Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nka Dira Eng Gore Ke se Ka ka Nna ke Hutsafetse Jaana?

Nka Dira Eng Gore Ke se Ka ka Nna ke Hutsafetse Jaana?

Kgaolo 13

Nka Dira Eng Gore Ke se Ka ka Nna ke Hutsafetse Jaana?

“Fa ditsala tsa me di sa kgone go itshokela mathata a ba nang le one, ke nna ke ba thusang go a rarabolola le go dira gore ba ikutlwe botoka. Mme gone—go na le sengwe se batho ba sa se itseng—fa ke fitlha kwa gae ke tsena mo kamoreng ke bo ke lela.”—Kellie.

“Fa ke hutsafetse, ke itlhaola mo bathong. Fa ke lalediwa golo gongwe, ke dira diipato tsa gore ke se ka ka ya. Ke kgona go fitlha khutsafalo ya me gore ba lelapa la gaetsho ba se ka ba lemoga. Ba akanya gore ke siame.”—Rick.

A LE wena o a tle o ikutlwe jaaka Kellie kgotsa Rick? Fa go ntse jalo, o se ka wa itlhaganelela gore go na le sengwe se se phoso ka wena. Boammaaruri ke gore gangwe le gape rotlhe re a tle re hutsafale. Tota le banna le basadi ba tumelo ba go buiwang ka bone mo Baebeleng ba ne ba tle ba hutsafale.—1 Samuele 1:6-8; Pesalema 35:14.

Mo maemong mangwe o ka tswa o itse gore ke eng se se dirileng gore o hutsafale; mo go a mangwe o ka tswa o sa itse. Anna wa dingwaga tse 19 a re: “Ga o tlhoke gore o bo o le mo seemong se se maswe gore o hutsafale. Go itlela fela nako nngwe le nngwe, tota le fa o se na mathata. Ga ke kgone go go tlhalosa mme gone go a direga!”

Go sa kgathalesege gore go bakiwa ke eng—kgotsa le fa tota go ka tswa go se na se se go bakileng—o ka dira eng fa o fekeediwa ke go hutsafala? Leka go dirisa dintlha tse di latelang:

1. Bua ka gone. Fa Jobe a ne a le mo matshwenyegong a magolo, o ne a re: “Ke tla bua moya wa me o utlwile botlhoko!”—Jobe 10:1.

Kellie: “Tsela e ke ikutlwang ke imologile ka yone fa ke sena go bua le mongwe e a gakgamatsa. Kgabagare go na le mongwe yo o itseng seemo se ke leng mo go sone. Ba ka kgona go latlhela mogala mo mosimeng o ke leng mo go one gore ba nthuse go tswa—kgabagare ka bo ka bona thuso!”

Kakantsho: Fa tlase fano kwala leina la tsala e o tla e bulelang mafatlha fa o fekeediwa ke khutsafalo.

․․․․․

2. Kwala ka gone. Fa khutsafalo e ama tsela e o lebang botshelo ka yone, gongwe o ka nna wa leka go kwala kafa o ikutlwang ka gone. Ka dinako dingwe, Dafide o ne a tle a kwale ka khutsafalo ya gagwe e e boteng mo dipesalemeng tsa gagwe tse di tlhotlheleditsweng. (Pesalema 6:6) Go tlhalosa tsela e o ikutlwang ka yone ka go kwala go ka go thusa go “dibela botlhale jo bo mosola le bokgoni jwa go akanya.”—Diane 3:21.

Heather: “Go kwala go nthusa go laola dikakanyo tse dintsi tse ke nang le tsone ka ntlha ya khutsafalo. Fa o kgona go tlhalosa maikutlo a gago le go lemoga gore a bakiwa ke eng, khutsafalo e ka se go fekeetse go le kalo.”

Kakantsho: Dirisa tšhate e e mo tsebe 93 go go thusa go bona ditsela tse di botoka tsa go fenya maemo a a go hutsafatsang. Seno se tla go thusa go fokotsa khutsafalo ya gago.

