Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nka Dira Jang fa Motsadi Wa me A Tsena Gape mo Lenyalong?

Nka Dira Jang fa Motsadi Wa me A Tsena Gape mo Lenyalong?

Kgaolo 5

Nka Dira Jang fa Motsadi Wa me A Tsena Gape mo Lenyalong?

MOTSADI wa gago a ka tswa a itumetse thata ka letsatsi le a tsenang gape mo lenyalong ka lone. Mme wena o ka tswa o hutsafetse fela thata! Ka ntlha yang? Fa motsadi wa gago a tsena gape mo lenyalong, seo se senya tsholofelo e o neng o na le yone ya gore batsadi ba gago ba tla boelana gape. Kafa letlhakoreng le lengwe, go tsena gape mo lenyalong go ka hutsafatsa thata fa e le gore go dirilwe ka bonako morago fela ga loso lwa motsadi yo mongwe.

O ne wa ikutlwa jang fa motsadi wa gago a tsena gape mo lenyalong? Tshwaya ka ✔ go lebagana le tlhaloso e e go amang.

Ke ne ke ikutlwa ke . . .

□ Itumetse

□ Sa babalesega

□ Tsieditswe

□ Fufegela motsadi wa me wa bobedi

□ Ikutlwa molato, e kete ke tlhanogela motsadi wa me ka gonne ke ne ke simolola go rata motsadi wa me wa bobedi

Boikutlo jo bo tlhalositsweng la bofelo bo ka bakiwa ke go bo o batla go ikanyega mo motsading wa gago yo o sa tlholeng a le teng. Le fa lebaka e ka tswa e le lefe, maikutlo a a tlhalositsweng fa godimo a ka nna a dira gore o bontshe kutlobotlhoko ya gago ka ditsela tse di ka bakang mathata.

Ka sekai, ka metlha o ka nna wa ketefaletsa motsadi wa gago wa bobedi botshelo. Gongwe o ka nna wa dira gore go nne le dikgotlhang fa gare ga motsadi wa gago le motsadi wa gago wa bobedi, ka boikaelelo jwa go ba kgaoganya. Le fa go ntse jalo, seane se se botlhale se tlhagisa jaana: “Yo o tlisang mathata mo lelapeng la ga bone o tla roba phefo fela”—seno se bolela gore ga a ka ke a boelwa ke sepe. (Diane 11:29, New International Version) Ga o a tshwanela go wela mo seraing seo. Go na le ditsela dingwe tse di siameng tse o ka di dirisang go lebana le go fuduega maikutlo ga gago. Sekaseka dikai di le mmalwa.

Kgwetlho 1: Go Lebana le go Ikobela Motsadi wa Bobedi

Ga go motlhofo go ikobela motsadi wa bobedi. Fa o kopiwa go dira sengwe, o ka nna wa ikutlwa o batla go phatloga ka bogale fela o re, ‘Ga o mmè kgotsa ga o rre!’ Fa o sena go araba ka tsela e e ntseng jalo o ka nna wa ikutlwa o kgotsofetse ka gonne o ntshitse maikutlo a gago mme tota go bontsha gore ga o ise o gole sentle.

Kafa letlhakoreng le lengwe, go ikobela taolo ya motsadi wa gago wa bobedi ke tsela nngwe e o bontshang ka yone gore o utlwa kgakololo ya Baebele ya go “gola mo maatleng a go akanya.” (1 Bakorintha 14:20, The Holy Bible in the Language of Today, ya ga William Beck) Boammaaruri ke gore motsadi wa gago wa bobedi o dira ditiro tse motsadi yo o go tsetseng a neng a di dira, ka jalo o tshwanetse go mo tlotla.—Diane 1:8; Baefeso 6:1-4.

Gantsi fa motsadi wa gago wa bobedi a go otlhaya, o a bo a bontsha gore o a go rata e bile o amega ka wena. (Diane 13:24) Yvonne wa dingwaga tse 18 a re: “Rraarona wa bobedi o a re otlhaya mme seno ke se borre ba tshwanetseng go se dira. Ke akanya gore fa ke gana kgalemelo ya gagwe, ke tla bo ke kaya gore ga ke kgathalele gore o ntse a re tlamela ka dilo tse re di tlhokang mo mmeleng le mo semoyeng go ralala dingwaga. Mme seo se tla bo se bontsha go tlhoka tebogo.”

