Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A ga Go Botoka Gore ke Fedise Botshelo Jwa Me?

A ga Go Botoka Gore ke Fedise Botshelo Jwa Me?

Kgaolo 14

A ga Go Botoka Gore ke Fedise Botshelo Jwa Me?

“GO BOTOKA gore ke itshwele go na le go tshela.” Ke mang yo o neng a bua mafoko ao? A ke mongwe yo o neng a sa dumele mo Modimong? Mongwe yo o neng a latlhile Modimo? Mongwe yo Modimo a neng a mo latlhile? Nnyaa. Motho yo o neng a bua mafoko ano ke monna yo o boifang Modimo yo o neng a ngomogile pelo e bong Jona.—Jona 4:3, Today’s English Version.

Baebele ga e re Jona o ne a tloga a fedisa botshelo jwa gagwe. Le fa go ntse jalo, tsela e a neng a kopa ka yone a tlaletswe e bontsha ntlha nngwe e e masisi—ka dinako tse dingwe, tota le motlhanka wa Modimo a ka ikutlwa a imetswe ke mathata.—Pesalema 34:19.

Basha bangwe ba ikutlwa ba tlaletswe jaana mo ba sa boneng lebaka la go tswelela ba tshela. Ba ka nna ba ikutlwa kafa Laura wa dingwaga tse 16 a neng a ikutlwa ka teng: “Ke feditse dingwaga ke na le bolwetse jwa go tshwenyega thata mo maikutlong. Gantsi ke akanya go ipolaya.” Fa e le gore o itse mongwe yo o kileng a re o batla go fedisa botshelo jwa gagwe—kgotsa fa e le gore le wena o kile wa akanyetsa go dira seo—o ka dira eng? Mma re sekasekeng gore ke eng se se ka bakang dikgopolo tsa mofuta oo.

Se se Bakang Tlalelo

Ke eng se se ka dirang gore motho a batle go fedisa botshelo jwa gagwe? Go na le mabaka a le mantsi a a ka bakang seo. Lengwe la one ke gore re tshela mo ‘dinakong tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone,’ mme basha ba le bantsi ba amiwa thata ke mathata a botshelo. (2 Timotheo 3:1) Gape, go sa itekanelang ga batho go ka dira gore bangwe ba nne le dikgopolo tse di sa siamang ka tsela e ba itebang ka yone le ka maemo a a ba dikologileng. (Baroma 7:22-24) Ka dinako tse dingwe seno se bakiwa ke go sa tshwarwe sentle. Mo maemong a mangwe seno se bakiwa ke mathata a botsogo. Tota e bile, kwa nageng nngwe go akanngwa gore batho ba ba fetang diperesente di le 90 ba ba ileng ba ipolaya, ba ne ba na le mofuta mongwe wa bolwetse jwa tlhaloganyo. *

Gone ke boammaaruri gore rotlhe re na le mathata. Ke gone ka moo Baebele e bolelang gore “popo yotlhe e nna e fegelwa mmogo le go nna mo botlhokong mmogo.” (Baroma 8:22) Seo se akaretsa le basha. Tota e bile, basha ba ka amiwa thata ke ditiragalo tse di sa siamang tse di jaaka tseno:

Go swelwa ke wa losika, tsala kgotsa seruiwa

Dikgotlhang tsa mo lelapeng

Go sa falole kwa sekolong

Go kgaogana le mongwe yo ba ratanang le ene

Go sotliwa (mo mmeleng kana ka tlhakanelodikobo)

Ke boammaaruri gore nako nngwe mo botshelong, basha botlhe ba lebana le bo le bongwe jwa mathata a a fa godimo kgotsa go feta. Ke eng fa bangwe ba kgona go itshokela maemo ano fa ba bangwe ba sa kgone? Baitse ba re basha ba ba batlang go ineela ba a bo ba akanya gore ga go ope yo o ka ba thusang e bile ba se na tsholofelo. Totatota basha bano ba a bo ba bona botshelo bo le letobo fela. Mme gone ga se gore ba a bo ba batla go swa; ba a bo ba batla fela go fedisa botlhoko jo ba bo utlwang.

A ga Go na Kgoro ya Botso?

O ka tswa o itse mongwe yo o batlang go fedisa botlhoko jo a bo utlwang—mo a ileng a bo a bua le gore ga a tlhole a batla go tshela. Fa go le jalo, o ka dira eng?

