Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng fa Re Nna re Omana?

Ke Eng fa Re Nna re Omana?

Kgaolo 2

Ke Eng fa Re Nna re Omana?

Mo tiragalong e e simololang kgaolo eno, Rachel o gakatsa komang ka ditsela di le tharo. A o ka di tlhalosa? Kwala dikarabo tsa gago fa tlase, go tswa foo o di bapise le tse di mo lebokoseng le le reng,  “Dikarabo” mo tsebe 20.

․․․․․

Ke Laboraro maitseboa. Rachel wa dingwaga di le 17 o feditse ditiro tsa gagwe tsa mo lapeng, jaanong o setse a batla go ikhutsa gonne o dirile sengwe le sengwe se a neng a tshwanetse go se dira! O tshuba thelebishene a bo a itatlhela mo setulong se a se ratang thata.

Ka yone nako eo, mmaagwe o tsena ka kgoro mme go bonala a sa itumela. “Rachel! Ke eng fa o senya nako o lebile thelebishene ka nako e o neng o tshwanetse o ka bo o thusa monnao ka tiro ya gagwe ya sekolo e e direlwang mo gae? Ga o nke o dira se o se bolelelwang!”

Rachel o bua a ngunanguna mo mmaagwe a kgonang go mo utlwa, “O a bo a simolotse gape.”

Mmaagwe o a mo atamela. “Wa reng mosetsana?”

“Sepe Mama,” Rachel o bua a fegetswe, a bo a goga sefatlhego ka tsela e e bontshang lonyatso.

Mmaagwe o galefile jaanong. A re: “O se ka wa bua jalo le nna!”

Rachel o araba ka gore, “Ga ke rate tsela e le wena o buang le nna ka yone.”

Nako ya maitiso e fedile jaanong . . . go a omanwa gape.

A O TLWAELANE le maemo a a tlhalosiwang fa godimo? A wena le batsadi ba gago lo nna lo omana? Fa go le jalo, iphe nako ya go akanya ka seemo seno. Ke dikgang dife tse di tsosang dikgotlhang thata? Dira letshwao leno ✔ mo lebokoseng le le go amang—kgotsa kwala kgang ya gago go bapa le polelwana e e reng, “Tse dingwe.”

□ Tsela e ke itshwarang ka yone

□ Ditiro tsa mo lapeng

□Diaparo

□ Nako e ke tshwanetseng ka bo ke le mo gae ka yone

□ Boitlosobodutu

□ Ditsala

□ Ba bong bo sele

□Tse dingwe ․․․․․

Go sa kgathalesege gore lo omana ka eng, go omana go dira gore—wena le batsadi ba gago—lo sale lo hutsafetse. Gone ke boammaaruri gore o ka nna wa moma molomo fela wa dira e kete o dumalana le sengwe le sengwe se batsadi ba gago ba se buang. Mme gone, a ke se Modimo a lebeletseng gore o se dire? Nnyaa. Ke boammaaruri gore Baebele ya re o tshwanetse go “tlotla rrago le mmago.” (Baefeso 6:2, 3) Mme gape e go kgothaletsa gore o godise “bokgoni [jwa gago] jwa go akanya” le go dirisa “maatla a [gago] a go akanya.” (Diane 1:1-4; Baroma 12:1) Fa o dira jalo, ga go pelaelo gore go tla nna le dilo dingwe tse o tlhatswegileng pelo thata ka tsone, tse gongwe di farologaneng le kafa batsadi ba gago ba ikutlwang ka gone. Le fa go ntse jalo, mo malapeng a a dirisang melaometheo ya Baebele, batsadi le basha ba kgona go buisana ka kagiso—tota le fa ba sa dumalane.—Bakolosa 3:13.

O ka ntsha jang maikutlo a gago ka tsela e e se kitlang e dira gore motlotlo o o sa reng sepe o fetoge komang e e bogale? Go motlhofo go bolela jaana: “Batsadi ba me ke bone ba nang le bothata. Tota e bile, ba tlhola ba ntshetse morago!” Mme gone, akanya ka seno: A o ka kgona go fetola batho ba bangwe, go akaretsa le batsadi ba gago? Boammaaruri ke gore motho fela yo o ka kgonang go mo fetola ke wena. Mme se se itumedisang ke gore, fa wena o dira bojotlhe go fokotsa dikomang, gantsi batsadi ba gago ba ka ritibala mo maikutlong mme ba go reetsa fa o batla go bua le bone.