Gone ke boammaaruri gore o ka tswa o na le mabaka a a utlwalang a go ngongorega. Fa go ntse jalo, bontsha gore o ‘godile’ ka go dira se Bakolosa 3:13 e se kgothaletsang: “Tswelelang lo itshokelana e bile lo itshwarelana lo gololesegile fa mongwe a na le lebaka la go ngongorega ka yo mongwe.”

Fa tlase fano, kwala dinonofo tse di molemo di le pedi kgotsa go feta, tse motsadi wa gago wa bobedi a nang le tsone.

․․․․․

Go gakologelwa dinonofo tse di molemo tsa motsadi wa gago wa bobedi, go ka go thusa jang gore o nne o mo tlotle?

․․․․․

Kgwetlho 2: Go Ithuta go Abelana Dilo le ba Bangwe le go Ineela

Aaron wa dingwaga di le 24 o gakologelwa jaana: “Rre o ile a nyala gape ka makgetlo a le mabedi. Go ne go nketefalela tota go rata maloko a lelapa lengwe le lengwe le lesha. Kwa tshimologong ke ne ke ba tsaya fela jaaka batho ba ke sa ba itseng mme ke ne ka bolelelwa gore ke tshwanetse go ba rata. Seemo seno se ne se ntlhakanya tlhogo tota.”

Le wena o ka lebana le dikgwetlho tse di boima. Ka sekai, go ka nna ga direga gore o se tlhole o nna ngwana yo mogolo kgotsa o sa tlhole e le wena ngwana fela mo lapeng. Fa e le gore o mosimane, o ka tswa o ne o akanya gore ke wena o nang le boikarabelo jwa go tlhokomela lelapa la gaeno—boemo jo jaanong bo tserweng ke rrago wa bobedi. Kgotsa o ka tswa o ikutlwa jaaka Yvonne. A re: “Rre o ne a sa nke a ipha nako le mmè, ka jalo ke ne ke nna ke na le ene ka dinako tsotlhe. Mme fa Mmè a ne a nyalwa gape, rre wa bobedi o ne a mmontsha lorato fela thata. Ba ne ba fetsa nako e ntsi mmogo ba tlotla, ka jalo, ke ne ke ikutlwa e kete o utswile mmè mo go nna. Le fa go ntse jalo, kgabagare ke ne ka tlwaela.”

Fela jaaka Yvonne, o ka dira eng gore o kgone go amogela seemo? Baebele e kgothatsa jaana: “A go nna tekatekano ga lona go itsiwe mo bathong botlhe.” (Bafilipi 4:5) Lefoko la ntlhantlha le le ranotsweng e le “tekatekano” le ne le kaya “go ineela” mme le ne le naya kgopolo ya motho yo o sa ganeleleng mo ditshwanelong tsotlhe tse a nang le tsone go ya ka molao. O ka dirisa kgakololo eo jang? (1) Tila go akanya thata ka dilo tse di fetileng. (Moreri 7:10) (2) Ikemisetse go abelana le motsadi wa gago wa bobedi, barwarraago ba bobedi le barwadiarrago ba bobedi. (1 Timotheo 6:18) (3) O se ka wa ba tsaya jaaka batho ba o sa ba itseng.

Ke ntlha efe mo go tse di fa godimo e o tlhokang go tokafatsa thata mo go yone? ․․․․․

Kgwetlho 3: Go Lebana Le go Sa Tshwarwe ka go Tshwana

Tara a re: “Rre wa bobedi o ne a rata bana ba gagwe go feta nna le nkgonne wa mosetsana. O ne a reka dijo dipe fela tse ba di ratang le go hira difilimi tse ba batlang go di lebelela. O ne a ka dira sengwe le sengwe fela go ba itumedisa.” Go thata go itshokela go tshwarwa ka tsela e e ntseng jalo. Ke eng se se ka thusang? Leka go tlhaloganya lebaka la go bo tsela e motsadi wa gago wa bobedi a ikutlwang ka yone ka wena e sa tshwane le e a ikutlwang ka yone ka ngwana wa gagwe. Lebaka e ka tswa e se gore ba amana ka madi, gongwe e le ka ntlha ya dilo tse ba ileng ba lebana le tsone mmogo mo botshelong. Ka tsela e e tshwanang, le wena o ka tswa o atamalane le motsadi wa gago go feta motsadi wa gago wa bobedi.

Le fa go ntse jalo, go na le pharologanyo fa gare ga go tshwarwa ka go tshwana le go tshwarwa sentle. Batho ba na le botho jo bo sa tshwaneng mme le dilo tse ba di tlhokang di a farologana. Ka jalo, go na le gore o tshwenyege thata ka gore motsadi wa gago wa bobedi ga a lo tshware ka go tshwana, leka go bona gore a o leka go go naya dilo tse o di tlhokang.