Fa tsala ya gago e ngomogile pelo mo e bileng e batla go swa, leka go e rotloetsa gore e batle thuso. Mme go sa kgathalesege gore o a dumela kgotsa ga a dumele, bolelela mogolo mongwe yo o ka thusang. O se ka wa tshwenyega ka gore o ka senya botsala jwa lona. Fa o bega kgang eno, gongwe o ka boloka botshelo jwa tsala ya gago!

Mme go tweng fa e le gore ke wena o akanyang ka go ipolaya? O se ka wa didimala ka kgang eno. Bua le mongwe—motsadi, tsala kgotsa mongwe yo o go kgathalelang le yo o tla go reetsang a bo a tlhaloganya kafa o ikutlwang ka gone. Ga go sepe se se tla go latlhegelang fa o ka bua ka mathata a gago, go na le moo o tla solegelwa molemo. *

Gone ke boammaaruri gore mathata a gago ga a ka ke a nyelela fela ka gonne o buile ka one. Mme gone, gongwe o tlhoka fela go bua le mongwe yo o mo ikanyang gore o kgone go leba dilo ka tsela e e tshwanetseng. Gongwe e bile go ka go thusa gore o bone tharabololo e e molemo ya mathata a gago.

Maemo a a Fetoga

Fa o ngomogile pelo, se lebale seno: Go sa kgathalesege gore boemo jo o lebaneng le jone bo bonala bo le thata go le kae, fa nako e ntse e ya, maemo a tla fetoga. Nako nngwe, mopesalema Dafide yo le ene a ileng a lebana le mathata a le mantsi, o ne a kgona go bua le Modimo jaana fa a rapela: “O fetotse khutsafalo ya me wa e dira go bina.”—Pesalema 30:11.

Go bonala Dafide a ne a sa lebelela gore go bina go tla nnela ruri. O ne a itse go tswa mo go se se tlholang se mo diragalela gore mathata a a tla mme a a feta. A le wena o lemogile seo ka mathata a gago? Mangwe a one a ka tswa a go fekeetsa—ka nako eno. Mme gone nna pelotelele. Maemo a a fetoga, mme gantsi a nna botoka. Ka dinako tse dingwe mathata a ka fokotsega ka ditsela tse tota o neng o sa di lebelela. Mo maemong a mangwe o ka bona tsela e o neng o sa e akanye le go e akanya ya go lebana le one. Ntlha ke gore, mathata a a ngomolang pelo ga a ka ke a nnela ruri a le ka tsela e e tshwanang.—2 Bakorintha 4:17.

Botlhokwa Jwa Thapelo

Tsela nngwe ya botlhokwatlhokwa ya puisano e o ka e dirisang ke thapelo. O ka rapela fela jaaka Dafide a ne a rapela a re: “Mphukutse, tlhe Modimo, o itse pelo ya me. Ntlhatlhobe, o itse dikakanyo tsa me tse di tlhobaetsang, mme o bone gore a go na le tsela epe e e botlhoko mo go nna, mme o nkgoge mo tseleng ya bosakhutleng.”—Pesalema 139:23, 24.

Thapelo ga se tsela fela ya go go thusa go lebana le mathata. Ke tsela ya mmatota ya go buisana le Rrago yo o kwa legodimong yo o batlang gore o ‘tshololele pelo ya gago’ kwa go ene. (Pesalema 62:8) Akanya ka dintlha tseno tse di leng boammaaruri ka Modimo:

O itse sentle maemo a a dirang gore o ngomoge pelo.—Pesalema 103:14.

O go itse go feta kafa o ikitseng ka gone.—1 Johane 3:20.

‘O a go kgathalela.’—1 Petere 5:7.

Mo lefatsheng la gagwe le lesha, Modimo o tla “phimola dikeledi tsotlhe” mo matlhong a gago.—Tshenolo 21:4.

