Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A ke Setse ke Siametse go Tswa mo Gae?

A ke Setse ke Siametse go Tswa mo Gae?

Kgaolo 7

A ke Setse ke Siametse go Tswa mo Gae?

“Ka dinako tse dingwe ke akanya gore batho ba a nnyatsa ka gonne ke na le dingwaga di le 19 mme ke sa ntse ke nna kwa gae, e kete ga nkitla ke tsewa jaaka mogodi go fitlha ke nna ke le nosi.”—Katie.

“Ke tloga ke tshwara dingwaga tse 20, mme ga ke kgone go tshela jaaka ke batla ka gonne ke sa ntse ke nna mo gae. Ke akanya go tswa mo gae.”—Fiona.

TOTA le e leng pele ga o ka siamela go tswa mo gae, o ka nna wa simolola go nna le keletso ya go batla kgololesego. Go tlwaelegile go ikutlwa jalo. Kana gone, fela jaaka go tlhalositswe mo Kgaolong ya 3, boikaelelo jwa Modimo jwa kwa tshimologong e ne e le gore basha ba gole mme kgabagare ba tlogele borraabone le bommaabone mme ba ikagele malapa a bone. (Genesise 2:23, 24; Mareko 10:7, 8) Mme o ka itse jang fa tota o setse o siametse go tswa mo gae? Ela tlhoko dipotso tse tharo tsa botlhokwa tse o tshwanetseng go di araba. Ya ntlha ke . . .

Maitlhomo A me Ke Afe?

Leba lenaane le le fa tlase. Tshwaya mabaka a go bo o batla go tswa mo gae, dira gore a latelane go ya kafa a leng botlhokwa ka gone mo go wena.

․․․․․ Go tshabela mathata a kwa gae

․․․․․ Go nna le kgololesego e e oketsegileng

․․․․․ Go batla gore ditsala tsa me di ntlotle

․․․․․ Go thusa tsala e e tlhokang mongwe yo o ka nnang le yone

․․․․․ Go batla go ithaopela go ya go thusa kwa lefelong le sele

․․․․․ Go ithuta go ikemela

․․․․․ Go fokoletsa batsadi ba me morwalo wa go ntlamela

․․․․․ Tse dingwe ․․․․․

Tota ga se gore mabaka a a bontshitsweng fa godimo ga a siama. Kgangkgolo ke gore, maitlhomo a gago ke afe? Ka sekai, fa e le gore o batla go tswa mo gae fela ka gonne o tshabela dithibelo tse o di beetsweng, ruri o tlile go sala o gamaregile!

Danielle yo o neng a tswa mo gae ka nakwana fa a ne a le dingwaga di le 20, o ne a ithuta mo go ntsi ka nako eo. A re: “Rotlhe re tshwanetse go tshela ka dithibelo tsa mofuta mongwe. Fa o nna o le nosi, thulaganyo ya gago ya kwa tirong kgotsa go tlhoka madi go go thibela go dira dilo ka tsela e o e batlang.” Carmen yo o neng a fudugela kwa nageng e nngwe ka dikgwedi di le thataro a re: “Ke ne ka itumelela go nna ke le nosi mme gone ke ne ke nna ke tshwaregile! Ke ne ke tshwanetse go dira ditiro tsa mo lapeng—ke phepafatse lefelo le ke nnang mo go lone, ke baakanye dilo tse di senyegileng, ke tlhagole mo tshingwaneng, ke tlhatswe diaparo tsa me, jalo le jalo.”

Se letle ope go go pateletsa go dira tshwetso ya go tswa mo gae. (Diane 29:20) Tota le fa o na le mabaka a a utlwalang a go tswa mo gae, o tlhoka se se fetang seo. O tla tlhoka go nna le bokgoni jwa go itlhokomela—e leng se se re tlisang mo potsong ya bobedi . . .

A ke Go Ipaakanyeditse?

Go tswa mo gae le go nna o le nosi go tshwana le go tsaya loeto o ya go fetsa malatsinyana kwa nageng. A o ka tsena fela mo nageng o sa itse go tlhoma tente, go gotsa molelo, go apaya kgotsa go dirisa mmapa? Nnyaa le eseng! Le fa go ntse jalo, basha ba le bantsi ba tswa mo gae ba se na bokgoni jo bo tlhokegang jwa go tlhokomela lelapa.

