Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nka Dira Eng Gore ke Kgone go Fenya Thaelo?

Nka Dira Eng Gore ke Kgone go Fenya Thaelo?

Kgaolo 9

Nka Dira Eng Gore ke Kgone go Fenya Thaelo?

Ga go ise go fete metsotso e le lesome Karen a le mo phathing mme o bona basimane ba babedi ba goroga ba tshotse dikgetsana di le mmalwa tse dikgolo. O a itse gore ke eng se se leng mo dikgetsaneng tseo. Pelenyana ga foo, o ne a utlwile bone basimane bao ba bolela gore “bojalwa e tla bo e le ntletsentletse” kwa phathing eo.

Go ise go ye kae, Karen o utlwa lentswe le a le itseng kafa morago ga gagwe. “E le gore o emetse eng foo Mmamoruti?” Fa Karen a retologa o bona tsala ya gagwe Jessica a tshotse dibotlolo tse pedi tsa biri tse di sa tswang go bulwa. Jessica o emisa e nngwe fa pele ga sefatlhego sa ga Karen a bo a re, “Ke solofela gore ga o na go nthaya o re o sa ntse o le monnye go ijesa monate go se kae!”

Karen o batla go gana. Mme gone kgatelelo ya gore a dumele e maatla go feta jaaka a ne a akantse. Jessica ke tsala ya gagwe, mme Karen ga a batle gore ditsala tsa gagwe di akanye gore o itira . . . “Mmamoruti,” e leng yone tsela e Jessica a mmitsang ka yone. Kwantle ga foo, Jessica ke mongwe wa basetsana ba ba tsewang ba siame. Mme fa e le gore o a nwa, molato ke eng ka seo? Karen o ipolelela gore, ‘ke birinyana fela ga e re sepe. Ga go tshwane le go dirisa diokobatsi kgotsa go tlhakanela dikobo.’

FA O sa ntse o le mosha, thaelo e tla ka ditsela tse dintsi. Gantsi e amana le batho ba bong bo sele. Ramon wa dingwaga di le 17 a re: “Basetsana ba sekolo sa rona ba dikgoka. Ba rata go go tshwaratshwara mme ba bone gore o tla ba letla go ya bokgakaleng jo bo kae. Tota le fa o ba bolelela gore ba go tlogele ga ba utlwe!” Deanna yo le ene a nang le dingwaga di le 17 o dumalana le kgang eo. A re: “Mosimane mongwe o ne a tla kwa go nna a bo a nkhabara, ke ne ka mmetsa botlhoko mo go sone seatla seo mme ka mo raya ka re: ‘O dira eng? Ga ke go itse le go go itse!’”

Le wena o ka tswa o lebane le dithaelo mme go ka nna ga lebega e kete ga di na go tsamaya di fela. Thaelo e e sa feleng e ka tshwana le go kokota o sa kgaotse mo kgorong e e nang le letshwao le le reng, “Ga go Tsenwe.” A dithaelo di tla di tlhomagane go feta kafa o neng o lebeletse ka gone? Ka sekai, a o raelesega go dira nngwe ya dilo tse di latelang?

□ Go goga motsoko

□ Go leba ditshwantsho tse di hepisang

□ Go nwa bojalwa

□ Go tlhakanela dikobo

□ Go dirisa diokobatsi

□ Tse dingwe ․․․․․

Fa e le gore go na le nngwe ya dilo tse di umakilweng fa godimo e o ileng wa tshwaya ka ✔ mo go yone, o se ka wa swetsa ka gore seo se kaya gore ga o ka ke wa kgona go nna Mokeresete. O ka kgona go ithuta go laola dikeletso tse di sa siamang le go fenya thaelo. Jang? Go itse gore thaelo e bakwa ke eng go a thusa. Akanya ka dintlha tseno tse tharo.

1. Go sa itekanela. Batho botlhe ba ba sa itekanelang ba na le keletso ya go dira se se sa siamang. Tota le moaposetoloi Paulo—Mokeresete yo o godileng semoyeng—o ne a bua jaana a sa fitlhe: “Fa ke eletsa go dira se se siameng, se se bosula se gone mo go nna.” (Baroma 7:21) Ga go pelaelo gore ka dinako tse dingwe, tota le motho yo o thokgameng a ka nna le “keletso ya nama le keletso ya matlho.” (1 Johane 2:16) Mme gone, go nna o akantse ka dithaelo tse o lebanang le tsone tsa go dira bosula go tla gakatsa bothata ka gonne Baebele ya re: “Keletso, fa e sena go emera, e tshola boleo.”—Jakobe 1:15.

