Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng fa ke Tshwanetse go Tlhokomela Botsogo Jwa Me?

Ke Eng fa ke Tshwanetse go Tlhokomela Botsogo Jwa Me?

Kgaolo 10

Ke Eng fa ke Tshwanetse go Tlhokomela Botsogo Jwa Me?

Tshwaya ka ✔ go lebagana le mokgele o o batlang go o fitlhelela.

□ Go fokotsa tlhobaelo

□ Go laola bogale

□ Go ikutlwa ke itshepa

□ Go nna ke ntshitse matlho dinameng

□ Go nna matlhagatlhaga

□ Go tokafatsa mmala wa letlalo

□ Go fokotsa boima jwa mmele

GO NA le dilo dingwe mo botshelong tse wena jaaka mosha o ka se kang wa di itlhophela—batsadi ba gago, bana ba gaeno le kwa o nnang teng, fa re umaka di se kae fela. Le fa go ntse jalo, ga go a nna jalo ka botsogo jwa gago. Le fa o sa kgone go itlhophela tsela e o lebegang ka yone, gantsi botsogo jwa gago jone bo laolwa ke tsela e o tshelang ka yone. *

O ka nna wa re: ‘Mme gone ke monnye thata gore nka tshwenyega ka botsogo jwa me!’ A tota o akanya jalo? Lebelela lenaane la mekgele le le mo tsebe 71. O tshwaile e le kae? O dumela kgotsa o sa dumele, go nna le botsogo jo bo molemo ke gone go tla go thusang gore o fitlhelele mongwe le mongwe wa mekgele eo.

Gongwe o ka tswa o ikutlwa jaaka Amber wa dingwaga tse 17, yo o reng: “Nka se kgone go nna ke ja merogo fela, dijo tse di se nang mafura le tse di se nang sukiri!” Fa e le gore ke tsela e le wena o ikutlwang ka yone, se tshwenyege—ga go tlhokege gore o tlogele go ja dimonamone gotlhelele kgotsa o taboge dikgala beke le beke. Tota boammaaruri ke gore, gongwe o tlhoka diphetogo di se kae fela gore o simolole go lebega botoka, o ikutlwe sentle le gore mmele wa gago o bereke sentle. A re bone kafa bangwe ba balekane ba gago ba ileng ba dira seno ka teng.

Ja Sentle—O Lebege Botoka!

Baebele e kgothaletsa gore re nne tekatekano mo mekgweng ya rona. Diane 23:20 (Contemporary English Version) ya re: “O se ka . . . wa ja bobe.” Ga se ka metlha go leng motlhofo go latela kgakololo eo.

“Fela jaaka basha ba bangwe ba bantsi, ke nna ke tshwerwe ke tlala. Batsadi ba me ba re mpa ya me e kete ke mosima o o sa tlaleng!—Andrew, 15.

“E re ka ke sa tlhaloganye kafa dijo dingwe di leng kotsi ka teng mo go nna gone jaanong, ga ke bone di ka ntlhagisetsa kotsi.”—Danielle, 19.

A o tlhoka go ikgapa thata fa go tla mo kgannyeng ya dijo? Fa tlase fano ke se bangwe ba balekane ba gago ba reng se a ba thusa.

Reetsa mpa ya gago. Julia wa dingwaga tse 19 a re: “Ke ne ke tlhola ke tshwenyega thata ka dijo tse ke di jang mme gone jaanong, ke emisa go ja fela fa ke utlwa gore ke kgotshe.”

Tila dijo tse di se nang dikotla. Peter wa dingwaga tse 21 a re: “E re ka ke ile ka tlogela go nwa dinotsididi tse di nang le asiti, boima jwa me jwa mmele bo ne jwa fokotsega ka dikilogerama di le tlhano mo kgweding e le nngwe fela!”

Nna le mekgwa e e siameng ya go ja. Erin yo o nang le dingwaga di le 19 o bolela jaana: “Ke leka gore ke se ka ka ipoeletsa fa ke ja.”

Sephiri sa go Atlega: O se ka wa fetwa ke nako epe ya dijo! Fa o ka dira jalo, o tla ikutlwa o tshwerwe ke tlala thata mme o bo o patelesega go ja go feta selekanyo.

