Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nka Bua Jang le Batsadi ba Me?

Nka Bua Jang le Batsadi ba Me?

Kgaolo 1

Nka Bua Jang le Batsadi ba Me?

“Ke lekile thata go bolelela batsadi ba me kafa ke ikutlwang ka teng mme ga ba a ka ba ntlhaloganya—ba ile ba nkgaosetsa. Go ne ga ntlhoka bopelokgale tota gore ke leke go ba tlhalosetsa kafa ke ikutlwang ka teng mme ke ne ka itaya sefololetse!”—Rosa.

FA O ne o sa ntse o le mmotlana, gongwe batsadi ba gago e ne e le bone batho ba ntlha ba o neng o ya kwa go bone fa o tlhoka kgakololo. O ne o ba bolelela sengwe le sengwe, dikgang tsa botlhokwa le tse di sa reng sepe. O ne o ba tlhalosetsa dikakanyo le maikutlo a gago ka kgololesego mme o ne o tshepa kgakololo ya bone.

Le fa go ntse jalo, gongwe gone jaanong o na le boikutlo jwa gore batsadi ba gago ga ba tlhole ba go tlhaloganya. Mosetsanyana mongwe yo o bidiwang Edie a re: “Maitseboa mangwe ka nako ya dijo, ke ne ka simolola go lela mme ka bulela batsadi ba me mafatlha. Ba ne ba ntheetsa, mme go bonala ba ne ba sa ntlhaloganye.” Go ne ga felela jang? “Ke ne ka ikela kwa phaposing ya me mme ka lela le go feta!”

Mme gone, ka dinako tse dingwe o ka nna wa bona go le molemo gore o se ka wa bolelela batsadi ba gago kafa o ikutlwang ka gone. Mosimane mongwe yo o bidiwang Christopher a re: “Ke tlotla le batsadi ba me ka dilo di le dintsi. Mme gone ke rata kgang ya gore ka dinako tse dingwe ga ba itse sengwe le sengwe se ke se akanyang.”

A go phoso go sa bolelele batsadi ba gago sengwe le sengwe se o se akanyang? Nnyaa—fa fela o sa ba tsietse. (Diane 3:32) Le fa go ntse jalo, go sa kgathalesege gore batsadi ba gago ba bonala ba sa go tlhaloganye kgotsa ke wena o tlhophang go se ba bulele mafatlha, tlhomamisega ka selo se le sengwe: O tshwanetse go buisana le batsadi ba gago—mme ba tshwanetse go itse gore o ikutlwa jang.

Se Tlogele go Bua!

Tota re ka re go buisana le batsadi ba gago go tshwana ka tsela nngwe le go kgweetsa koloi. Fa o kopana le maparego, ga o ineele; o batla tsela e nngwe. Akanya ka dikai tseno tse pedi.

LEPAREGO 1 O batla go bua, mme go bonala batsadi ba gago ba sa go reetsa. Mosetsana mongwe yo o bidiwang Leah a re: “Ke fitlhela go le thata go buisana le rre. Ka dinako dingwe ke tla bo ke bua ka lobakanyana ke akanya gore o ntheeditse mme o tla bo a re, ‘nxae, a o ne o bua le nna?’”

POTSO: Leah o tshwanetse go dira eng fa e le gore tota o tlhoka go bua ka bothata bongwe? Go na le dilo di le tharo tse a ka di dirang.

Tharabololo A

O goa rraagwe. Leah o goa a re: “Ao tlhe, ke batla go go bolelela kgang nngwe ya botlhokwa! Reetsa!”

Tharabololo B

O tlogela go bua le rraagwe. Leah ga a tlhole a batla go bua ka bothata jwa gagwe.

Tharabololo C

O emela nako e nngwe e e botoka gore a bue ka kgang eno gape. Moragonyana Leah o bua le rraagwe ba lebane difatlhego, kgotsa o mo kwalela lekwalo a mmolelela bothata jwa gagwe.

O akanya gore Leah o tshwanetse go tlhopha mokgwa ofe go rarabolola kgang eno? ․․․․․

Mma re sekasekeng nngwe le nngwe ya tsone re bone gore e tla felela jang.

Rraagwe Leah o iteegile tsebe—ka jalo ga a lemoge gore Leah o betilwe ke pelo. Jaanong fa Leah a tlhopha Tharabololo A, rraagwe o tla ipotsa gore goreng a mo goa. Ka jalo, gongwe tharabololo eno ga e ka ke ya dira gore rraagwe a mo reetse, e bile e tla bo e bontsha gore ga a mo tlotle. (Baefeso 6:2) Ruri ga go pelaelo gore tharabololo eno ga e kitla e mo solegela molemo.

