Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nka Dira Eng Gore ke Nne le Kgololesego e e Oketsegileng?

Nka Dira Eng Gore ke Nne le Kgololesego e e Oketsegileng?

Kgaolo 3

Nka Dira Eng Gore ke Nne le Kgololesego e e Oketsegileng?

“Ke eletsa e kete ka dinako tse dingwe batsadi ba me ba ka bo ba ntetla go nna ke intsha ke le nosi.”—Sarah, 18.

“Ka metlha ke botsa batsadi ba me gore ke ka ntlha yang fa ba sa ntshepe fa ke batla go tswa le setlhopha sa ditsala tsa me. Gantsi ba nkaraba ka gore: ‘Re a go tshepa. Ke fela gore ga re tshepe ditsala tsa gago.’”—Christine, 18.

A LE wena o eletsa go nna le kgololesego e e oketsegileng jaaka Sarah le Christine? Gore o nne le yone, o tla tlhoka gore batsadi ba gago ba go tshepe. Le fa go ntse jalo, go tshepa mongwe go tshwana thata le madi. Go thata go dira gore o tshepiwe, go motlhofo gore o se ka wa tlhola o tshepiwa mme go sa kgathalesege gore o tshepiwa go le kana kang, o sa ntse o batla go tlhomamisediwa gore o a tshepiwa. Iliana wa dingwaga di le 16 a re: “Ka metlha fa ke batla go intsha, batsadi ba me ba mpotsakaka dipotso tsa gore ke ya kae, ke tsamaya le bomang, ke tla bo ke dira eng le gore ke tla boa leng. Ke a itse gore ke batsadi ba me mme go nkgopisa tota fa ba mpotsa dipotso tse dintsi jalo!”

O ka dira eng gore batsadi ba gago ba go tshepe ka tsela e e oketsegileng le gore ba go neye kgololesego e e oketsegileng? Pele ga re araba potso eno, a re sekaseke gore ke ka ntlha yang fa go tshepiwa e le kgang ya moruthutha jaana fa gare ga bontsi jwa batsadi le basha.

Mathata a a Tlang le go Gola

Baebele ya re, ‘monna o tla tlogela rraagwe le mmaagwe.’ (Genesise 2:24) Tota go ka buiwa jalo le ka mosadi. O ka tswa o le mosimane kgotsa mosetsana, boikaelelo bogolo jwa dingwaga tsa bolesome ke go go baakanyetsa nako ya fa o nna mogolo—nako e ka yone o tla bong o siametse go tswa mo gae mme gongwe o ya go nna le lelapa la gago. *

Le fa go ntse jalo, go nna mogolo ga se kgoro e o ka e bulang fela o bo o tsena mo go yone fa o fitlha mo dingwageng tse di rileng. Tota re ka re go tshwana le ditepisi tse o di palamang kgato ka kgato mo nakong ya bosha. Gone ke boammaaruri gore wena le batsadi ba gago lo ka tswa lo sa utlwane mo kgannyeng ya gore o setse o le bokgakala jo bo kana kang mo ditepising tseno. Maria yo o akanyang gore ga a ikanngwe fa go tla mo kgannyeng ya go tlhopha ditsala a re: “Ke na le dingwaga di le 20 mme kgang eno e sa ntse e le bothata! Batsadi ba me ba akanya gore ga ke na nonofo e e lekaneng ya go tila go wela mo maemong a a sa siamang. Ke lekile go ba bolelela gore ke setse nkile ka tila maemo a a sa siamang mme ba sa ntse ba sa kgotsofale!”

Jaaka kakgelo ya ga Maria e bontsha, kgang ya go ikanngwa e ka baka dikgotlhang fa gare ga basha le batsadi. A go ntse jalo le mo lelapeng la gaeno? Fa go ntse jalo, o ka dira jang gore batsadi ba gago ba go ikanye ka mo go oketsegileng? Fa e le gore ga ba tlhole ba go tshepa ka ntlha ya ditiro dingwe tsa boeleele tse o di dirileng, o ka dira eng gore ba boe ba go tshepe gape?

Bontsha Gore o ka Ikanngwa

Moaposetoloi Paulo o ne a kwalela Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga jaana: “Nnang lo ipontshe se lona ka bolona lo leng sone.” (2 Bakorintha 13:5) Ke boammaaruri gore o ne a sa bue le basha. Le fa go ntse jalo, molaomotheo ono o sa ntse o dira le mo go bone. Selekanyo se o neelwang kgololesego ka sone gantsi se lekana le selekanyo se o bontshang ka sone gore o ka ikanngwa. Seo ga se reye gore o tshwanetse wa bo o se na diphoso. Boammaaruri ke gore rotlhe re dira diphoso. (Moreri 7:20) Mme gone a tsela e o dirang dilo ka yone e naya batsadi ba gago lebaka la gore ba se ka ba go tshepa?

