Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAROLO 9

Paradaise e Tla Tla Leng?

Paradaise e Tla Tla Leng?

Mathata a a leng teng mo lefatsheng a bontsha gore Bogosi jwa Modimo bo tla tloga bo tsaya kgato. Luke 21:10, 11; 2 Timotheo 3:1-5

Baebele e ne ya bolelelapele ka dilo di le dintsi tse di diregang gompieno. E ne ya re batho e tla nna barati ba madi, ba ba sa utlweng batsadi, ba ba bogale le barati ba menate.

Go tla nna le dithoromo tsa lefatshe tse dikgolo, dintwa, ditlhaelo tsa dijo le go anama ga malwetse. Dilo tseo di a direga gone jaanong.

Gape Jesu o ile a re dikgang tse di molemo tse di kaga Bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe.—Mathaio 24:14.

Bogosi bo tla tlosa dilo tsotlhe tse di bosula. 2 Petere 3:13

Go ise go ye kae, Jehofa o tla senya batho botlhe ba ba bosula.

Satane le badimona ba gagwe ba tla otlhaiwa.

Ba ba utlwang Modimo ba tla falolela mo lefatsheng le le siameng le lesha, le go tla bong go sa tlhole go na le poifo mo go lone, lefatshe le batho ba ba nnang mo go lone ba tshepanang le go ratana.