Kgosi e e botlhale Solomone o ne a re, “yo o botlhale o akanyetsa dikgato tsa gagwe.” (Diane 14:15) Go go thusa go bona gore a o siametse go ya go nna o le nosi, ela tlhoko ditlhogo tse di latelang. Tshwaya ka go bapa le bokgoni jo o setseng o na le jone mme o tshwaye ka X mo dilong tse o sa ntseng o tshwanelwa ke go tokafatsa mo go tsone.

Go dirisa madi sentle: Serena wa dingwaga di le 19 a re: “Ga ke ise ke ko ke tlhoke go ituelela sepe ka bonna. Ke tshaba go tswa mo gae le go tshwanelwa ke go rulaganya tsela e ke dirisang madi ka yone.” O ka dira eng gore o kgone go dirisa madi sentle.

Seane sa Baebele sa re: “Motho yo o botlhale o tla reetsa mme a amogele thuto e e oketsegileng.” (Diane 1:5) Ka jalo, goreng o sa botse batsadi ba gago gore go ka tlhoka motho bokae beke le beke go duela rente kgotsa madi a a a adimileng kwa bankeng go reka ntlo, go reka dijo, go tlhokomela koloi kgotsa go duela ditshenyegelo tse dingwe tsa dipalangwa? Go tswa foo, kopa batsadi ba gago gore ba go thuse go ithuta kafa o ka dirang ka gone lenaane la go dirisa madi le go duela dikoloto. *

Go nna le bokgoni jwa go dira ditiro tsa mo lapeng: Brian wa dingwaga di le 17 a re selo se se mo tshosang thata ka go tswa mo gae ke gore o tla tshwanelwa ke go itlhatswetsa diaparo. O ka itse jang gore o ka kgona go itlhokomela? Aron wa dingwaga di le 20 o akantsha jaana: “Fetsa beke yotlhe o tshela e kete o nna o le nosi. Ja fela dijo tse o di apeileng, tse o itheketseng tsone le tse o di dueletseng ka madi a o a bereketseng. Apara diaparo tse o itlhatsweditseng tsone wa bo wa di aena. Iphepafaletse kamore ya gago. Mme leka go ya kwa o tlhokang go ya teng ka bowena o sa kope batsadi gore ba go ise kgotsa ba tle go go tsaya.” Fa o ka latela kakantsho eo o tla solegelwa molemo ka ditsela di le pedi: O tla (1) nna le bokgoni jo o bo tlhokang le go  (2)anaanela le go feta dilo tse batsadi ba gago ba go direlang tsone.

Go dirisana sentle le batho ba bangwe: A o dirisana sentle le batsadi ba gago le bana ba gaeno? Fa go sa nna jalo, o ka nna wa akanya gore botshelo bo tla nna botoka fa o ka ya go nna le tsala. Mme gone, akanya ka se Eve wa dingwaga di le 18 a se bolelang: “Ditsala tsa me tse pedi di ne tsa ya go nna mmogo. Pele ba nna mmogo, ba ne ba ntshana seinong le fa go ntse jalo, ga ba a ka ba kgona go tshedisana sentle. Yo mongwe o ne a ithata fa yo mongwe a le botlhaswa. Yo mongwe o ne a rata dilo tsa semoya fa yo mongwe ene a ne a sa di rate go le kalo. Ga go a ka ga berekega!”

Tharabololo ke eng? Erin wa dingwaga di le 18 a re: “Fa o sa ntse o nna kwa gae o ka kgona go ithuta go le gontsi ka go dirisana sentle le batho ba bangwe. O ithuta go rarabolola mathata le go ineela. Ke ne ka lemoga gore batho ba ba tswang mo gae gonne ba tila go nna le dikgotlhang le batsadi ba bone, ba ithuta go tshabela mathata e seng go a rarabolola.”

Go nna le thulaganyo ya dilo tsa semoya: Bangwe ba tswa mo lapeng gonne ba batla go tshabela kobamelo ya batsadi ba bone. Ba bangwe bone ba a bo ba ikaeletse go tswelela ba na le thulaganyo e e molemo ya go ithuta Baebele le ya kobamelo mme fa nako e ntse e ya ba nna le mekgwa e e sa siamang. O ka tila jang go senyegelwa “ke tumelo jaaka go thubega ga sekepe?” *1 Timotheo 1:19.

Jehofa Modimo o batla gore rotlhe re iponele ka borona se re se dumelang. (Baroma 12:1, 2) Itirele thulaganyo e e molemo ya go ithuta Baebele le ya kobamelo mme o e ngaparele. Ke eng fa o sa kwale thulaganyo ya gago ya dilo tsa semoya mo khalendareng mme o bone gore a o ka kgona go e latela kgwedi yotlhe batsadi ba gago ba sa go sale morago?

