Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O Dumela Eng?

O Dumela Eng?

Batho ba le bantsi ba ba dumelang gore dilo tse di mo Baebeleng di tshwanetse go tlhaloganngwa fela jaaka di ntse ba re lefatshe le dilo tsotlhe tse di mo go lone di ne tsa bopiwa mo malatsing a le marataro a diura di le 24, dingwaga di le dikete di le mmalwa fela tse di fetileng. Batho bangwe ba ba sa dumeleng mo Modimong ba ka go tlhotlheletsa go dumela gore ga go na Modimo, gore Baebele ke buka ya ditlhamane le gore go itiragaletse fela gore dilo tsotlhe tse di tshelang di nne gone di sa bopiwe ke ope.

Batho ba le bantsi ba na le dikgopolo tse di batlang di tshwana le dikgopolo tseno tse pedi tse di ganetsanang. Kgang fela ya go bo o bala boroutšhara jono e ka tswa e bontsha gore le wena o mongwe wa bone. O ka tswa o dumela mo Modimong e bile o tlotla Baebele. Mme gape o ka tswa o dumela dikgopolo tsa baitsesaense ba ba rutegileng thata le ba ba nang le tlhotlheletso e kgolo mo bathong mme ba sa dumele gore dilo tsotlhe tse di tshelang di bopilwe. Fa o le motsadi, o ka tswa o ipotsa gore o tla araba bana ba gago o reng fa ba go botsa ka thuto ya gore ditshedi di ile tsa iphetogela ka botsone go nna tse dingwe le fa ba go botsa ka popo.

Boikaelelo jwa boroutšhara jono ke bofe?

Boikaelelo jwa boroutšhara jono ga se go kgala dikgopolo tsa batho ba ba dumelang gore dilo tse di mo Baebeleng di tshwanetse go tlhaloganngwa fela jaaka di ntse kgotsa tsa batho ba ba sa dumeleng mo Modimong. Go na le moo, re solofela gore boroutšhara jono bo tla go thusa gore o sekaseke gape mabaka a go bo o dumela dilo dingwe. Bo tla go tlhalosetsa pego ya Baebele e e buang ka popo mme bo e tlhalosa ka tsela e o ka tswang o ise o tsamaye o akanye ka yone mo nakong e e fetileng. Gape bo tla gatelela lebaka la go bo go le botlhokwa gore o dumela eng malebana le kafa botshelo bo simologileng ka gone.

A o tla ikanya dilo tse di buiwang ke batho ba ba reng ga go na Mmopi yo o botlhale e bile ba re Baebele ga e boammaaruri? A kgotsa o tla sekaseka se tota Baebele e se buang? Ke dithuto dife tse o bonang go le botlhokwa go di ikanya le go di dumela: a ke tse di mo Baebeleng kgotsa ke tse di buiwang ke batho ba ba rutang gore ditshedi di iphetogetse ka botsone go nna tse dingwe? (Bahebera 11:1) Ke eng o sa sekaseke mabaka?