Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Molaetsa wa Baebele—Tshobokanyo

Molaetsa wa Baebele—Tshobokanyo
  1. Jehofa o bopa Adame le Efa a batla gore ba tshelele ruri mo Paradaiseng. Satane o senya Modimo leina mme o belaela tshwanelo ya Gagwe ya go busa. Adame le Efa mmogo le Satane ba a tsuologa, mme ka ntlha ya seo bone le bana ba bone ba nna le boleo mme ba a swa

  2. Jehofa o atlhola ditsuolodi mme o solofetsa gore Mogolodi, kgotsa Losika, o tla tla mme a fedise Satane, a bo a dirolola dilo tsotlhe tse di nnileng teng ka ntlha ya botsuolodi le boleo

  3. Jehofa o solofetsa Aborahame le Dafide gore e tla nna borremogologolwane ba Losika, kgotsa Mesia, yo o tla busang e le Kgosi ka bosakhutleng

  4. Jehofa o tlhotlheletsa baporofeti gore ba bolelele pele gore Mesia o tla fedisa boleo le loso. O tla busa e le Kgosi ya Bogosi jwa Modimo mmogo le babusikaene, mme Bogosi joo bo tla fedisa dintwa, malwetse le loso

  5. Jehofa o romela Morwawe mo lefatsheng mme o bolela gore Jesu ke ene Mesia. Jesu o rera ka Bogosi jwa Modimo mme o ntsha botshelo jwa gagwe gore e nne setlhabelo. Mme morago ga moo, Jehofa o mo tsosa mo baswing e le sebopiwa sa semoya

  6. Jehofa o tlhoma Morwawe go nna Kgosi kwa legodimong, mme seo se tshwaya go simologa ga metlha ya bofelo ya tsamaiso eno ya dilo. Jesu o kaela balatedi ba gagwe ba mo lefatsheng fa ba ntse ba rera ka Bogosi jwa Modimo mo lefatsheng lotlhe

  7. Jehofa o laela Morwawe gore a tlise Bogosi mo lefatsheng. Bogosi bo thubaganya dipuso tsotlhe tse di sa siamang, bo tlhoma Paradaise, mme bo dira gore batho ba ba ikanyegang ba itekanele. Tshwanelo ya ga Jehofa ya go busa e a tlotlomadiwa, mme leina la gagwe le itshepisiwa ka bosakhutleng