Le fa Tharabololo B e ka lebega e le tsela e e motlhofo, mme gone ga se tsela e e botlhale. Ka ntlha yang? Ka gonne “go na le go kgoreletsega ga dithulaganyo kwa go se nang puo ya sephiri teng.” (Diane 15:22) Gore Leah a kgone go rarabolola mathata a gagwe ka katlego, o tshwanetse go buisana le rraagwe—mme gore rraagwe a kgone go mo thusa, o tshwanetse go itse se se diregang mo botshelong jwa gagwe. Go didimala ga go kitla go mo thusa ka sepe.

Le fa go ntse jalo, mo go Tharabololo C, Leah ga a letle leparego le mo thibela go bua le rraagwe. Go na le moo, o leka gape go bua ka kgang eno mo nakong e e tlang. Mme fa a tlhopha go kwalela rraagwe lekwalo, a ka nna a ikutlwa botoka ka yone nako eo. Go kwala lekwalo go ka nna ga mo thusa gore a akanyetse sentle se a batlang go se bolelela rraagwe. Fa rraagwe Leah a bala lekwalo leo, o tla lemoga se Leah a neng a leka go mmolelela sone, mme seo se ka nna sa mo thusa go tlhaloganya bothata jwa gagwe. Ka jalo, Tharabololo C e solegela Leah le rraagwe molemo.

Ke dilo dife tse dingwe tse Leah a ka lekang go di dira? Leka go akanya ka e le nngwe mme o e kwale fa tlase fano. Go tswa foo, kwala gore tharabololo eo e ka nna ya felela jang.

․․․․․

LEPAREGO 2 Batsadi ba gago ba batla go bua, mme wena o bona go le botoka gore o se ka wa bua. Mosetsana mongwe yo o bidiwang Sarah a re: “Ga ke rate go nna ke botsakakiwa dipotso morago ga letsatsi le le thata kwa sekolong. Ke batla fela go lebala ka sekolo, le fa go ntse jalo, fa ke tsena fela batsadi ba me ba setse ba mpotsa gore: ‘Letsatsi la gago le ne le ntse jang? A go na le mathata mangwe a o ileng wa lebana le one?’” Ga go pelaelo gore batsadi ba ga Sarah ba mmotsa dipotso tseo gonne ba amega ka ene. Mme gone, o bua jaana a ngongorega, “Go thata go bua ka sekolo fa ke lapile e bile ke ngomogile pelo.”

POTSO: Ke eng se Sarah a ka se dirang mo boemong jono? Fela jaaka mo sekaong se se fetileng, go na le dilo di ka nna tharo tse a ka di dirang.

Tharabololo A

O gana go bua. Sarah a re: “Ke kopa lo ntlogele ka kagiso. Ga ke batle go bua gone jaanong!”

Tharabololo B

O tswelela fela a bua. Le fa Sarah a ngomogile pelo, o araba dipotso tsa batsadi ba gagwe ka mabetwaepelo.

Tharabololo C

Ga ba bue ka “sekolo” ka nako eo, mme gone ba tswelela ba tlotla ka dilo tse dingwe. Sarah o akantsha gore ba bue ka sekolo mo nakong e e tlang fa a tla bo a siametse go bua ka gone. Go tswa foo o bua jaana a bontsha go ba kgatlhegela: “Ntlotlelang gore letsatsi la lona le tsamaile jang. A dilo tsotlhe di tsamaile sentle?”

O akanya gore Sarah o tshwanetse go tlhopha mokgwa ofe go rarabolola kgang eno? ․․․․․

A re sekasekeng gape tharabololo nngwe le nngwe re bone gore e ka felela jang.

Sarah o ngomogile pelo mme ga a batle go bua. Fa a ka tlhopha Tharabololo A, o sa ntse a tla ikutlwa a ngomogile pelo mme gape o tla ikutlwa a le molato gonne a ile a galefela batsadi ba gagwe.—Diane 29:11.

Tota e bile, batsadi ba gagwe ba ka se rate go bo a ba galefetse—kgotsa go bo a sa batle go bua le bone. Ba ka nna ba belaela gore Sarah o ba fitlhela sengwe. Ba ka nna ba bo ba leka ka natla go mo dira gore a bue, mme seo se tla mmetisa pelo le go feta. Kwa bofelong, tharabololo eno ga e solegele ope molemo.

