KAROLO 10
Ba ba Utlwang Modimo ba Letetswe ke Masego Afe?
Bontsi jwa batho ba ba suleng ba tla tsosiwa mo baswing gore ba tshele gape mo lefatsheng. Ditiro 24:15
Akanya fela ka masego a o tla ipelelang one mo isagweng fa o ka utlwa Jehofa! O tla bo o itekanetse sentle mo mmeleng; go tla bo go se na motho yo o lwalang kgotsa yo o bokoa. Go tla bo go se na batho ba ba bosula mme o tla kgona go tshepa batho botlhe.
Go tla bo go se na setlhabi, khutsafalo kgotsa selelo. Go tla bo go se na motho yo o tsofalang le yo o swang.
O tla bo o dikologilwe ke ditsala le ba lelapa. Botshelo mo Paradaiseng bo tla bo bo itumedisa.
Go tla bo go se na poifo. Batho ba tla nna le boitumelo jwa mmatota.