Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Apare Eng?

Ke Apare Eng?

Kgaolo 11

Ke Apare Eng?

Heather o tloga a tswa ka kgoro mme batsadi ba gagwe ga ba dumele se ba se bonang.

Rraagwe o phatloga fela a bo a re: “Tota o apere eng?”

Heather o araba a gakgametse, “Ke eng se se phoso ka moaparo wa me? Ke ya fela kwa mmolong le ditsala tsa me.”

Mmaagwe a re: “Mme ga o tswe fa o apere jalo!”

Heather o araba jaana a ngongorega: “Mme gone Mama, ke tsela e bana botlhe ba aparang ka yone. Tota e bile e bontsha gore ke tsamaya le dinako!”

Rraagwe o mo tlhasela gape, “Tsela e o apereng ka yone e naya batho molaetsa o o sa siamang ka wena! Jaanong ya kwa phaposing ya gago o ye go apara diaparo tse dingwe, go seng jalo ga o ye gope!”

GO TLWAELEGILE gore batsadi le basha ba lwe ka kgang ya moaparo. Batsadi ba gago le bone ba ka tswa ba nnile le dintwa tsa mofuta oo le batsadi ba bone fa ba ne ba lekana le wena. Mme ka nako eo, ba ka tswa ba ne ba ikutlwa jaaka o ikutlwa gone jaanong! Jaanong ke bone batsadi, mme kgang ya moaparo e baka dikgogakgogano tse di sa feleng.

Wena wa re: Se a ntshwanela.

Bone ba re: O lebega botlhaswa.

Wena wa re: Se sentle tota!

Bone ba re: Se tsosa keletso ya tlhakanelo dikobo.

Wena wa re: Se tlhwatlhwatlase.

Bone ba re: Se a bonala . . . E kete ga se a fela go rokiwa!

A go na le tsela ya go dira kagiso? Ee! Megan wa dingwaga tse 23 o itse se se ka thusang. A re: “Ga go tlhokege gore lo omane. Lo ka kgona go dumalana.” Go dumalana? A seo se raya gore o tshwanetse go apara e kete o na le dingwaga tse 40? Nnyaa, diga makgwafo! Go dumalana go raya fela gore wena le batsadi ba gago lo tlotle ka dilo tse lo sa dumalaneng ka tsone mme lo batle tharabololo e bone—le wena—lo ka dumalanang ka yone. Seo se tla nna le melemo efe?

1. O tla lebega o le montle, tota le mo balekaneng ba gago.

2. Batsadi ba gago ga ba na go nna ba ngongorega ka se o se aparang.

3. Fa batsadi ba gago ba sena go bona kafa o nang le maikarabelo ka gone fa o tlhopha diaparo, ba ka nna ba bo ba go naya kgololesego le mo dilong tse dingwe.

Jaanong a re simololeng. Akanya ka seaparo se “o se batlang tota” se o se boneng mo Internet kgotsa kwa lebenkeleng lengwe. Selo sa ntlha se o tshwanetseng go se dira ke go . . .

Akanyetsa Melaometheo ya Baebele

Baebele ga e bue go le kalo ka moaparo. Tota e bile, kgakololo ya Dikwalo e e buang ka tlhamalalo ka kgang eno o ka kgona go e bala ka metsotso e se kae fela! Mme gone, mo nakong eo o ka bona kgakololo e e utlwalang le e e botlhokwa. Ka sekai:

● Baebele e gakolola basadi gore ba ikgabise “ka boingotlo le go itekanela sentle ga mogopolo.” *1 Timotheo 2:9, 10.

Gongwe o tshwenngwa ke lefoko “boingotlo.” O ka nna wa ipotsa gore, ‘A jaanong ke tshwanetse go apara dikgetsi?’ Nnyaa le eseng! Mo go se se buiwang fano, boingotlo bo kaya gore diaparo tsa gago di tshwanetse go bontsha gore o motho yo o itlotlang le gore o akanyetsa maikutlo a batho ba bangwe. (2 Bakorintha 6:3) Go na le diaparo di le dintsi tse di tshwanelang tlhaloso eo. Danielle wa dingwaga di le 23 a re: “Tota seo ke kgwetlho, mme gone o ka kgona go apara sentle o sa apara meaparo ya feshene e e feteletseng.”

● Fa Baebele e bua ka tsela e o tshwanetseng go lebega ka yone ya re, o tshwanetse go tlhoma mogopolo mo ‘mothong wa sephiri wa pelo’—kgotsa jaaka Today’s English Version e tlhalosa, “se o leng sone mo teng.”—1 Petere 3:4.