Go bonala Tharabololo B e le botoka go na le tharabololo A. Kgang ke gore Sarah le batsadi ba gagwe ba a buisana. Mme gone, e re ka motlotlo oo o sa tswe pelong, ga ba kitla ba fitlhelela se ba neng ba se batla—go buisana sentle le ka kgololesego.

Le fa go ntse jalo, Tharabololo C e tla dira gore Sarah a ikutlwe botoka gonne ba tla bua ka “sekolo” mo nakong e e tlang. Batsadi ba gagwe ba tla anaanela maiteko a a a dirang gore a tlotle le bone mme le bone ba tla itumela. Tharabololo eno e ka nna ya nna yone e e atlegang ka gonne matlhakore oomabedi a dirisa molaomotheo o o fitlhelwang mo go Bafilipi 2:4 o o reng: ‘Se kgatlhegeleng dilo tse di amang lona fela, mme gape lo kgatlhegele le dilo tse di amang ba bangwe.’

Tila go Naya Batsadi Kakanyo e e Seng Yone

Se lebale, ga se ka metlha se o se buang le se batsadi ba gago ba se utlwang di tsamaisanang. Ka sekai, batsadi ba gago ba go botsa gore ke eng fa e kete ga wa tsoga sentle. O ba raya o re, “Ga ke batle go bua ka gone.” Mme gone batsadi ba utlwa o re: “Ga ke lo tshepe mo nka lo bulelang mafatlha. Ke tla buisana le ditsala tsa me ka bothata jono e seng lona.” Leka go bona gore o ne o ka dira eng mme o kwale dikarabo tsa gago. Akanya o lebane le bothata bongwe jo bo masisi mme motsadi wa gago o ithaopa go go thusa.

Fa o re: “Se tshwenyege. Ke tla itharabololela jone.”

Batsadi ba gago ba ka nna ba utlwa e kete wa re: ․․․․․

Go ka nna botoka gore o arabe jaana: ․․․․․

Ke eng se o sa tshwanelang go se lebala? O se ka wa ipuela fela. Bua ka tsela e e supang tlotlo. (Bakolosa 4:6) Lemoga gore batsadi ba gago ba go eme nokeng, ga se baba ba gago. Ga go mmè o rile: O tlhoka thuso gore o kgone go lebana le mathata a gago ka katlego.

MO KGAOLONG E E LATELANG

O tla dira eng fa e le gore ga o na bothata jwa go buisana le batsadi ba gago—bothata fela ke gore ka metlha fa lo bua, lo feleletsa lo omana?

DITEMANA TSA BOTLHOKWA

“Ke bua go tswa pelong, mme ke bua ka bopeloephepa.”—Jobe 33:3, The Holy Bible in the Language of Today, ya ga William Beck.

KAKANTSHO

Fa o fitlhela go le thata go nna fa fatshe le batsadi ba gago mme lo bue ka bothata jo o nang le jone, bua ka bothata jono fa lo iphokisa phefo, lo tsamaya mmogo ka koloi kgotsa lo ntse lo tsamayatsamaya kwa mabenkeleng.

A O NE O ITSE GORE . . . ?

Fela jaaka o ka fitlhela go le thata go bua le batsadi ba gago ka dikgang dingwe tse di masisi, le bone ba ka nna ba fitlhela go le thata kgotsa ba sa itse gore ba reng fa ba leka go bua le wena ka tsone dikgang tseo.

SE KE SE IKAELETSENG!

Mo nakong e e tlang fa ke utlwa ke batla go tlogela go bua le batsadi ba me, ke tla ․․․․․

Fa batsadi ba me ba mpateletsa go bua ka kgang e ke iseng ke batle go bua ka yone, ke tla re ․․․․․

Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․․

O AKANYANG?

● Ke eng fa go le botlhokwa go tlhopha nako e e tshwanetseng ya go buisana?—Diane 25:11.

● Ke eng fa go le botlhokwa gore o bue le batsadi ba gago?—Jobe 12:12.

[Mafoko a a mo go tsebe 10]

‘‘Ga se ka metlha go leng motlhofo go buisana le batsadi ba gago, mme gone fa o ba bulela mafatlha, o ikutlwa o imologile.’’—Devenye

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Fela jaaka leparego le sa tshwanela go go thibela go tswelela ka loeto lwa gago, o ka bona tsela e e tla go thusang go buisana le batsadi ba gago!