Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAROLO 18

Jesu o Dira Dikgakgamatso

Jesu o Dira Dikgakgamatso

Dikgakgamatso tse Jesu a di dirang di bontsha gore o tla dirisa maatla a gagwe jang fa a busa

MODIMO o ne a naya Jesu maatla a go dira dilo tse batho ba bangwe ba neng ba sa kgone go di dira. Jesu o ne a dira dikgakgamatso di le dintsi—gantsi a bonwa ke boidiidi jwa batho. Dikgakgamatso tseo di ne di bontsha gore Jesu o na le maatla a go fenya baba le dikgoreletsi tse batho ba ba sa itekanelang ba sa kgoneng go di fenya. Akanya ka dikai tseno.

Jesu o ne a naya batho dijo le dino. Kgakgamatso ya ntlha e Jesu a neng a e dira ke go fetola metsi go nna beine e e monate. Mo makgetlong a mangwe a mabedi, o ne a fepa boidiidi jwa batho ba le diketekete ka dinkgwe le ditlhapi di le mmalwanyana fela. Mo makgetlong oomabedi, go ne go na le dijo tse dintsi mo batho ba neng ba di ja tsa bo tsa sala.

A fodisa ba ba lwalang. Jesu o ne a fodisa batho ba ba nang le “bolwetse jwa mofuta mongwe le mongwe le bokoa jwa mofuta mongwe le mongwe.” (Mathaio 4:23) O ne a fodisa difofu, bosusu, balepero le batho ba ba nang le bolwetse jwa seebana, ditlhotsa le digole. Ga go na bolwetse bope jo bo neng bo mo palela.

A laola maemo a a kotsi a bosa. Fa Jesu le barutwa ba gagwe ba ne ba tsamaya ka sekepe go ralala Lewatle la Galalea, ka tshoganetso fela go ne ga tsoga phefo e e bogale ya matsubutsubu. Barutwa ba ne ba tshogile. Jesu o ne a leba phefo eo a bo a re: “Kgaotsa! Didimala!” Mme go ne ga nna le tshisibalo e kgolo. (Mareko 4:37-39) Mo lekgetlong lengwe, o ne a tsamaya mo godimo ga metsi fa go ne go na le sefefo se se tshosang.—Mathaio 14:24-33.

A leleka meya e e boikepo. Meya e e boikepo e maatla go feta batho. Batho ba le bantsi ga ba ise ba kgone go ikgolola mo babeng bano ba ba setlhogo ba Modimo. Le fa go ntse jalo, gantsi fa Jesu a laela meya eo gore e tswe mo bathong, e ne ya se ka ya tlhola e ba laola. O ne a sa e tshabe. Go na le moo, e ne e itse maatla a gagwe e bile e mo tshaba.

A tsosa baswi. Go a utlwala go bo loso lo bidiwa “mmaba wa bofelo” ka gonne ke mmaba yo go seng motho ope yo o ka mo fenyang. (1 Bakorintha 15:26) Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a tsosa baswi, bangwe ba bone ke lekawana lengwe le mmaalone e neng e le motlholagadi, le mosetsanyana mongwe yo batsadi ba gagwe ba neng ba hutsafaletse go swa ga gagwe fela thata. Mo lekgetlong lengwe, Jesu o ne a tsosa tsala ya gagwe e e rategang e bong Lasaro fa pele ga boidiidi jwa batho ba ba neng ba utlwile botlhoko, le fa gone monna yono a ne a na le malatsi a ka nna manè a sule! Tota le baba ba ga Jesu ba ba neng ba ikemiseditse go mmolaya ba ne ba dumela gore o dirile kgakgamatso eno.—Johane 11:38-48; 12:9-11.

Ke eng fa Jesu a ne a dira dikgakgamatso tseo tsotlhe? Kana gone, batho botlhe ba a neng a ba tsositse ba ne ba swa gape. Le fa go ntse jalo, dikgakgamatso tse Jesu a neng a di dira di ne tsa nna le molemo o o nnelang ruri. Di ne tsa bontsha gore boporofeti jotlhe jo bo kgatlhang jo bo kaga puso ya Kgosi ya Bomesia bo nepile. Ga re tlhoke go belaela gore Kgosi ya Modimo e e tlhomilweng e ka kgona go fedisa tlala, bolwetse, maemo a a kotsi a bosa, meya e e boikepo, kgotsa loso ka bolone. O setse a bontshitse gore Modimo o mo neile maatla a go dira dilo tseno tsotlhe.

E tswa mo bukeng ya Mathaio, Mareko, Luke, le Johane.