Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAROLO 17

Jesu o Ruta ka Bogosi Jwa Modimo

Jesu o Ruta ka Bogosi Jwa Modimo

Jesu o ruta barutwa ba gagwe dilo di le dintsi, mme o tlhomile mogopolo mo kgannyeng nngwe ya botlhokwa—Bogosi jwa Modimo

JESU o ne a tlile go dira eng mo lefatsheng? O ne a re: “Ke tshwanetse go bolela dikgang tse di molemo tsa bogosi jwa Modimo, ka gonne ke ne ka romelwa ka ntlha ya seno.” (Luke 4:43) Akanya ka dilo di le nnè tse Jesu a neng a di ruta ka Bogosi joo, jo e neng e le kgangkgolo ya thero ya gagwe.

1. Jesu e ne e le Kgosi e e tlhomilweng. Jesu o ne a bolela ka tlhamalalo gore ke ene Mesia yo o boleletsweng pele. (Johane 4:25, 26) Gape o ne a bontsha gore ke ene Kgosi e moporofeti Daniele a neng a e bona mo ponatshegelong. Jesu o ne a bolelela baaposetoloi ba gagwe gore letsatsi lengwe o ne a tla nna mo “setulong . . . sa bogosi se se galalelang” le gore le bone ba ne ba tla nna mo ditulong tsa bogosi. (Mathaio 19:28) O ne a bitsa setlhopha seno sa babusi a re ke “letsomanyane,” gape o ne a bolela gore o na le “dinku tse dingwe,” tse e neng e se karolo ya setlhopha seo sa babusi.—Luke 12:32; Johane 10:16.

2. Bogosi jwa Modimo bo ne bo tla rotloetsa tshiamiso ya mmatota. Jesu o ne a re Bogosi bo ne bo tla fedisa tshiamololo yotlhe mme bo itshepise leina la ga Jehofa Modimo, kana bo le dire boitshepo, le go tlosa kgobo yotlhe e Satane a neng a e pega Modimo go tloga ka nako ya botsuolodi jwa kwa Edene. (Mathaio 6:9, 10) Gape letsatsi le letsatsi Jesu o ne a bontsha gore ga a na tlhaolele ka gonne o ne a ruta banna le basadi, bahumi le bahumanegi, a sa ba tlhaole. Le fa tiro ya gagwe e kgolo e ne e le go ruta Baiseraele, gape o ne a thusa Basamarea le Baditšhaba, kgotsa batho ba e neng e se Bajuda. Jesu o ne a sa tshwane le baeteledipele ba bodumedi ba motlha wa gagwe ka gonne ene o ne a sa gobelele e bile a sa tlhaole batho.

3. Bogosi jwa Modimo bo ne bo se kitla bo nna karolo ya lefatshe leno. Jesu o ne a tshela ka nako ya fa go ne go na le dikhuduego tse dikgolo tsa dipolotiki mo lefatsheng. Motse wa gaabo o ne o laolwa ke puso ya naga e sele. Le fa go ntse jalo, fa batho ba ne ba leka go mo tsenya mo dipolotiking tsa motlha oo, o ne a tshaba. (Johane 6:14, 15) O ne a raya radipolotiki mongwe a re: “Bogosi jwa me ga se karolo ya lefatshe leno.” (Johane 18:36) Mme balatedi ba gagwe bone o ne a ba raya a re: “Ga lo karolo ya lefatshe.” (Johane 15:19) O ne a se kitla a ba letla go dirisa dibetsa tsa ntwa, tota le fa ba ne ba batla go mo femela.—Mathaio 26:51, 52.

“A simolola . . . go tswa motsaneng go ya motsaneng, a rera e bile a bolela dikgang tse di molemo tsa bogosi jwa Modimo.”Luke 8:1

4. Keresete o ne a tla busa ka tsela e e lorato. Jesu o ne a solofetsa batho gore o tla ba lapolosa, a ba imolole merwalo ya bone. (Mathaio 11:28-30) O ne a dira fela jalo. O ne a ba naya kgakololo e e lorato le e e molemo e e ka ba thusang go lebana le ditlhobaelo, go tokafatsa tsela e ba dirisanang le ba bangwe ka yone, go fenya bothata jwa go rata dikhumo le tsela ya go bona boitumelo. (Mathaio, kgaolo 5-7) Batho ba mefuta yotlhe ba ne ba kgona go mo atamela ka gonne e ne e le motho yo o lorato. Tota le batho botlhe ba ba neng ba gateletswe ba ne ba ya kwa go ene, ba tlhomamisegile gore o tla ba tshwara ka bopelonomi le ka seriti. Ruri Jesu o ne a tla nna Mmusi yo o molemo tota!

Go na le tsela e nngwe gape e Jesu a neng a e dirisa go ruta ka Bogosi jwa Modimo. O ne a dira dikgakgamatso di le dintsi. Ke eng fa a ne a dira jalo? Mma re boneng.

—E tswa mo bukeng ya Mathaio, Mareko, Luke, le Johane.