Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAROLO 16

Mesia o a Goroga

Mesia o a Goroga

Jehofa o itsise gore Jesu wa Nasaretha ke ene Mesia yo o sa bolong go solofediwa

A JEHOFA o ne a tla thusa batho go lemoga Mesia yo o solofeditsweng? Ee. Akanya ka se Modimo a neng a se dira. Go ne go setse go fetile dingwaga di ka nna makgolo a le manè Dikwalo tsa Sehebera di weditswe. Mosadi mongwe yo mosha yo o bidiwang Marea yo o nnang mo motseng wa Nasaretha, o o mo kgaolong e e kwa bokone ya Galalea, o ne a etelwa ke mongwe yo a neng a sa mo lebelela. Moengele mongwe yo o bidiwang Gabariele o ne a mo etela mme a mo itsise gore Modimo o ne a tla dirisa moya wa gagwe o o boitshepo gore mosadi yono a ithwale mme a tshole ngwana wa mosimane, le fa e ne e sa ntse e le lekgarebane. Morwa yono o ne a tla nna Kgosi e e sa bolong go solofediwa, yone e e tla busang ka bosakhutleng! Ngwana yono e ne e tla nna Morwa Modimo, yo Modimo a neng a tla tlosa botshelo jwa gagwe kwa legodimong mme a bo tsenye mo sebopelong sa ga Marea.

Marea o ne a nna boikobo mme a amogela kabelo eno e e botlhokwatlhokwa. Monna yo a neng a mmeeleditse, mmetli mongwe yo o bidiwang Josefa, o ne a mo nyala fa Modimo a sena go romela moengele gore a mo tlhalosetse gore go tlile jang gore Marea a ithwale. Mme gone, a boporofeti jo bo neng bo boleletse pele gore Mesia o tla tsholelwa kwa Bethelehema bo ne jwa direga? (Mika 5:2) Motse oo o monnye o ne o le sekgala sa dikilometara di ka nna 140 go tswa kwa Nasaretha!

Mmusi mongwe wa Moroma o ne a ntsha taelo ya gore go balwe batho. Batho ba ne ba tshwanetse go ikwadisa kwa metseng e ba tsholetsweng kwa go yone. Go bonala Josefa le Marea ba ne ba tswa kwa Bethelehema boobabedi, ka jalo ba ne ba tshwanelwa ke go ya go ikwadisa teng. (Luke 2:3) Marea o ne a tsholela ngwana mo setaleng sa dipitse sa maemo a a kwa tlase, mme a mo robatsa mo bojelong jwa diruiwa. Go tswa foo, Modimo o ne a romela matshwititshwiti a baengele go ya go bolelela setlhopha sa badisa ba ba neng ba le kwa thabeng gore ngwana yo o sa tswang go tsholwa e ne e le Mesia yo o solofeditsweng, kgotsa Keresete.

Moragonyana, batho ba bangwe le bone ba ne ba tla tlhomamisa gore Jesu ke ene Mesia yo o solofeditsweng. Moporofeti Isaia o ne a boleletse pele gore monna mongwe o ne a tla tla, a tle go baakanya tsela gore Mesia a kgone go dira tiro ya gagwe e e botlhokwa. (Isaia 40:3) Motho yoo yo o neng a tla pele ga Mesia ke Johane Mokolobetsi. Fa a bona Jesu, o ne a buela kwa godimo a re: “Bonang, Kwana ya Modimo e e tlosang boleo jwa lefatshe!” Barutwa bangwe ba ga Johane ba ne ba sala Jesu morago ka yone nako eo. Mongwe wa bone o ne a re: “Re bone Mesia.”—Johane 1:29, 36, 41.

Go ne ga nna le bosupi jo bongwe gape. Fa Johane a ne a kolobetsa Jesu, Jehofa ka boene o ne a bua a le kwa legodimong. O ne a dirisa moya o o boitshepo go tlhoma Jesu gore e nne Mesia mme a re: “Yono ke Morwaake, moratwa, yo ke mo amogetseng.” (Mathaio 3:16, 17) Mesia yo o sa bolong go solofediwa o ne a gorogile!

Seno se ne sa direga leng? Ka ngwaga wa 29 C.E., fela fa dingwaga di le 483 tse Daniele a neng a boleletse pele ka tsone di sena go khutla. Ee, joo ke karolo ya bosupi jo bo tlhatswang pelo jwa gore Jesu ke ene Mesia, kgotsa Keresete. Mme gone, ke molaetsa ofe o a neng a tla o bolela fa a ntse a le mo lefatsheng?

—E tswa mo go Mathaio kgaolo 1 go ya go 3; Mareko kgaolo 1; Luke kgaolo 2; Johane kgaolo 1.