2. Dilo tse di go dikologileng. Thaelo e gongwe le gongwe. Trudy a re: “Kwa sekolong le kwa tirong, ka metlha batho ba bua ka tlhakanelodikobo. Gantsi mo thelebisheneng le mo difiliming go dirwa gore e lebege e kgatlha e bile e itumedisa. Ga ba ke ba bontsha ditlamorago tsa yone tse di botlhoko!” Trudy o itse go tswa mo go se se mo diragaletseng kafa tlhotlheletso ya balekane le ya metswedi ya tshedimosetso e ka nnang maatla ka gone. A re: “Fa ke le dingwaga di le 16 ke ne ke ithaya ke re ke mo maratong. Mmè o ne a nna le nna fa fatshe mme a mpolelela gore fa nka tswelela ke itshwara ka tsela e ke itshwereng ka yone, ke tlile go feleletsa ke imile. Ke ne ka tshoga tota go lemoga gore mmè o ne a akanya selo sa mofuta oo! Dikgwedi di le pedi morago ga moo, ke ne ka ima.”

3. “Dikeletso tse basha ba nang le go nna le tsone.” (2 Timotheo 2:22) Polelwana eno e akaretsa dikeletso dipe fela tse basha ba a tleng ba nne le tsone, tse di jaaka go batla go amogelwa ke ba bangwe kgotsa go batla go tsewa o itse dilo. Tota dikeletso tseo ka botsone ga di phoso, mme gone fa di sa laolwe di ka dira gore go nne thata go fenya thaelo. Ka sekai, go batla go tsewa o itse dilo go ka dira gore o tlogele maitseo a mantle a o a rutilweng kwa lapeng. Seo ke sone se se neng sa diragalela Steve fa a ne a le dingwaga di le 17. A re, “ke ne ka tsuologela batsadi ba me mme ka dira sengwe le sengwe fela se ba neng ba nthutile gore ke se ka ka se dira—ke dirile dilo tseno tsotlhe fela fa ke sena go kolobediwa.”

Kafa O ka E Fenyang ka Gone

Gone ke boammaaruri gore go thata go fenya dikeletso tse di tlhalositsweng fa godimo. Le fa go ntse jalo, o ka kgona go fenya thaelo. Jang?

● Sa ntlha, itse gore ke thaelo efe e go leng thata le go feta go lebana le yone. (O ka tswa o setse o e tshwaile mo tsebe 65.)

● Go tswa foo, ipotse, ‘Gantsi thaelo eno e direga leng?’ Tshwaya ka ✔ go lebagana le nngwe ya dintlha tse di latelang:

□ Fa ke le kwa sekolong

□ Fa ke le nosi

□ Fa ke le kwa tirong

□ Tse dingwe

Go itse gore thaelo e ka direga leng go ka nna ga go thusa gore o kgone go e tila. Ka sekai, akanya ka tiragalo e e tlhalositsweng kwa tshimologong ya kgaolo eno. Karen o ne a bone tlhagiso efe e e neng ya dira gore a itse gore go tla nna le mathata kwa pokanong e a yang kwa go yone?

․․․․․

O ka bo a ile a dira eng go tila thaelo eo gotlhelele?

․․․․․

● E re ka jaanong o itse thaelo e o ka lebanang le yone le gore e ka direga leng, o siametse go tsaya kgato. Selo sa ntlha se o tshwanetseng go se dira ke go itse gore o ka dira jang gore o fokotse maemo a a ka dirang gore o lebane le thaelo kgotsa o a tile gotlhelele. Kwala fa tlase fano se o ka se dirang.

․․․․․

(Dikai: Fa e le gore gantsi morago ga sekolo o kopana le bana ba ba go rotloetsang gore o goge motsoko le bone, gongwe o ka fetola tsela e o tsamayang ka yone gore o se ka wa kopana le bone. Fa e le gore o amogela ditshwantsho tse di hepisang ka Internet tse o sa di kopang, gongwe o ka akanyetsa go tsenya thulaganyo e e thibelang melaetsa yotlhe e e tswang kwa mothong yoo kgotsa mo mafelong a mangwe a Internet gore e se ka ya tsena. Gape fa o dira dipatlisiso mo Internet, o ka dirisa mafoko a a go thusang go ya ka tlhamalalo kwa go se o se batlang.)

Gone ke boammaaruri gore ga o ka ke wa tila dithaelo tsotlhe. Go ise go ye kae o ka nna wa lebana le thaelo nngwe e e maatla—gongwe e le ka nako e o neng o sa e lebelela gotlhelele. O ka dira eng ka seo?