Ka sekai, Paulo o ne a kwala jaana: “Re eletsa go itshwara ka boikanyegi mo dilong tsotlhe.” (Bahebera 13:18) Ipotse jaana: ‘Ke itsege jang fa go tla mo kgannyeng ya go bolelela batsadi ba me boammaaruri malebana le gore ke kwa kae le gore ke dira eng?’ Ela tlhoko dikakgelo tsa basha ba le mmalwa ba ba ileng ba lemoga gore ba tshwanetse go dira diphetogo dingwe mo ntlheng eno. Fa o sena go bala dikakgelo tsa bone, araba dipotso tse di latelang.

Lori: “Ke ne ke kwalelana mo sephiring ka e-mail le mosimanyana mongwe yo ke neng ke mo rata. Batsadi ba me ba ne ba lemoga seo mme ba mpolelela gore ke emise go dira jalo. Ke ne ka ba solofetsa gore ke tla emisa mme ga ke a ka ka go dira. Ke ne ka tswelela ka mokgwa ono ngwaga otlhe. Ke ne ke kwalelana le mosimane yono mme fa batsadi ba me ba lemoga, ke kopa maitshwarelo ke ba solofetsa gore ke tla emisa mme ke bo ke tswelela ke dira seno gape. Go ne ga ya bokgakaleng jwa gore batsadi ba me ba se ka ba tlhola ba ntshepa gotlhelele!”

O akanya gore ke ka ntlha yang fa batsadi ba ga Lori ba ne ba sa tlhole ba mo tshepa? ․․․․․

Fa o ne o le motsadi wa ga Lori, o ka bo o ile wa dira eng mme ka ntlha yang? ․․․․․

Lori o ka bo a ile a itshwara jang ka tsela e e bontshang gore o a ikanyega, fa batsadi ba gagwe ba sena go bua le ene ka bothata jono lekgetlho la ntlha? ․․․․․

Beverly: “Batsadi ba me ga ba ntshepe fa go tla mo kgannyeng ya basimane mme jaanong ke tlhaloganya lebaka la bone. Ke ne ke tshameka ka maikutlo a lorato a basimane ba le mmalwa ba ba neng ba mpheta ka dingwaga tse pedi. Gape ke ne ke senya nako e ntsi le bone mo founong mme kwa dikokoanong ke ne ke tlotla le bone fela ke sa tlotle le motho ope o sele. Batsadi ba me ba ne ba ntseela founo kgwedi yotlhe mme ba ne ba se ka ba tlhola ba ntetla go ya kwa mafelong a basimane bao ba neng ba tla bo ba le kwa go one.”

Fa o ne o le batsadi ba ga Beverly, o ka bo o ile wa dira eng mme ka ntlha yang? ․․․․․

A o akanya gore dithibelo tse batsadi ba ga Beverly ba neng ba di mmeetse di ne di sa utlwale? Fa go ntse jalo, ke eng fa o rialo? ․․․․․

Beverly o ka bo a ile a dira eng gore batsadi ba gagwe ba boe ba mo tshepe gape? ․․․․․

Go Dira Gore ba go Ikanye Gape

Jaaka basha ba go buiwang ka bone fa godimo, go tweng fa e le gore le wena ditiro tsa gago di dirile gore batsadi ba gago ba se ka ba tlhola ba go ikanya? Le fa maemo a ka tswa a le jang, tlhomamisega gore o ka dira gore ba boe ba go tshepe gape. O ka dira seno jang?

Gongwe batsadi ba gago ba ka go ikanya le go go naya kgololesego e e oketsegileng fa o nna o itshwara ka tsela e e bontshang gore o na le maikarabelo. Kgabagare Annette o ne a lemoga seo. A re: “Fa o sa ntse o le monnye ga o bone botlhokwa jwa go ikanngwa. Gone jaanong ke ikutlwa ke na le maikarabelo e bile ke tlhotlheletsega go dira dilo ka tsela e e tla dirang gore batsadi ba me ba nne ba ntshepa.” O ithuta eng mo go seno? Go na le go ngongorega ka gore batsadi ba gago ga ba go tshepe, tlhoma mogopolo mo go direng dilo tse di tla dirang gore ba go ikanye. Gongwe o tla bona kgololesego e e oketsegileng.

Ka sekai, a o a ikanyega mo dilong tse di kwadilweng fa tlase fano? Tshwaya ka ✔ mo lebokoseng le le lebaganeng le ntlha e o tlhokang go tokafatsa mo go yone.