Fa Bothata e le Botsogo

Jaaka go setse go boletswe, gantsi maikutlo a go batla go ipolaya a ka bakiwa ke bolwetse jwa mofuta mongwe. Fa e le gore go ntse jalo le ka wena, o se ka wa tlhabiwa ke ditlhong go batla thuso. Jesu o ne a bolela gore ba ba bobolang ba tlhoka ngaka. (Mathaio 9:12) Se se itumedisang ke gore malwetse a le mantsi a ka alafega. Mme kalafi e ka go thusa gore o ikutlwe botoka! *

Baebele e re naya tsholofetso e e gomotsang tota—gore mo lefatsheng le lesha la Modimo, “ga go na monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’” (Isaia 33:24) Modimo a re ka nako eo, “dilo tsa pele ga di kitla di gakologelwa, le fa e le go tsoga mo pelong.” (Isaia 65:17) Ka jalo fa o ntse o letile nako eo, dira gotlhe mo o ka go kgonang go lebana le mathata a botshelo o tlhomamisegile gore mo nakong e Modimo a e beileng, go tshwenyega thata mo maikutlong e tla nna selo sa maloba.—Tshenolo 21:1-4.

BALA GO YA PELE KA KGANG ENO MO BOLUMONG YA 2, KGAOLO 9

MO KGAOLONG E E LATELANG

A batsadi ba gago ba batla go itse sengwe le sengwe ka botshelo jwa gago—tota le dilo tse o sa batleng ba di itse? A o tla tsamaya o nna fela o sa tshwenngwe?

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 7 Mme gone, go botlhokwa go ela tlhoko gore basha ba le bantsi ba ba nang le bolwetse jwa tlhaloganyo ga ba ipolaye.

^ ser. 18 Go na le sengwe gape se se ka thusang Bakeresete ba ba ngomogileng pelo—bagolwane ba phuthego.—Jakobe 5:14, 15.

^ ser. 31 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bala Kgaolo 13 ya buka eno.

DITEMANA TSA BOTLHOKWA

“A dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo; mme kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo.”—Bafilipi 4:6, 7.

KAKANTSHO

Fa o ikutlwa o le moya o o kwa tlase, leka go tsamaya o gwanta. Go iphokisa phefo le go ikatisa go ka dira gore o ritibale o bo o ikutlwe botoka.

A O NE O ITSE GORE . . . ?

Motho yo o ipolayang ga se ene fela a utlwang botlhoko, o utlwisa botlhoko le batho ba ba mo ratang ba ba salang ba tshela.

SE KE SE IKAELETSENG!

Fa ke ikutlwa ke se na mosola e bile ke sa ratiwe ke tla bua le (tsenya leina la motho yo o ka buang le ene) ․․․․․

Selo se le sengwe se se molemo mo botshelong jwa me se nka akanyang ka sone le go se lebogela ke ․․․․․

Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․․

O AKANYANG?

● Tota le mathata a a boima ga a nnele ruri. Go akanya ka ntlha eo go ka go thusa jang?

● Ke ka tsela efe go ipolaya go fetisetsang mathata a motho yoo kwa bathong ba bangwe?

[Mafoko a a mo go tsebe 104]

“Ka dinako tse dingwe ke ne ke ikutlwa ke tshwenyegile thata jaana mo maikutlong mo ke neng ke batla go swa, mme jaanong dilo di ntsamaela sentle gape, ke thusitswe thata ke go rapela ka metlha le go batla kalafi.’’—Heidi

[Lebokoso mo go tsebe 100]

Fa o Ikutlwa o Ngomogile Pelo

Tota banna le basadi bangwe ba ba ikanyegang ba go buiwang ka bone mo Baebeleng, ba ne ba tle ba ngomolwe pelo ke ditlhobaelo tsa botshelo. Ela tlhoko dikai dingwe.

Rebeka: “Fa e le gore e ke tsela e go leng ka yone, tota ke ka ntlha yang fa ke tshela?”—Genesise 25:22.

Moshe: “Tsweetswee mpolaele ruri, . . . mme mma ke se ka ka bona masetlapelo a me.”—Dipalo 11:15.

Elija: “Jaanong tlhe Jehofa, tsaya moya wa me, gonne ga ke botoka mo go borremogologolwane.”—1 Dikgosi 19:4.

Jobe: “E kete o ne o ka mphitlha mo Sheole, . . . Gore o ntekanyetse nako mme o nkgakologelwe!”—Jobe 14:13.

Mo dikaing tsotlhe tse di tlhalositsweng fa godimo, kgabagare maemo a ne a fetoga mme a tokafala—e le ka tsela e motho yo o bogang a neng a sa e lebelela. Tlhomamisega gore le wena o ka diragalelwa ke se se tshwanang!

[Setshwantsho mo go tsebe 102]

Go ikutlwa o tlaletswe go tshwana le maru a setsuatsue—fa nako e ntse e ya go tla feta