Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAROLO 2

Modimo wa Boammaaruri ke Mang?

Modimo wa Boammaaruri ke Mang?

Go na le Modimo a le nosi fela wa boammaaruri, mme leina la gagwe ke Jehofa. (Pesalema 83:18) Ke Moya; ga re ka ke ra kgona go mmona. O a re rata mme o batla gore le rona re mo rate. Gape o batla gore re rate le batho ba bangwe. (Mathaio 22:35-40) Ke ene Mogodimodimo, Mmopi wa dilo tsotlhe.

Sebopiwa sa ntlha se Modimo a neng a se bopa e ne e le motho yo o maatla wa semoya yo moragonyana a neng a itsege e le Jesu Keresete. Jehofa o ne a bopa le baengele.

Jehofa o bopile dilo tsotlhe kwa legodimong . . . le mo lefatsheng. Tshenolo 4:11

Jehofa Modimo o bopile dinaledi, lefatshe le dilo tsotlhe tse di mo go lone.—Genesise 1:1.

O ne a bopa motho wa ntlha e bong Adame ka lorole lwa mmu.—Genesise 2:7.