Ka jalo, a re bone gore wena o ka dira eng go fedisa dikomang. Dirisa dikakantsho tse di latelang, mme gongwe o ka gakgamatsa batsadi ba gago—o bo o gakgamale le wena—ka bokgoni jwa gago jo bosha jwa go buisana.

Akanya pele ga o araba. O se ka wa phatloga o bo o bua selo sa ntlha fela se se tlang mo mogopolong fa o akanya gore o a tlhaselwa. Ka sekai, a re re gongwe mmago a re: “Ke eng fa o sa tlhatswa dijana? Ga o ke o dira se o se laetsweng!” O ka nna wa phatloga fela o bo re, “Ke eng fa o rata go tshwenyana le nna?” Le fa go ntse jalo, dirisa bokgoni jwa gago jwa go akanya. Leka go batla lebaka la go bo mmago a ikutlwa jalo. Gantsi fa motho a re “ka metlha” le “ga o ke” tota o a bo a sa kae seo. Le fa go ntse jalo, a kaya maikutlo mangwe a a boteng. E ka tswa e le afe?

Gongwe mmago o betilwe ke pelo gonne a bona e kete o imeditswe ka tiro yotlhe ya mo lapeng. Kgotsa a ka tswa a batla fela gore o mo tlhomamisetse gore o tla mo thusa. Fa go le jalo, go araba o re, “Ke eng fa o rata go tshwenyana le nna?” go ka se go thuse ka sepe—go na le moo, go ka nna ga tsosa dikomang! Ka gone, mo boemong jwa seo, goreng o sa dire gore mmago a wele makgwafo? Ka sekai o ka nna wa re: “Mama, intshwarele go go utlwisa botlhoko. Ke tla tlhatswa dijana tseno gone jaanong.” Ela tlhoko: O se ka wa bua ka tsela e e bontshang lonyatso. Fa o araba ka tsela e e bontshang gore o amegile ka ene, gongwe mmago a ka wela makgwafo mme a go bolelela gore tota o tshwenngwa ke eng. *

Fa tlase fano, kwala mafoko a rrago kgotsa mmago a ka a buang a a ka nnang a go kgopisa—fa o a letla.

․․․․․

Jaanong akanya gore o ne o tla araba jang ka tsela e e bontshang go amega ka ene e e neng e tla dira gore a tlhalose se tota bothata e leng sone.

․․․․․

Bua ka tlotlo. Michelle o ithutile ka se se mo diragaletseng botlhokwa jwa go ela tlhoko tsela e a buang le mmaagwe ka yone. A re: “Go sa kgathalesege gore bothata ke eng, ka metlha mmè o ngongorega ka tsela e ke mo arabang ka yone.” Fa e le gore ke se gantsi le wena se go diragalelang, ithute go buela kwa tlase le go bua ka bonya mme o tile go goga sefatlhego kgotsa go dira dilo dingwe tse di bontshang gore o tenegile. (Diane 30:17) Fa o utlwa gore o palelwa ke go itshwara, dira thapelo e khutshwane. (Nehemia 2:4) Ke boammaaruri gore boikaelelo jwa seo ga se gore Modimo a go thuse gore ‘motsadi wa gago a kgaogane le wena’ mme ke gore o kgone go nna le boikgapo gore o se ka wa tshela mafura mo molelong.—Jakobe 1:26.

Fa tlase fano, kwala mafoko mangwe kgotsa dilo dingwe tse wena o a tleng o di dire tse o tshwanetseng go di tila.

Mafoko a o a dirisang (se o se buang):

․․․․․

Dilo tse o a tleng o di dire (tebego ya gago ya sefatlhego le tsela e o itshikinyang mmele ka yone):

․․․․․

Reetsa. Baebele ya re: “O tla bua se se sa siamang fa o bua thata.” (Diane 10:19, Contemporary English Version) Ka jalo, tlhomamisa gore o naya rrago le mmago tshono ya go bua mme o ba reetse ka kelotlhoko. O se ka wa ba tsena ganong o leka go buelela se o se dirileng. Reetsa fela. Moragonyana, fa ba sena go bua, o tla nna le tshono e e lekaneng ya go ba botsa dipotso kgotsa go tlhalosa kafa o ikutlwang ka teng. Mme gone, fa o nna tlhogoethata mme o gatelela maikutlo a gago ka nako eo, o ka nna wa senya dilo le go feta. Tota le fa o ka tswa o na le mo go ntsi go go bua, gongwe nako eo ke “nako ya go didimala.”—Moreri 3:7.