Seaparo se se se nang seriti se ka nna sa ngoka batho bangwe ka nakwana, mme gone bontle jwa gago jwa kafa teng ke jone bo tla dirang gore batho ba bagolo le balekane ba gago ba go tlotle go ya go ile. Balekane ba gago? Ee—tota le bone ba ka kgona go bona meaparo e e bontshang boeleele. Brittany wa dingwaga di le 16 a re: “Ruri go a tena go bona meaparo e basadi ba e aparang fela gore ba kgone go gogela banna!” Kay o dumalana le seo. Fa a bua ka motho mongwe yo e kileng ya bo e le tsala ya gagwe a re: “Sengwe le sengwe se a neng a se apara e ne e kete sa re ‘ntebeng.’ O ne a batla go ngoka basimane, mme gore a kgone go dira jalo o ne a ka apara seaparo sengwe le sengwe fela se se ka ba gogelang.”

Kopa Thuso mo Batsading ba Gago

Go tsenya seaparo se se se nang seriti mo kgetsaneng ya gago ya sekolo o bo o ya go se apara fa o fitlha kwa sekolong ga se tsela e e siameng ya go dira dilo. Batsadi ba gago ba tla go ikanya fa o ba bulela mafatlha mme o ikanyega mo go bone tota le mo dilong tse o akanyang gore o ne o ka kgona go di dira kwantle ga gore ba itse. Tota e bile, go molemo gore o kope kgakololo ya bone fa o akanyetsa go reka seaparo sengwe. (Diane 15:22)—Dirisa “Kaedi ya Moaparo” e e mo tsebe 82 le 83.

Mme gone ke eng fa o tshwanetse go kopa kgakololo ya bone? A tiro ya batsadi ba gago ga se go go thibela go apara ka tsela e wena o e ratang? Nnyaa. Gone ke boammaaruri gore tsela e mmago le rrago ba lebang dilo ka yone e ka tswa e farologane le e wena o di lebang ka yone mme gone ka dinako dingwe seo ke sone se o se tlhokang. Nataleine wa dingwaga di le 17 a re: “Ke anaanela thata kgakololo ya batsadi ba me ka gonne ga ke batle go tswa mo ntlong ke apere ka tsela e e tlhabisang ditlhong kgotsa gore batho ba bue maswe ka nna ka ntlha ya moaparo wa me.”

Mme gone fa re bua boammaaruri fela: Fa fela o sa ntse o nna le batsadi ba gago, o sa ntse o le mo taolong ya bone. (Bakolosa 3:20) Le fa go ntse jalo, fa o setse o tlhaloganya tsela e ba ikutlwang ka yone—mme le bone ba tlhaloganya kafa o ikutlwang ka gone—o tla gakgamala go bona kafa gantsi lo tla dumalanang ka gone. Mme fa go nna jalo, gongwe seo e tla bo e le bokhutlo jwa dintwa tsa lona tsa moaparo!

Kakantsho fa o Tlhopha Diaparo: Fa o itekanya diaparo, o se ka wa akanya fela ka se o se bonang mo seiponeng. Seaparo se go bonalang se na le seriti se ka nna sa tlhoka seriti fa o nna fa fatshe kgotsa o inama o sela sengwe. Fa go kgonega, kopa kgakololo ya motsadi kgotsa ya tsala nngwe e e godileng.

MO KGAOLONG E E LATELANG

A mmaba yo mogolo wa gago ke wena? Ke eng se o ka se dirang fa o sa rate se o leng sone?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 23 Le fa gone kgakololo eo ya Baebele e lebisitswe mo basading, melaometheo ya yone e dira mo banneng le mo basading.

DITEMANA TSA BOTLHOKWA

“A mokgabo wa lona e se ka ya nna . . . wa go apara diaparo tsa kafa ntle, mme a e nne motho wa sephiri wa pelo.”—1 Petere 3:3, 4.

KAKANTSHO

O se ka wa apara meaparo e e tsosang keletso ya tlhakanelo dikobo. E dira gore o lebege o le motho yo o batlang go ngoka kgatlhego ya batho ba bong bo sele kgotsa yo o sa akanyetseng ba bangwe.

A O NE O ITSE GORE . . . ?

Tsela e batho ba akanyang ka yone ka wena fa ba go bona lekgetlo la ntlha, gantsi e ikaegile ka gore o apere jang.

SE KE SE IKAELETSENG!

Mongwe mo lelapeng kgotsa tsala e e godileng semoyeng e nka buang le yone ka seaparo sengwe se ke batlang go se reka ke ․․․․․

Mo nakong e e tlang fa ke reka seaparo, ke tla akanyetsa dintlha tse di latelang: ․․․․․

Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․․

O AKANYANG?

● Ke ka ntlha yang fa gantsi batsadi le basha ba lwa ka kgang ya moaparo?

● Ke bokgoni bofe jo o ka nnang le jone fa o ka tlotla le batsadi ba gago ka kgang ya moaparo?