Nna o Ipaakantse

Fa Jesu a ne a “raelwa ke Satane” o ne a kgona go mo ganetsa ka yone nako eo. (Mareko 1:13) Ka ntlha yang? Ka gonne o ne a setse a itse gore o tla dira eng fa a lebana le boemo joo. Jesu o ne a setse a ititeile sehuba gore o tla ikobela Rraagwe ka dinako tsotlhe. (Johane 8:28, 29) Tota o ne a bua go tswa pelong fa a re: “Ke fologile kwa legodimong go tla go dira, e seng thato ya me, fa e se thato ya yo o nthomileng.”—Johane 6:38.

Mo tsebeng e e latelang, kwala mabaka a le mabedi a go bo o tshwanetse go fenya thaelo e gantsi o lebanang le yone o bo o kwale le dilo di le pedi tse o ka di dirang tse di tla go thusang go fenya thaelo eo.

Lebaka la go bo o tshwanetse go e fenya:

1 ․․․․․

2 ․․․․․

Dilo tse di tla go thusang go e fenya:

1 ․․․․․

2 ․․․․․

Se lebale, fa o ineela mo thaelong o fetoga motlhanka wa dikeletso tsa gago. (Tito 3:3) Ke eng fa o itetla go laolwa ke dikeletso tsa gago? Nna le bopelokgale jwa go laola dikeletso tsa gago go na le go di letla gore di go laole. (Bakolosa 3:5) Mme o rapele ka kgang eno gore o tswelele o dira jalo.—Mathaio 6:13. *

BALA GO YA PELE KA KGANG ENO MO BOLUMONG YA 2, KGAOLO 15

MO KGAOLONG E E LATELANG

A bosheng jaana o nna fela o lapile? Bona kafa o ka tokafatsang botsogo jwa gago ka gone gore o nne le maatla gape!

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 43 Bala gape le Kgaolo 33 le 34 ya buka eno.

DITEMANA TSA BOTLHOKWA

“Modimo o a ikanyega, e bile ga a na go lo lesa lo raelwa go feta se lo ka se itshokelang, mme mmogo le thaelo gape o tla dira tsela ya go tswa gore lo kgone go e itshokela.”—1 Bakorintha 10:13.

KAKANTSHO

Dirisa “Thulaganyo ya go Fenya Kgatelelo ya Balekane” e e mo tsebe 132 le 133 ya buka ya Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo, Bolumo 2, go ipaakanyetsa tsela e o tla arabang ka yone fa mongwe a leka go go raela go dira se se sa siamang.

A O NE O ITSE GORE . . . ?

Modimo o ne a bolelela pele gore Jesu o ne a tla ikanyega, mme seo se ne se sa reye gore Jesu o ne a tshwana le roboto, a tsentswe thulaganyo ya go ikobela sengwe le sengwe fela. Go na le moo, o ne a kgona go itirela ditshwetso. Go ne go sa rulaganngwa go sa le gale gore o tla ikanyega—o ne a tlhopha go nna a ikanyega. Leo ke lengwe la mabaka a a neng a dira gore a rapele ka tlhoafalo fa a lebane le teko.—Bahebera 5:7.

SE KE SE IKAELETSENG!

Gore ke kgone go ikemela fa ke lebana le thaelo ke tla ․․․․․

Batho, mafelo le maemo mangwe a ke tshwanetseng go a tila a akaretsa ․․․․․

Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․․

O AKANYANG?

● A dibopiwa tse di itekanetseng di ka raelesega?—Genesise 6:1-3; Johane 8:44.

● Fa o kgonne go fenya thaelo, boikanyegi jwa gago bo ama ba bangwe jang?—Diane 27:11; 1 Timotheo 4:12.

[Mafoko a a mo go tsebe 68]

“Ke thusiwa thata ke go itse gore go na le Motho mongwe yo o maatla go ba gaisa botlhe mo lobopong yo o nkemeng nokeng le gore nka kopa thuso ya gagwe nako nngwe le nngwe fela fa ke e tlhoka!’’—Christopher

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 67]

Leka go Dira Seno!

Tsaya kompase mme o e beye ka tsela e e tla dirang gore lonaka lwa yone lo supe kwa bokone. Jaanong baya makenete gaufi le kompase. Go direga eng? Lonaka ga lo tlhole lo supa kwa lo tshwanetseng go supa teng. Go na le moo, lo supa kwa ntlheng ya makenete.

Segakolodi sa gago se tshwana le kompase eo. Fa se thapisitswe sentle, se tla supa kwa “bokone” mme se go thuse go dira ditshwetso tse di siameng. Le fa go ntse jalo, fela jaaka makenete, botsala jo bo sa siamang bo ka fetola tsela e e siameng e o lebang dikgang tse di amanang le boitsholo ka yone. O ithuta eng mo go seno? Leka go tila batho le maemo a a ka senyang boitsholo jwa gago jo bo siameng!—Diane 13:20.

[Setshwantsho mo go tsebe 69]

Fa o ineela mo thaelong o fetoga motlhanka wa dikeletso tsa gago