Ikatise mo go Oketsegileng Mme o Ikutlwe Botoka!

Baebele ya re: “Go thapisa mmele go tswela mosola.” (1 Timotheo 4:8) Le fa go ntse jalo, go bonala basha ba le bantsi ba sa rate go ikatisa.

“Ga o ka ke wa dumela gore ke bana ba le kae ba ba neng ba palelwa ke go falola thuto ya go ikatisa fa ke ne ke le kwa sekolong se segolwane. E ne e le yone thuto e e motlhofo, e tshwana fela le go ja dijo tsa motshegare!”—Richard, 21.

“Bangwe ba na le mogopolo wa gore, ‘Tota ga go tlhokege gore o taboge kwa ntle mo mogoteng wa letsatsi go fitlha o fufula o bo o lapa, fa o ka itshamekela motshameko wa bidio o o dirang gore o ipone e kete o mongwe yo o dirang seo.’”—Ruth, 22.

A lefoko “go ikatisa” ka bolone fela le a go lapisa? Fa go ntse jalo, fa tlase fano go na le melemo e meraro e o ka e bonang fa o ka nna le mokgwa o montle wa go ikatisa.

Molemo #1. Go ikatisa go nonotsha mmele gore o kgone go lwantsha malwetse. Rachel wa dingwaga tse 19 a re: “Rre o ne a tlhola a re, ‘Fa o tlhoka nako ya go ikatisa, o tla nna le nako ya go lwala.’”

Molemo #2. Go ikatisa go ntsha dikhemikale tsa boboko tse di go thusang go ritibala. Emily yo o nang le dingwaga di le 16 a re: “Go taboga go nthusa go ritibala fa ke na le dilo di le dintsi mo mogopolong. Ke ikutlwa ke lapologetswe mo mmeleng mme ke imologile mo maikutlong.”

Molemo #3. Go ikatisa go ka oketsa dilo tse o di ipelelang. Ruth, wa dingwaga tse 22 a re: “Ke rata go nna kwa ntle, ka jalo dilo dingwe tse ke di dirang fa ke ikatisa ke go iphokisa phefo, go thuma, go relela mo kapokong le go palama baesekele.”

Sephiri sa go Atlega: Iphe bobotlana metsotso e le 20 gararo ka beke, o dire sengwe se o se ratang go ikatisa mmele ka matlhagatlhaga.

Robala Sentle—O Tla Bereka Sentle!

Baebele ya re: “Boikhutso jo bo tletseng seatla bo botoka go na le tiro ya bonatla e e tletseng seatla gabedi le go kgaratlhela phefo.” (Moreri 4:6) Fa o sa robale sentle, ga o ka ke wa bereka sentle!

“Fa ke sa robala mo go lekaneng, ga ke kgone go akanya sentle. Ke nna le bothata jwa go tlhoma mogopolo mo go sepe fela!”—Rachel, 19.

“Mo e ka nnang ka 2:00 pm., ke ikutlwa ke lapile thata mo nka tshwarwang le boroko ke ntse ke tshwere motlotlo!”—Kristine, 19.

A o tlhoka go robala mo go oketsegileng? Fa tlase fano ke se bangwe ba balekane ba gago ba ileng ba se dira.

Tila go robala bosigo thata. Catherine wa dingwaga tse 18 a re: “Ke ntse ke leka go robala ka nako.”

Emisa motlotlo. Richard wa dingwaga tse 21 a re: “Ka dinako tse dingwe ditsala tsa me di a nteletsa kgotsa di nthomelela melaetsa ka founo bosigo thata mme bosheng jaana ke ithutile go emisa motlotlo ke bo ke ya go robala.”

O se ka wa fetofetoga. Jennifer wa dingwaga tse 20 o bolela jaana: “Bosheng jaana, ke leka go robala le go tsoga ka nako e e tshwanang letsatsi le letsatsi.”

Sephiri sa go Atlega: Leka go robala bobotlana diura di le robedi bosigo bongwe le bongwe.

