Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Matseno

Matseno

A go na le mongwe yo o dirileng gore botshelo bo nne gone kgotsa a motho o nnile gone ka ntlha ya ditiragalo tse di itiragaletseng fela di sa kaelwe ke ope? Potso eno e tsositse dikganetsano tse di seng kana ka sepe. Le fa go ntse jalo, karabo ya potso eno e botlhokwa fela thata. Boroutšhara jono bo araba dipotso tse di jaaka:

  • A polanete ya rona e ne e diretswe gore go tshelwe mo go yone?

  • Re ka ithuta eng mo dilong tse re di bonang mo popong?

  • A thuto ya gore ditshedi di iphetogela ka botsone go nna tse dingwe e theilwe fela mo dintlheng tsa boammaaruri?

  • A saense e ganetsa pego ya Baebele e e buang ka popo?

  • Ke eng fa go le botlhokwa gore o dumela eng?