosolosa kobamelo e e itshekileng. Isaia o ne a bo a tlhalosa ka botlalo dintlha tsa kafa Kurose a neng a tla tlhasela motse oo ka gone.—Isaia 44:24–45:3.

3. Go tla ga ga Mesia le dilo tse di neng di tla mo diragalela. Mesia o ne a tla tsholelwa kwa motseng wa Bethelehema. (Mika 5:2) O ne a tla ikokobetsa, a tsene mo Jerusalema a palame esele. (Sekarea 9:9) Le fa gone a le bonolo e bile a le pelonomi, ba le bantsi ba ne ba tla mo tlhoa, mme ba bangwe ba ne ba ka se mo amogele. (Isaia 42:1-3; 53:1, 3) O ne a tla swa loso lo lo setlhogo. A seno e ne e tla nna bokhutlo jwa gagwe? Nnyaa, ka gonne setlhabelo sa gagwe se ne se tla dira gore batho ba le bantsi ba itshwarelwe maleo. (Isaia 53:4, 5, 9-12) Seo se ne se ka kgonega fela fa a ne a ka tsosiwa mo baswing.

4. Puso ya ga Mesia e busa mo lefatsheng. Ke boammaaruri gore batho ba ba sa itekanelang ga ba kgone go ipusa ka kagiso, mme Kgosi ya Bomesia yone e tla bidiwa Kgosana ya Kagiso. (Isaia 9:6, 7; Jeremia 10:23) Mo pusong ya gagwe, batho botlhe mmogo le diphologolo ba ne ba tla tshedisana mmogo ka kagiso. (Isaia 11:3-7) Bolwetse bo ne bo tla fela. (Isaia 33:24) Tota le loso lo ne lo tla komediwa ka bosaengkae. (Isaia 25:8) Mo pusong ya ga Mesia, batho ba ba suleng ba ne ba tla tsosiwa gore ba tle go tshela gape mo lefatsheng.—Daniele 12:13.

E tswa mo bukeng ya Isaia, Jeremia, Daniele, Amose, Mika, le Sekarea.