3 Rapela ka gone. Baebele ya re, fa o rapela ka dilo tse di go tshwenyang, ‘kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa pelo ya gago le maatla a gago a mogopolo.’—Bafilipi 4:6, 7.

Esther: “Ke ne ke leka go batla gore tota ke eng se se nkhutsafatsang thata jaana mme ga ke a ka ka se bona. Ke ne ka kopa Jehofa gore a nthuse gore ke itumele. Ke ne ke lapisiwa ke go hutsafala ke se na lebaka. Kgabagare go ne ga siama. Le ka motlha, o se ka wa nyatsa maatla a thapelo!”

Kakantsho: Dirisa Pesalema 139:23, 24 e le sekao sa kafa o ka rapelang Jehofa ka teng. Mmulele mafatlha mme o mo kope gore a go thuse go lemoga se se go bakelang khutsafalo.

Kwantle ga dikakantsho tse go tlotlilweng ka tsone fa godimo, o na le letlotlo le le botlhokwa e leng Lefoko la Modimo, Baebele. Go tlatsa mogopolo wa gago ka dikakanyo tse di agang tse di mo dipegong tsa Baebele, go ka go ama maikutlo ka tsela e e molemo. (Pesalema 1:1-3) O ka bona dikakantsho tse di ka go thusang go dira mmalo wa Baebele o o agang, ka go sekaseka ditsebe tse di nang le setlhogo se se reng, “Sekao se se Molemo” mo bolumong nngwe le nngwe ya buka eno. Mo tsebe 227 ya Bolumo 2, o tla bona kafa moaposetoloi Paulo a ileng a lebana ka katlego ka teng le maikutlo a a sa siamang a a neng a tle a nne le one ka ntlha ya bosaitekanelang.

Fa Khutsafalo e sa Fele

Ryan a re: “Mo mesong mengwe ke bona go le botoka gore ke nne fela mo bolaong ke sa tsoge, e le gore ke se ka ka lebana le letsatsi le lengwe le le se nang mosola.” Ryan o na le bolwetse jwa go tshwenyega thata mo maikutlong jo bo bidiwang clinical depression mme go na le batho ba bangwe ba ba nang le bolwetse jono. Dipatlisiso di bontsha gore mo e ka nnang mosha a le mongwe mo go ba le banè, o nna le mofuta mongwe wa go tshwenyega mo maikutlong pele ga a nna mogolo.

O ka lemoga jang gore o na le bolwetse jwa go tshwenyega thata mo maikutlong? Matshwao mangwe a jone a akaretsa go fetofetoga thata ga maikutlo le tsela e o itshwarang ka yone, go itlhaola mo bathong, go felelwa ke kgatlhego mo bontsing jwa dilo tse o neng o rata go di dira, go fetoga thata ga tsela e o jang le e o robalang ka yone le go nna le maikutlo a a tseneletseng a go ikutlwa o se na mosola kgotsa go ipona molato go sa tlhokege.

Gone ke boammaaruri gore ka dinako tse dingwe, mo e batlileng e nna mongwe le mongwe o nna le lengwe la matshwao ano kgotsa a a fetang le le lengwe. Mme gone fa matshwao ano a tswelela ka dibeke di le mmalwa, ke eng fa o sa bue le batsadi ba gago ka go ya go bona ngaka? Ngaka e ka go thusa go lemoga gore a khutsafalo ya gago e bakiwa ke sengwe se se tlhokang kalafi. *

Fa e le gore o na le bolwetse jwa go tshwenyega thata mo maikutlong jwa clinical depression, ga o tlhoke go tlhabiwa ke ditlhong. Batho ba le bantsi ba ba nang le bolwetse jono, ba ile ba bona kalafi mme ba simolola go ikutlwa botoka—gongwe go feta kafa ba kileng ba ikutlwa ka gone mo lobakeng lo loleele! Le fa khutsafalo ya gago e ka tswa e bakiwa ke go tshwenyega thata mo maikutlong kgotsa e sa bakiwe ke gone, gakologelwa mafoko ano a a gomotsang a a mo go Pesalema 34:18: “Jehofa o gaufi le ba ba pelo e phatlogileng; mme o boloka ba ba moya o pitlaganeng.”