O ka solegelwa molemo tota fa o ka tsaya dikgato di se kae fela tse di motlhofo go itlhokomela. Se lebale gore go nna le botsogo jo bo siameng go tla go thusa gore o lebege sentle, o ikutlwe botoka e bile go tla go thusa gore o bereke botoka thata. Go farologana le dilo dingwe tse di rileng mo botshelong, botsogo jwa gago ke sengwe se o ka kgonang go se laola. Erin wa dingwaga tse 19 a re: “Boammaaruri ke gore botsogo jwa gago bo ikaegile ka motho a le mongwe fela—wena.”

O KGAOLONG E E LATELANG

A wena le batsadi ba gago ga lo dumalane ka kgang ya moaparo? Bona gore ke eng se gongwe lo ka se dirang gore lo feleletse lo dumalana!

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 11 Ke boammaaruri gore batho ba le bantsi ba tshwenngwa ke mathata a botsogo kgotsa makoa mangwe a ba ka se kgoneng go a fetola. Setlhogo seno se tla thusa batho ba ba ntseng jalo go nna le botsogo jo bo botoka go ya ka selekanyo se ba ka se kgonang.

DITEMANA TSA BOTLHOKWA

“Go thapisa mmele go tswela mosola.”—1 Timotheo 4:8.

KAKANTSHO

Batla mongwe yo o ka ikatisang le ene. Seno se tla go kgothatsa ka gonne o tla bo o sa batle go swabisa motho yoo.

A O NE O ITSE GORE . . . ?

Go ikatisa go dira gore mmele wa gago o ntshe di-endorphin—dikhemikale tse di mo bobokong tse di ka fokotsang botlhoko le go tokafatsa botsogo jwa gago.

SE KE SE IKAELETSENG!

Mokgele o nka o kgonang o ke tla ipeelang one malebana le dijo tse ke di jang ke ․․․․․

Mokgele o nka o kgonang o ke tla ipeelang one malebana le go ikatisa ke ․․․․․

Ke tla kgaratlhela go robala bobotlana diura di le bosigo bongwe le bongwe mo kgweding e e latelang. ․․․․․

Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․․

O AKANYANG?

● Go tlhokomela botsogo jwa gago go ka ama jang tsela e o itshepang ka yone?

● Ke eng se se leng botlhokwa go feta go tlhokomela botsogo jwa gago?—1 Timotheo 4:8.

[Mafoko a a mo go tsebe 74]

“Ke rata tsela e ke ikutlwang ka yone fa ke ikatisa. Mme fa ke simolola go lebega botoka ka ntlha ya gone, ke ikutlwa ke itshepa thata!’’—Emily

[Lebokoso mo go tsebe 73]

“Ke ne ka Fetola Tsela e ke Neng ke Tshela ka Yone”

“Fa ke sa ntse ke le mosha ke ne ke le mokima tota, e leng selo se ke neng ke sa se batle. Ke ne ke sa rate tsela e ke neng ke lebega le go ikutlwa ka yone! Gangwe le gape, ke ne ke leka go fokotsa boima jwa me jwa mmele ka go ja dijo tse di kgethegileng mme ka metlha ke boa ke oketsega. Ka jalo, fa ke le dingwaga di le 15, ke ne ka swetsa ka gore ke tshwanetse go dira diphetogo mo botshelong jwa me. Ke ne ke batla go fokotsa boima jwa mmele ka tsela e e tshwanetseng—tsela e ke tla e dirisang botshelo jwa me jotlhe. Ke ne ka reka buka e e buang ka dijo tse di nang le dikotla le ka ditsela tse di siameng tsa go ikatisa mme ka dirisa se ke neng ke se bala. Ke ne ke ikemiseditse gore le fa nka palelwa ke go latela seno ka nakwana kgotsa ka kgobega marapo, nka se ineele. Matswela e ne ya nna afe? Thulaganyo eno e ne ya mperekela! Mo lobakeng lwa ngwaga fela ke ne ka fokotsega ka dikilogerama di le 25. E setse e le dingwaga di le pedi boima jwa me jwa mmele bo sa fetoge. Ke ne ke sa dumele gore seno se tla direga! Ke akanya gore lebaka la go bo ke ile ka atlega ke gore ke ne ke sa je fela dijo tse di kgethegileng—ke ne ka fetola tsela e ke neng ke tshela ka yone.”—Catherine, 18.

[Setshwantsho mo go tsebe 74]

Botsogo jwa gago bo tshwana le koloi —fa o sa e tlhokomele sentle, e tla senyega