[Mafoko a a mo go tsebe 81]

“Fa ke bona basetsana ba ba apereng diaparo tse di se nang seriti, ga ke tlhole ke ba tlotla. Mme gone, fa ke bona batho ba ba apereng diaparo tse di nang le seriti e bile di le dintle, ke akanya jaana, ‘Ke tsela e le nna ke batlang batho ba nteba ka yone.’’’—Nataleine

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 82, 83]

Kaedi

Kaedi ya Moaparo

Ditaelo: Dira dikhopi tsa ditsebe tseno. Kopa batsadi ba gago gore ba tlatse kaedi eno kafa mojeng mme wena o e tlase kafa molemeng. Morago ga foo, naya batsadi ba gago e o e tladitseng, bone ba go neye ya bone mme lo tlotle ka dikarabo tse lo di kwadileng. A go na le dilo dingwe tse lo neng lo sa di lebelela? Mongwe le mongwe wa lona o ithutile eng se pele a neng a sa se itse ka tsela e yo mongwe a lebang dilo ka yone?

Ya Gago Akanya ka seaparo sengwe se o batlang go se apara kgotsa go se reka.

Ke eng fa o rata seaparo seno? Kwala mabaka a gago fa tlase fano mme a latelane go ya ka botlhokwa jwa one.

․․․․․ Leina la seaparo

․․․․․ Se ngoka batho ba bong bo sele

․․․․․ Balekane ba me ba a se rata

․․․․․ Se a ntshwanela

․․․․․ Tlhwatlhwa ya sone

․․․․․ Tse dingwe ․․․․․

Ke akanya gore batsadi ba me ba tla itshwara jaana fa ba simolola go bona seaparo seno

□ “Lebala ka sone!”

□ “Gongwe.”

□ “Se siame.”

Fa ba ka gana, gongwe lebaka e tla bo e le

□ “Se tsosa keletso ya tlhakanelodikobo.”

□ “Se botlhaswa.”

□ “Ke sa feshene e e feteletseng.”

□ “Se dira gore re lebege jaaka batsadi ba ba se nang maikarabelo.”

□ “Se tura thata.”

□ Tse dingwe ․․․․․

A re Ka Dirisana mo Kgannyeng Eno?

Tsela e batsadi ba me ba lebang dilo ka yone e ka nthusa jang?

․․․․․

Go tweng fa e le gore seaparo se ka baakanngwa go dira gore se nne le seriti?

․․․․․

Ya Batsadi ba Gago Akanya ka seaparo se se rileng se ngwana wa gago wa dingwaga tsa bolesome a batlang go se apara kgotsa go se reka.

O akanya gore ke eng fa ngwana wa gago a rata seaparo se? Fa tlase fano kwala mabaka a o akanyang gore ke a botlhokwa mo go ene mme a latelane go ya ka botlhokwa jwa one.

․․․․․ Leina la seaparo

․․․․․ Se ngoka batho ba bong bo sele

․․․․․ Balekane ba gagwe ba a se rata

․․․․․ Se a mo tshwanela

․․․․․ Tlhwatlhwa ya sone

․․․․․ Tse dingwe ․․․․․

Tsela e ke tla itshwarang ka yone fa ke se bona la ntlha ke

□ “Lebala ka sone!”

□ “Gongwe.”

□ “Se siame.”

Gongwe lebaka la go bo ke sa se batle ke gore

□ “Se tsosa keletso ya tlhakanelodikobo.”

□ “Se botlhaswa.”

□ “Ke sa feshene e e feteletseng.”

□ “Se dira gore re lebege jaaka batsadi ba ba se nang maikarabelo.”

□ “Se tura thata.”

□ Tse dingwe ․․․․․

A re Ka Dirisana mo Kgannyeng Eno?

A lebaka la go bo re sa batle seaparo seno ke fela gore rona ga re se rate?

□ Ee □ Gongwe □ Nnyaa

Go tweng fa e le gore seaparo se ka baakanngwa go dira gore se nne le seriti?

․․․․․

Tshwetso ․․․․․

[Lebokoso mo go tsebe 84]

Go Tweng ka Basimane?

Melaometheo ya Baebele e go tlotlilweng ka yone mo kgaolong eno e ama le basimane. Nna bori. Dira gore motho wa gago wa sephiri e leng pelo—se o leng sone mo teng—a bonale. Fa o batla go reka seaparo sengwe, ipotse: ‘Seaparo seno se naya batho molaetsa ofe ka nna? A ‘molaetsa’ oo o tlhalosa se tota ke leng sone?’ Se lebale, diaparo di tlhalosa se motho a leng sone. Tlhomamisa gore diaparo tsa gago di tlhalosa se o se dumelang!

[Setshwantsho mo go tsebe 80]

Tsela e o aparang ka yone e tshwana le letshwao le le bolelelang batho gore o motho wa mofuta mang. “Letshwao” le wena o itiretseng lone le raya batho le reng ka wena?

se o se bolelelang batho