Ke dilo dife tse o di tlhokang tse motsadi wa gago wa bobedi a go nayang tsone?

․․․․․

Ke dilo dife tse o di tlhokang tse o akanyang gore ga o di newe?

․․․․․

Fa o akanya gore go na le dilo dingwe tse o di tlhokang tse o sa di neweng, ke eng fa o sa tlotle ka tlotlo ka kgang eno le motsadi wa gago wa bobedi?

Bopelotelele bo a Duela!

Gantsi go feta dingwaga di le mmalwa, pele ga maloko a lelapa la batsadi ba ba tseneng gape mo lenyalong a ka tshepana le go ikutlwa a gololesegile mmogo. Ka nako eo, ke gone ba ka kgonang go dirisana mmogo le fa ba na le ditlwaelo le mekgwa e e sa tshwaneng mme ba nna le thulaganyo e botlhe ba ka kgonang go tshela ka yone. Ka jalo, nna pelotelele! O se ka wa lebelela gore ka ponyo ya leitlho fela o tla ratiwa le gore go tla nna le lelapa le le itumetseng.

Thomas o ne a tshwenyegile fa mmaagwe a ne a nyalwa gape. Mmaagwe o ne a na le bana ba le banè mme monna yo a neng a mo nyala ene o ne a na le ba le bararo. Thomas o ne a kwala jaana: “Re ne re nna re lwa, re ngangisana, re kgoreletsana e bile re na le kgatelelo ya maikutlo.” Ke eng se kgabagare se neng sa dira gore ba atlege? “Re ne ra rarabolola dilo re dirisa melaometheo ya Baebele.”

MO KGAOLONG E E LATELANG

Go tweng fa e le gore lotlhe mo lapeng lo bana ba motho, le fa go ntse jalo bana ba gaeno ba go tshwarisa bothata?

DITEMANA TSA BOTLHOKWA

“Bokhutlo jwa kgang bo botoka morago ga moo go na le tshimologo ya yone. Go botoka yo o pelotelele go na le yo o mabela mo moyeng.”—Moreri 7:8.

KAKANTSHO

Go nna mmogo le bomonnao le bomogoloo ba basha ba bong bo sele go ka go tlisetsa kgatelelo ya boitsholo jwa tlhakanelodikobo. Ka jalo, tila go akanya ka dilo tse di ka tsosang maikutlo a tlhakanelodikobo mme o tlhomamise gore tsela e o aparang ka yone kgotsa e o itshwarang ka yone ga e tsose maikutlo ao.

A O NE O ITSE GORE . . . ?

Bomorwarrago le barwadiarrago ba bobedi le bone ba ka tswa ba na le bothata jwa go tlwaelana le go nna karolo ya lelapa la lona le lesha.

SE KE SE IKAELETSENG!

Ke tla leka go oketsa tsela e ke tlotlang motsadi wa me wa bobedi ka yone ka go se lebale dilo tse di molemo tse a di diretseng lelapa la rona (kwala dilo di le pedi tse di molemo): ․․․․․

Fa bana ba kwa gae ba bobedi ba intlhokomolosa, ke tla dirisa molaomotheo o o mo go Baroma 12:21 ka go dira se se latelang: ․․․․․

Se nka ratang go se botsa motsadi wa me kgotsa motsadi wa me wa bobedi ka kgang eno ke gore ․․․․․

O AKANYANG?

● Ke dilo dife tse motsadi wa gago wa bobedi kgotsa bana ba gagwe ba ka tswang ba di boifa ka go nna karolo ya lelapa la gaeno?

● Ke eng fa go le botlhokwa gore o leke go tlhaloganya tsela e maloko a masha a lelapa la gaeno a dirisanang ka yone?

[Mafoko a a mo go tsebe 38]

“Lenyalo la ga mmè la bobedi le ne la felela ka tlhalo. Mme le gompieno ke sa ntse ke atamalane thata le bonnake le bonkgonne ba monna yo a neng a mo nyetse. Go nna ga bone karolo ya botshelo jwa me, ke sengwe sa dilo tse di molemo tse di kileng tsa ntiragalela.’’—Tara

[Setshwantsho mo go tsebe 39]

Go kopanya malapa a mabedi go tshwana le go kopanya metsi le samente—go tlhoka nako le go tseelwa matsapa mme kwa bofelong go ka felela ka sengwe se se nnelang ruri