Jaanong potso ya boraro e o tshwanetseng go e sekaseka ke . . .

Boikaelelo Jwa me ke Bofe?

A o batla go tswa mo gae gore o tshabele mathata? Kgotsa o batla go tswa mo taolong ya batsadi? Fa go ntse jalo, go raya gore o tlhomile mogopolo mo go se o se tlogelang e seng kwa o yang teng. Go dira jalo go tshwana le go kgweetsa koloi o lebile seipone se se go bontshang tsela kwa morago—o tlhomile matlho kwa o tswang teng mo o sa kgoneng go bona kwa o yang teng. O ithuta eng mo go seno? O se ka wa tlhoma mogopolo fela mo kgannyeng ya gore o batla go tswa mo gae—tlhoma mogopolo mo mokgeleng wa botlhokwa.

Basha bangwe ba e leng Basupi ba ga Jehofa ba ile ba fuduga gore ba kgone go ya go rera kwa mafelong a mangwe mo nageng ya bone kgotsa kwa dinageng tse dingwe. Ba bangwe ba fuduga gore ba thuse ka go agiwa ga mafelo a kobamelo kgotsa ba ya go bereka kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa. Tota e bile ba bangwe ba dira tshwetso ya gore ba nne ba le nosi ka nakwana pele ga ba ka tsena mo lenyalong. *

Le fa mokgele wa gago e ka tswa e le ofe, akanya ka kelotlhoko ka tshwetso e o e dirang. Seane sa Baebele sa re: “Dithulaganyo tsa yo o tlhoafetseng ruri di solegela molemo, mme mongwe le mongwe yo o mafega ruri o leba kwa letlhokong.” (Diane 21:5) Reetsa kgakololo ya batsadi ba gago. (Diane 23:22) Rapela ka kgang eno. Mme fa o dira tshwetso, akanyetsa melaometheo ya Baebele e re sa tswang go tlotla ka yone.

Tota kgangkgolo ga se gore A ke setse ke siametse go tswa mo gae? mme ke gore A nka kgona go tlhokomela legae la me? Fa e le gore o ka araba potso ya bobedi ka ee, seo se raya gore o ka tswa o siametse go ya go nna o le nosi.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 23 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bala Bolumo 2, Kgaolo 19.

^ ser. 27 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bala Bolumo 2, Kgaolo 34 le 35.

^ ser. 32 Mo ditsong tse dingwe go tlwaelegile gore ngwana, segolobogolo wa mosetsana, a nne mo lapeng go fitlha a nyalwa. Baebele ga e re neye kgakololo e e maleba ka kgang eno.

DITEMANA TSA BOTLHOKWA

“Monna o tla tlogela rraagwe le mmaagwe.”—Mathaio 19:5

KAKANTSHO

Naya batsadi ba gago ka nakwana madi a a tlhokegang go reka dijo, go duelela bonno le ditshenyegelo tse dingwe. Fa o sa kgone kgotsa o sa batle go duelela ditshenyegelo tsa gago fa o sa ntse o le kwa lapeng, ga o ka ke wa kgona go go dira fa o setse o nna o le nosi

A O NE O ITSE GORE . . . ?

Maitlhomo a gago a go tswa mo gae a ka ama boitumelo jwa gago fa o sena go tsamaya.

SE KE SE IKAELETSENG!

Se ke batlang go se fitlhelela ka go tswa mo gae ke ․․․․․

Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․․

O AKANYANG?

● Tota le fa botshelo kwa lapeng bo le thata, go nna kwa gae ka lobakanyana go ka go solegela molemo jang?

● Fa o sa ntse o nna kwa gae, ke eng se o ka se dirang se se tla solegelang wena le lelapa la gaeno molemo mme se go thuse gore o kgone go itirela dilo fa o setse o nna o le nosi?

[Mafoko a a mo go tsebe 52]

“Ga go phoso go batla kgololesego. Mme gone fa maitlhomo a gago a go tswa mo lapeng e le go tshabela melao, seo se bontsha gore ga o ise o siamele go tswa mo gae.’’—Aron

[Setshwantsho mo go tsebe 50, 51]

Go fuduga mo gae go tshwana le go tsaya loeto lwa go ya go fetsa malatsinyana kwa nageng—pele ga o simolola loeto loo, o tshwanetse go ithuta dilo tse di tla go thusang go tshela