Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAROLO 6

Morwalela o Mogolo o re Ruta Eng?

Morwalela o Mogolo o re Ruta Eng?

Modimo o ne a senya batho ba ba bosula mme a boloka Noa le ba lelapa la gagwe. Genesise 7:11, 12, 23

Pula e ne ya tshologa ka malatsi a le 40 le masigo a le 40, mme metsi a khurumetsa lefatshe lotlhe. Batho botlhe ba ba bosula ba ne ba swa.

Baengele ba batsuolodi ba ne ba fetola mebele ya bone ya nama mme ba nna badimona.

Batho ba ba neng ba le mo teng ga araka ba ne ba falola. Le fa kgabagare Noa le ba lelapa la gagwe ba ile ba swa, Modimo o tla ba tsosa gore ba tshele gape ka bosakhutleng.

Modimo o sa ntse a tlile go nyeletsa badirabosula le go boloka basiami. Mathaio 24:37-39

Satane le badimona ba gagwe ba ntse ba tsweletse ka go timetsa batho.

Gompieno, fela jaaka mo motlheng wa ga Noa, batho ba le bantsi ba gana kaelo e e lorato ya ga Jehofa. Go ise go ye kae, Jehofa o tla nyeletsa batho botlhe ba ba bosula.—2 Petere 2:5, 6.

Batho bangwe ba tshwana le Noa. Ba reetsa Modimo mme ba dira se a ba laelang sone; ke Basupi ba ga Jehofa.