Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nka Dira Eng Gore ke Kgone go Itshepa?

Nka Dira Eng Gore ke Kgone go Itshepa?

Kgaolo 12

Nka Dira Eng Gore ke Kgone go Itshepa?

Ee Nnyaa

Fa o iteba mo seiponeng,a o rata se o se bonang? □ □

A o akanya gore o na le bokgoni jo o ka bo akgolelwang? □ □

A o kgona go emelana le to peer pressure? kgatelelo ya balekane? □ □

A ga o nne le bothata fa o tshwaiwa diphoso tse le wena o di bonang? □ □

A o kgona go itshokela dilo tse di seng boammaaruri tse ba bangwe ba di buang ka wena? □ □

A o ikutlwa o ratwa? □ □

A o tlhokomela botsogo jwa gago? □ □

A o itumelela ba bangwe fa ba atlega? □ □

A o ipona o atlegile mo botshelonga? □ □

Fa e le gore o arabile bontsi jwa dipotso tse di fa godimo ka nnyaa, gongwe go sa itshepe go dira gore o se ka wa lemoga bokgoni jo o nang le jone. Kgaolo eno e kwaletswe go go thusa go lemoga bokgoni jwa gago!

BASHA ba le bantsi ba tshwenngwa ke go nna le dipelaelo ka tsela e ba lebegang ka yone le bokgoni jo ba nang le jone le go ipapisa le batho ba bangwe. A le wena o ntse jalo? Fa go le jalo, itse gore go na le basha ba bangwe ba bantsi ba ba ikutlwang ka tsela eo!

“Makoa a me a nkgoba marapo. Gantsi ke nna ke itshwayatshwayang diphoso go feta le fa e le mang fela.”—Leticia.

“Go sa kgathalesege gore o montle go le kana kang, ka metlha o kopana le bangwe ba bantle go go feta.”—Haley.

“Ga ke nnisege fa ke le mo gare ga batho ba bangwe. Ke tshaba gore ba tla ntsaya ke se motho wa sepe.”—Rachel.

Fa e le gore o ikutlwa jaaka basha ba ba tlhalositsweng fa godimo, o se ka wa itlhoboga. O ka kgona go bona thuso. Ela tlhoko dintlha di le tharo tse di thusang motho go itshepa tse di tla dirang gore o itebe ka tsela e e tshwanetseng.

Direla ba Bangwe Dilo

Temana ya botlhokwa. “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.”—Ditiro 20:35.

Se e se kayang. Fa o thusa ba bangwe, le wena o a bo o ithusa. Jang? Seane sa Baebele sa re: “Bopelotshweu bo tla duelwa. Naya mongwe kopi ya metsi mme le wena o tla newa kopi ya metsi.” (Diane 11:25, Contemporary English Version) Seo ke boammaaruri jo bo ka se ganediweng—fa o thusa ba bangwe, o ikutlwa o kgotsofetse! *

“Ke akanya ka dilo tse nka di direlang ba bangwe ke bo ke thusa mongwe yo o tlhokang thuso mo phuthegong ya rona. Go bontsha ba bangwe gore ke a ba rata e bile ke amega ka bone go dira gore ke ikutlwe ke kgotsofetse.”—Breanna.

“Bodiredi jwa Bokeresete bo solegela molemo ka gonne bo go pateletsa gore o tlogele go akanya ka se wena o se tlhokang mme o simolole go akanya le ka batho ba bangwe.”—Javon.

Tlhagiso: O se ka wa thusa ba bangwe fela ka gonne o batla go amogela sengwe mo go bone. (Mathaio 6:2-4) Go aba o na le maitlhomo a a sa siamang ga go ka ke ga go thusa ka sepe. Gantsi batho ba a lemoga fa o dira dilo ka maitlhomo a a sa siamang!—1 Bathesalonika 2:5, 6.

Se o ka se dirang. Akanya ka mongwe yo o kileng wa mo thusa mo nakong e e fetileng. Motho yoo e ne e le mang, mme o ne wa mo direla eng?

․․․․․

O ne wa ikutlwa jang fa o sena go mo thusa?

․․․․․

Jaanong akanya ka motho yo mongwe yo o ka mo thusang, mme o kwale fa tlase fano kafa o tla mo thusang ka gone.

․․․․․

Dira Ditsala

Temana ya botlhokwa. “Molekane wa boammaaruri o lorato ka dinako tsotlhe, mme ke morwarramotho yo o tsholetsweng nako ya fa go na le matshwenyego.”—Diane 17:17.

Se e se kayang. Tsala ya mmatota e ka go ema nokeng tota ka dinako tsa mathata. (1 Samuele 18:1; 19:2) Tota le go itse fela gore mongwe o amega ka wena go ka dira gore o ikutlwe botoka. (1 Bakorintha 16:17, 18) Ka jalo, atamalana thata le batho ba ba go tlhotlheletsang ka tsela e e molemo.

“Ditsala tsa mmatota ga di ka ke tsa go tlogela fela o le moya o o kwa tlase.”—Donnell.

“Ka dinako tse dingwe selo sa botlhokwa ke go itse fela gore go mongwe yo tota a go kgathalelang. Seo se ka dira gore o ikutlwe o le motho wa botlhokwa.”—Heather.

Tlhagiso: Tlhomamisa gore ditsala tsa gago di dira gore o nne se tota o leng sone—e seng gore o itire motho yo o seng ene, fela gore ba go amogele. (Diane 13:20; 18:24; 1 Bakorintha 15:33) Go itshwara ka tsela e e sa siamang fela gore o kgatlhe batho ba bangwe, go tla dira gore o sale o ikutlwa o nyenyefetse e bile o dirisitswe.—Baroma 6:21.

