Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAROLO 19

Jesu o Bolelela Pele ka Ditiragalo Tse Dikgolo Tse di Tlang

Jesu o Bolelela Pele ka Ditiragalo Tse Dikgolo Tse di Tlang

Jesu o tlhalosa dilo tse di tla bontshang gore o setse a busa le gore tsamaiso eno ya dilo e a fela

JESU le baaposetoloi ba gagwe ba mo Thabeng ya Lotlhware mo ba kgonang go bona sentle motse wa Jerusalema le tempele ya yone e e kwa tlase, mme ba le banè ba bone ba mmotsa kwa thoko ka dingwe tsa dilo tse a kileng a di bua. Jesu o ne a sa tswa go bolela gore tempele e e kwa Jerusalema e tla senngwa. Mme pelenyana ga moo, o ne a ba boleletse ka ‘bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo.’ (Mathaio 13:40, 49) Jaanong baaposetoloi ba ne ba mmotsa: “Sesupo e tla nna eng sa go nna gone ga gago le sa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo?”—Mathaio 24:3.

Fa Jesu a ba araba, o ne a ba bolelela ka se se neng se tla direga pele Jerusalema e senngwa. Mme mafoko a gagwe a ne a akaretsa ditiragalo tse dingwe tse dikgolo. Boporofeti jwa gagwe bo ne bo tla diragadiwa ka selekanyo se segolwane moragonyana mo lefatsheng lotlhe. Jesu o ne a bolelela pele ka ditiragalo tse di farologaneng le ka maemo a lefatshe, a a neng a tla bontsha sesupo seo. Sesupo seo se ne se tla bontsha batho ba mo lefatsheng gore Jesu o setse a simolotse go busa e le Kgosi kwa legodimong. Seno se kaya gore sesupo seo se ne se tla bontsha gore Jehofa Modimo o dirile Jesu Kgosi ya Bogosi jwa ga Mesia jo bo sa bolong go solofediwa. Sesupo seo se ne se tla raya gore Bogosi bo tloga bo fedisa boikepo jotlhe le go leretse batho kagiso ya mmatota. Ka jalo, dilo tse Jesu a neng a di boleletse pele di ne di tla tshwaya malatsi a bofelo a tsamaiso ya bogologolo ya dilo—ya bodumedi, ya dipolotiki le ya loago ya gone jaanong—le go simologa ga tsamaiso e ntšha.

Fa Jesu a tlhalosa se se neng se tla diragala mo lefatsheng ka nako ya fa a busa e le Kgosi kwa legodimong, o ne a re go tla nna le dintwa tsa ditšhaba, ditlhaelo tsa dijo, dithoromo tse dikgolo tsa lefatshe le bolwetse jwa leroborobo. Go tlhoka molao go ne go tla ntsifala. Barutwa ba ga Jesu ba mmatota ba ne ba tla rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo mo lefatsheng lotlhe. Dilo tseno tsotlhe di ne di tla lebisa kwa ‘pitlaganong e kgolo’ e e iseng e ko e nne gone.—Mathaio 24:21.

Balatedi ba ga Jesu ba ne ba tla itse jang gore pitlagano eo e gaufi? Jesu o ne a re: “Ithuteng . . . ka setlhare sa mofeige.” (Mathaio 24:32) Tsela e matlhare a mofeige a lebegang ka yone mo dikaleng e bontsha gore selemo se atametse. Ka tsela e e tshwanang, fa dilo tsotlhe tse Jesu a porofetileng ka tsone di diragala ka nako e le nngwe, seo e ne e tla bo e le sesupo se se bonalang sentle sa gore bofelo bo atametse. Ga go ope fa e se Rara yo o neng a tla itse letsatsi le ura e pitlagano e kgolo e tla simololang ka yone. Ka jalo, Jesu o ne a rotloetsa barutwa ba gagwe a re: “Nnang lo tsogile, gonne ga lo itse gore nako e e tlhomilweng e leng.”—Mareko 13:33.

—E tswa mo go Mathaio kgaolo 24 le 25; Mareko kgaolo 13; Luke kgaolo 21.

^ ser. 14 Go bona dintlha tse di oketsegileng ka boporofeti jwa ga Jesu, bona kgaolo 9 mo bukeng ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.