□ Go tla gae ka nako e ke e beetsweng

□ Go diragatsa ditsholofetso tsa me

□ Go tshwara nako

□ Go dirisa madi sentle

□ Go fetsa ditiro tse ke di abetsweng

□ Go tsoga ke sa patelediwe

□ Go boloka kamore ya me e le phepa

□ Go bua boammaaruri

□ Go dirisa founo kgotsa khomputara sentle

□ Go amogela diphoso tsa me le go kopa maitshwarelo

□ Tse dingwe ․․․․․

Ke eng fa o sa itirele tshwetso ya gore o tla bontsha gore o ka ikanngwa mo dintlheng tse o di tshwaileng? Latela kgakololo eno e e mo Baebeleng: “Lo latlhe botho jo bogologolo jo bo dumalanang le tsela ya lona ya pele ya boitshwaro.” (Baefeso 4:22) “A Ee wa lona a reye Ee.” (Jakobe 5:12) “A mongwe le mongwe wa lona a bue boammaaruri le moagelani wa gagwe.” (Baefeso 4:25) “Utlwang batsadi ba lona mo go sengwe le sengwe.” (Bakolosa 3:20) Fa nako e ntse e ya, botswelelopele jwa gago bo tla bonala mo bathong ba bangwe go akaretsa le mo batsading ba gago.—1 Timotheo 4:15.

Mme go tweng fa e le gore go sa kgathalesege matsapa a o a dirang, batsadi ba gago ga ba go neye kgololesego e o e batlang? Ke eng fa o sa tlotle le bone ka kgang eno? Mo boemong jwa go ngongoregela gore ba tshwanetse go oketsa tsela e ba go tshepang ka yone, ba botse ka tlotlo gore ba ka rata gore o dire eng gore ba boe ba go tshepe gape. Ba tlhalosetse maikaelelo a gago ka kgang eno.

O se ka wa lebelela gore dithibelo tse batsadi ba gago ba go beetseng tsone ba di fetole ka yone nako eo. Ga go pelaelo gore ba tla batla go tlhomamisa pele gore a o tla dira se o se solofeditseng. Dirisa tshono eno go bontsha gore o ka ikanngwa. Fa nako e ntse e ya, batsadi ba gago ba ka go ikanya le go go naya kgololesego e o e tlhokang. Go ne ga nna jalo ka Beverly yo o umakilweng kwa godimo. O bolela jaana: “Go boa ba go ikanya gape go thata go feta kafa go leng motlhofo ka gone gore ba se tlhole ba go ikanya.” O oketsa ka gore, “gone jaanong batsadi ba me ba simolotse go ntshepa gape mme seo se intumedisa tota!”

BALA GO YA PELE KA KGANG ENO MO BOLUMONG YA 2, KGAOLO 22

MO KGAOLONG E E LATELANG

A batsadi ba gago ba tlhalane? O ka dira eng gore o kgone go nna tekatekano le fa go bonala dilo di sa go tsamaele sentle mo botshelong?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 8 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bala Kgaolo 7 ya buka eno.

DITEMANA TSA BOTLHOKWA

“Ga o a tshwanela go dirisa kgololesego ya gago e le lebaka la go dira bosula.”—1 Petere 2:16, Contemporary English Version.

KAKANTSHO

Go na le go bapisa dithibelo tse o di beetsweng gone jaanong le kgololesego e mogoloo a ka tswang a na le yone, bapisa dithibelo tse o neng o di beetswe fa o ne o le monnye le kgololesego e o nang le yone gone jaanong.

A O NE O ITSE GORE . . . ?

Kgololesego e e sa laolweng ga e bontshe gore batsadi ba a go rata mme e bontsha gore ba leseletsa dilo fela.

SE KE SE IKAELETSENG!

Ke tla bontsha gore ke a ikanyega mo dintlheng tse di latelang: ․․․․․

Fa go ka direga gore batsadi ba me ba se tlhole ba ntshepa, ke tla ․․․․․

Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․․

O AKANYANG?

● Ke eng se se ka tswang se dira gore batsadi ba gago ba okaoke go go naya kgololesego e e oketsegileng le fa o leka ka natla go bontsha gore o a ikanyega?

● Tsela e o buisanang le batsadi ba gago ka yone e ama jang boikaelelo jwa bone jwa go go naya kgololesego e e oketsegileng?

[Mafoko a a mo go tsebe 24]

“Fa ke bua le batsadi ba me, ke ba bolelela mathata otlhe a me le dilo tse di ntshwenyang. Ke akanya gore seno se dira gore go nne motlhofo gore ba ntshepe.’’—Dianna

[Setshwantsho mo go tsebe  23]

Go nna mogolo yo o ka ikanngwang go tshwana le ditepisi tse o di palamang kgato ka kgato mo nakong ya bosha

[Setshwantsho]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

FA O LE NGWANA

FA O NNA MOSHA

FA O NNA MOGOLO