Se o ka se dirang. Fa tlase fano kwala leina la tsala e e ka dirang gore o itshepe ka tsela e e tshwanetseng.

․․․․․

Ke eng fa o sa rulaganye go fetsa nako le motho yo o mo kwadileng fa godimo?—Ela tlhoko: Ga go tlhokege gore motho yoo a bo a lekana le wena.

O se Ka wa Ineela fa o Dirile Diphoso

Temana ya botlhokwa. “Botlhe ba leofile e bile ba tlhaela kgalalelo ya Modimo.”—Baroma 3:23.

Se e se kayang. Boammaaruri ke gore ga o a itekanela. Seno se kaya gore ka dinako tse dingwe o tla bua kgotsa wa dira sengwe se se phoso. (Baroma 7:21-23; Jakobe 3:2) Le fa gone o ka se kgone go tila go dira diphoso, o ka kgona go laola tsela e o itshwarang ka yone fa o sena go di dira. Baebele ya re: “Tota le fa batho ba ba siameng ba ka wa ga supa, ba tla ema gape.”—Diane 24:16, CEV.

“Ka dinako tse dingwe go sa itshepe go bakiwa ke go bapisa makoa a rona le bokgoni jwa batho ba bangwe.”—Kevin.

“Rotlhe re na le dinonofo tse di siameng le tse di sa siamang. Re tshwanetse go nna motlotlo ka melemo e re e dirang mme re lwele go tokafatsa mo re nang le makoa teng.”—Lauren.

Tlhagiso: O se ka wa dira gore bosaitekanelang jwa gago e nne seipato sa go dira boleo. (Bagalatia 5:13) Go dira dilo tse di sa siamang ka boomo go tla dira gore o se kwa wa tlhola o amogelwa ke motho wa botlhokwa go ba gaisa botlhe—Jehofa Modimo!—Bahebera 10:26, 27.

Se o ka se dirang. Fa tlase fano, kwala nonofo e o ka ratang go tokafatsa mo go yone.

․․․․․

Kwala letlha la gompieno go bapa le nonofo eo. Batla ditsela tse di ka go thusang go tokafatsa, mme morago ga kgwedi o itlhatlhobe gore o dirile kgatelopele e e kanakang.

Kafa o Leng Botlhokwa ka Gone

Baebele ya re, “Modimo o mogolo go feta dipelo tsa rona.” (1 Johane 3:20) Seno se kaya gore o kgona go bona sengwe sa botlhokwa mo go wena se gongwe wena o sa se boneng. Mme gone, a bosaitekanelang jwa gago bo ka fetola seo? Akanya fela o tshotse R100 e e gagogileng go sekae. A o tla e latlha kgotsa o e tseye e se mosola fela ka gonne e gagogile? Nnyaa le e seng! E sa ntse e le R100—e gagogile kana e sa gagoga.

Go ntse fela jalo le ka tsela e Modimo a go lebang ka yone. Makoa a gago ga a dire gore a se ka a lemoga kafa o leng botlhokwa ka gone. O a lemoga e bile o ipelela go bona maiteko a o a dirang gore o mo itumedise, go sa kgathalesege gore wena o bona a le mannye go le kae! E le ruri Baebele e go tlhomamisetsa gore ‘Modimo ga a tshiamololo mo a ka lebalang tiro ya gago le lorato lo o lo bontshitseng leina la gagwe.’—Bahebera 6:10.

MO KGAOLONG E E LATELANG

A ka dinako tse dingwe o ikutlwa o fekeediwa ke khutsafalo? Fa go le jalo, o ka dira eng ka seo?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 21 Fa o le Mosupi wa ga Jehofa, akanya ka boitumelo jo bogolo jo o tla nnang le jone fa o rerela ba bangwe molaetsa wa Bogosi.—Isaia 52:7.

DITEMANA TSA BOTLHOKWA

“A mongwe le mongwe a bontshe se tiro ya gagwe e leng sone, mme ke gone a tla nnang le lebaka la go itumela ka ga gagwe ka esi, mme e seng a ipapisa le motho yo mongwe.”—Bagalatia 6:4.

KAKANTSHO

O se ka wa ipolelela dilo tse di jaaka ‘nna ke a palelwa’ le gore ‘ga go sepe se ke kgonang go se dira sentle.’ Maikutlo a a ntseng jalo a a feteleditsweng a go kgoba marapo. Go na le moo, amogela gore o na le makoa mme gone o itse gore go na le dilo dingwe tse o leng kgeleke mo go tsone.

A O NE O ITSE GORE . . . ?

Tsela e wena o itebang ka yone e ka ama tsela e ba bangwe ba go lebang ka yone . . . tota le e ba go tshwarang ka yone.

SE KE SE IKAELETSENG!

Fa balekane ba me ba nnyenyefatsa ke tla ․․․․․

Fa ke lemoga gore ke bona fela makoa a ke nang le one ke tla ․․․․․

Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․․

O AKANYANG?

● Ke eng fa basha e le bone ba gantsi ba sa itshepeng?

● Ke eng fa go le botlhokwa go itshepa ka tsela e e tshwanetseng?

[Mafoko a a mo go tsebe 88]

“Motho o kgona gore a bo a le montle tota mme ene a ipona a le maswe. Kgotsa motho a ka tswa a se montle mme ene a akanya gore o montle go gaisa. Go ya fela ka gore wena o ikutlwa jang.’’—Alyssa

[Setshwantsho mo go tsebe 90]

Boleng jwa madi ga bo fokodiwe ke go bo a gagogile—le wena, boleng jwa gago mo Modimong ga bo fokotsege fela ka gonne o sa itekanela