MO KGAOLONG E E LATELANG

Go tweng fa e le gore khutsafalo ya gago e go fekeetsa thata jaana mo o setseng o akanya ka go ipolaya?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 22 Fa khutsafalo e tswelela ka lobaka lo loleele, basha bangwe ba akanya ka go ipolaya. Fa e le gore o kile wa akanya ka gone, bua ka bonako le mongwe yo o godileng yo o mo ikanyang.—Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona Kgaolo 14 ya buka eno.

DITEMANA TSA BOTLHOKWA

“Jehofa o gaufi le ba ba pelo e phatlogileng; mme o boloka ba ba moya o pitlaganeng.”—Pesalema 34:18.

KAKANTSHO

Tlhalosa gore o ikutlwa jang fa o hutsafetse le gore o akanya gore ke eng se se ka tswang se baka khutsafalo eo. Morago ga kgwedi, bala se o se kwadileng. A tsela e o ikutlwang ka yone ka kgang eno e fetogile? Fa e le gore go ntse jalo, kwala gore ke eng se se go thusitseng

A O NE O ITSE GORE . . . ?

Go SIAME go lela, tota le fa o le mosimane. Nako nngwe mo botshelong jwa gagwe, Kgosi Dafide o ne a re: “Mo bosigong bolao jwa me le mosamo wa me di kolobediwa ke dikeledi.”—Pesalema 6:6, Contemporary English Version.

SE KE SE IKAELETSENG!

Gore ke ikutlwe botoka, ke tla dira dilo tse di latelang: ․․․․․

Go itsalanya le ditsala tse di latelang go tla nthusa go fokotsa go hutsafala: ․․․․․

Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․․

O AKANYANG?

● A go lela go na le melemo mengwe?

● Go nna mo gare ga batho ba bangwe go ka go thusa jang go fenya khutsafalo?

[Mafoko a a mo go tsebe 96]

“Fa ke hutsafetse ke leka gore ke se ka ka itlhaola mo bathong. Ee, gone nka nna ka tlhoka go nna ke le nosi gore ke akanye ka maikutlo a me, gongwe ke bo ke lele. Mme morago ga moo, ke a itse gore ke tlhoka go nna le batho ba bangwe gore ke se ka ka nnela go akanya fela ka se se nkhutsafatsang.’’—Christine

[Tšhate/Ditshwantsho mo go tsebe 93]

Kaedi

Go Fokotsa Khutsafalo ya Gago Tlatsa tšhate

Tiragalo Tsela E e Sa Siamang Tsela e e Bbotoka ya

ya go Tsibogela Boemo go Tsibogela Boemo

Morutabana o dira Ke a itlhoboga go tlhola Se se ka go

gore ke ikutlwe ke leka go dira sentle thusang: Bona Kgaolo 20 ya buka eno

ke se na mosola mo tlelaseng ele

Tsala ya me e a Ke anamisa maaka Se se ka go

intlhokomolosa ka ene thusang: Bona Kgaolo 10 ya Bolumo 2

Batsadi ba me ba Ke tshwarela mongwe Se se ka go

a tlhalana Kwa bone kgotsa thusang: Bona Kgaolo 4 ya buka eno

boobabedi sekgopi

․․․․․ ․․․․․ ․․․․․

․․․․․ ․․․․․ ․․․․․

[Setshwantsho mo go tsebe 95]

Fa o kopa thuso e bile o dira maiteko, o ka kgona go tswa mo mosimeng o o boteng wa khutsafalo