Ikemisetse go kopa maitshwarelo. Ka metlha go molemo gore fa go na le sengwe se o se dirileng gore go nne le kgotlhang o re, “Ke kopa maitshwarelo.” (Baroma 14:19) O ka nna wa bo wa re o maswabi go bo go na le kgotlhang. Fa o thatafalelwa ke go dira seno lo lebane difatlhego, o ka nna wa kwala lekwalo o tlhalosa kafa o ikutlwang ka teng. Go tswa foo, ‘tsamaya maele o mongwe’ ka go fetola boitsholo bope fela jo bo dirileng gore go nne le kgotlhang. (Mathaio 5:41) Ka sekai, fa e le gore komang e bakilwe ke go bo o sa dira ditiro tsa gago tsa mo lapeng, ke eng o sa itumedise batsadi ba gago ka go dira tiro e ba go abetseng yone? Tota le fa o sa rate go dira tiro eo, a ga go molemo go e dira go na le go lebana le bothata jo bo tla nnang teng fa batsadi ba lemoga gore ga o ise o e dire? (Mathaio 21:28-31) Akanya ka melemo e o tla e bonang fa o leka bojotlhe go fokotsa dikgotlhang fa gare ga gago le batsadi ba gago.

Malapa a a atlegileng a na le mathata, mme a itse go a rarabolola ka kagiso. Dirisa dikakantsho tse di tlhalositsweng mo kgaolong eno, mme o ka nna wa fitlhela gore o kgona go tlotla le batsadi ba gago tota le ka dikgang tse di masisi—lo sa omane!

MO KGAOLONG E E LATELANG

A o akanya gore batsadi ba gago ba tshwanetse go go naya kgololesego e e oketsegileng? Fa go le jalo, o ka dira eng?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 26 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bala Bolumo 2, Kgaolo 21.

DITEMANA TSA BOTLHOKWA

“Batho ba ba siameng ba akanya pele ga ba ka araba.”—Diane 15:28, Today’s English Version.

KAKANTSHO

Fa batsadi ba gago ba bua le wena, tima mmino o o o reeditseng, beela buka kgotsa makasine o o o balang kwa thoko mme o ba lebe mo matlhong.

A O NE O ITSE GORE . . . ?

Go leka go rarabolola dikgotlhang le go di thibela go go tlhofofaletsa botshelo. Tota e bile, Baebele ya re motho “wa bopelonomi jwa lorato o direla moya wa gagwe ka tsela e e duelang.”Diane 11:17.

SE KE SE IKAELETSENG!

Kakantsho e e mo kgaolong eno e ke tlhokang go tokafatsa thata mo go yone ke ․․․․․

Ke ikaeletse go simolola go dirisa kakantsho eno go tloga ka (tsenya letlha) ․․․․․

Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․․

O AKANYANG?

● Ke eng fa bangwe ba balekane ba gago ba tsaya go fenya kganetsano go le botlhokwa?

● Ke eng fa Jehofa Modimo a tsaya motho yo o ratang go ganetsana e le seeleele?—Diane 20:3.

● Ke melemo efe e o tla e bonang fa o fokotsa dikganetsano fa gare ga gago le batsadi ba gago?

[Mafoko a a mo go tsebe 18]

‘‘Ka dinako dingwe mmè o tle a ntlamparele a bo a re ‘Intshwarele,’ seo se dira gore ke ikutlwe botoka. Go tswa foo re lebala se se diregileng. Le nna ke leka go dira se se tshwanang. Le fa gone go se motlhofo, go a thusa go ikokobetsa o bo o bua go tswa pelong o re ‘intshwarele.’’—Lauren

[Lebokoso mo go tsebe 20]

 Dikarabo

1. Go dirisa mafoko a lonyatso (“O a bo a simolotse gape”) go ne ga dira gore mmaagwe a betwe ke pelo le go feta.

2. Tsela e Rachel a neng a lebega ka yone mo sefatlhegong (a goga sefatlhego ka tsela e e bontshang lonyatso) e ne e le go rumolana fela.

3. Ka metlha go arabisana le batsadi (“Ga ke rate tsela e le wena o buang le nna ka yone”) go nna le ditlamorago tse di sa itumediseng.

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Go omana le motsadi go tshwana le go taboga mo motšhining wa go ikatisa wa “treadmill”—o dirisa maatla a mantsi mme ga o ye gope