Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAROLO 21

Jesu o a Tshela!

Jesu o a Tshela!

Jesu o iponatsha mo balateding ba gagwe gore a ba rute le go ba kgothatsa

MO LETSATSING la boraro Jesu a sena go swa, basadi bangwe ba e neng e le barutwa ba gagwe ba ne ba lemoga gore leje le le neng le thibile lebitla le tlositswe. Mme lebitla le ne le le lolea!

Go ne ga bonala baengele ba le babedi. Yo mongwe o ne a re: “Lo batla Jesu Monasaretha. . . . O tsositswe.” (Mareko 16:6) Fela fa a sena go bua jalo, basadi bano ba ne ba taboga mme ba ya go bolelela baaposetoloi. Fa ba le mo tseleng, ba ne ba kopana le Jesu. O ne a ba raya a re: “Se boifeng! Tsamayang, begelang bomorwarre, gore ba tle ba tswe ba ye kwa Galalea; mme ba tla mpona gone.”—Mathaio 28:10.

Moragonyana mo go lone letsatsi leo, barutwa ba le babedi ba ne ba tsere mosepele go tswa kwa Jerusalema ba ya kwa motseng wa Emao. Motho mongwe yo ba sa mo itseng o ne a tsamaya le bone mme a ba botsa gore ba ne ba bua ka eng. Motho yono e ne e le Jesu yo o tsositsweng mo baswing, mme ga ba a ka ba mo lemoga ka yone nako eo. Ba ne ba mo tlhalosetsa ba tlhontse difatlhego gore ba ntse ba bua ka Jesu. Motho yono yo ba neng ba sa mo itse o ne a simolola go ba tlhalosetsa dilo tse di kaga Mesia tse di mo Dikwalong tsotlhe. Eleruri Jesu o ne a diragaditse boporofeti jotlhe jo bo kaga Mesia. * Fa barutwa ba lemoga gore motho yono yo ba sa mo itseng ke Jesu yo o tsositsweng ka mmele wa semoya, o ne a nyelela.

Ka yone nako eo, barutwa ba babedi bano ba ne ba boela kwa Jerusalema. Fa ba goroga koo, ba ne ba fitlhela baaposetoloi ba phuthegile mmogo mme ba itotleletse mo phaposing. Fa barutwa bano ba babedi ba ntse ba tlotla ka dilo tse di ba diragaletseng, Jesu o ne a bonala mo go bone. Barutwa ba gagwe ba ne ba gakgametse e bile ba sa dumele se ba se bonang! Jesu o ne a ba botsa a re: “Ke ka ntlha yang fa go tsoga dipelaelo mo dipelong tsa lona? Go kwadilwe gore Keresete o ne a tla boga a ba a tsoga mo baswing mo letsatsing la boraro.”—Luke 24:38, 46.

Fa Jesu a sena go tsosiwa mo baswing, o ne a fetsa malatsi a le 40 a ntse a bonala mo barutweng ba gagwe ka makgetlo a a farologaneng. Mo lekgetlong lengwe, o ne a bonala mo go ba ba fetang 500! Go ka direga gore ke mo lekgetlong leno mo a neng a ba naya kabelo eno e e boima: “Tsamayang mme lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa, . . . lo ba rute go boloka dilo tsotlhe tse ke di lo laetseng. Mme, bonang! ke na le lona malatsi otlhe go fitlha bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo.”—Mathaio 28:19, 20.

Fa Jesu a ne a kopane lekgetlo la bofelo le baaposetoloi ba gagwe ba le 11 ba ba ikanyegang, o ne a ba solofetsa jaana: “Lo tla amogela maatla fa moya o o boitshepo o goroga mo go lona, mme lo tla nna basupi ba me . . . go ya karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.” (Ditiro 1:8) Go tswa foo, Jesu o ne a tsholelediwa kwa godimo, mme leru la dira gore ba se tlhole ba mmona fa a ntse a tlhatlogela kwa legodimong.

—E tswa mo go Mathaio kgaolo 28; Mareko kgaolo 16; Luke kgaolo 24; Johane kgaolo 20 le 21; 1 Bakorintha 15:5, 6.

^ ser. 6 Go bona dikai tsa boporofeti jo bo kaga Mesia jo Jesu a neng a bo diragatsa, bona Karolo 14, Karolo 15, le Karolo 16 ya boroutšhara jono, mmogo le setlhogo sa dintlha tse di oketsegileng se se reng “Jesu Keresete—Mesia yo o Solofeditsweng” mo bukeng ya Totatota Baebele e Ruta Eng?