Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A go Botlhokwa Gore o Dumela Eng?

A go Botlhokwa Gore o Dumela Eng?

A o akanya gore go na le lebaka la go bo botshelo bo le gone? William B. Provine yo o dumelang mo thutong ya gore ditshedi di iphetogela ka botsone go nna tse dingwe a re: “Se re ithutileng sone ka kgang ya gore ditshedi di iphetogela ka botsone go nna tse dingwe se re ama fela thata, se ama tsela e re lebang botshelo ka yone.” O konela ka goreng? A re: “Ga ke bone lebaka lepe le le utlwalang la go bo go na le batho le lobopo.”32

Ela tlhoko bokao jwa mafoko ano. Fa botshelo bo ka bo bo se na bokao, o ka bo o sa tshelele sepe fa e se fela gore o leke go dira se se siameng mme go tswa foo gongwe o fetisetse mekgwa ya gago mo kokomaneng e e latelang. Fa o swa, go ne go tla bo go fedile ka wena. Boboko jwa gago le bokgoni jwa jone jwa go akanya, go baya mabaka le go tlhatlhanya ka bokao jwa botshelo e ne e tla bo e le dilo tse di itiragaletseng fela ka phoso.

Ga go felele foo. Batho ba le bantsi ba ba dumelang gore ditshedi di iphetogela ka botsone go nna tse dingwe ba re ga go na Modimo kgotsa gore a ka se tseye kgato mo dilong tse di diragalelang batho. Seo se ne se tla raya gore isagwe ya rona e tla bo e le mo diatleng tsa batho ba ba eteletseng pele mo dipolotiking, mo go tsa thuto le mo bodumeding. Fa re leba se batho bano ba setseng ba se dirile, go bonala tlhakatlhakano, dintwa le boferefere tse di leng teng gone jaanong di ne di tla tswelela di le gone. Fa e ka bo e le gore tota thuto ya gore ditshedi di iphetogela ka botsone go nna tse dingwe e boammaaruri, go ne go tla bo go na le mabaka a a utlwalang a gore batho ba tshele ka kgopolo eno ya go itlhoboga: “A re jeng re nweng, gonne ka moso re tlile go swa.”—1 Bakorintha 15:32.

Baebele yone e ruta gore: “[Modimo] o na le motswedi wa botshelo.” (Pesalema 36:9) Mafoko ano a na le bokao jwa botlhokwa thata.

Fa e le gore se Baebele e se rutang se boammaaruri, botshelo bo na le bokao. Mmopi wa rona o na le boikaelelo jo bo molemo jo bo amang batho botlhe ba ba tlhophang go tshela go ya ka thato ya gagwe. (Moreri 12:13) Boikaelelo joo bo akaretsa tsholofetso ya go tshela mo lefatsheng le le se nang tlhakatlhakano, dintwa le boferefere—tota le e leng loso.—Pesalema 37:10, 11; Isaia 25:6-8.

Ke gone ka moo batho ba le bantsintsi mo lefatsheng lotlhe ba dumelang gore ga go sepe se se ka dirang gore botshelo jwa motho bo nne le bokao go feta go ithuta ka Modimo le go mo ikobela! (Johane 17:3) Go dumela seo ga se go ijesa dijo tsa ditoro fela. Bosupi bo mo pepeneneng—botshelo ke tiro ya Mmopi.