Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A go Phoso Gore Nako Nngwe ke se Batle go Tshwenngwa?

A go Phoso Gore Nako Nngwe ke se Batle go Tshwenngwa?

Kgaolo 15

A go Phoso Gore Nako Nngwe ke se Batle go Tshwenngwa?

Tshwaya ka ✔ go lebagana le tsela e o ka nnang wa tsiboga ka yone mo go nngwe le nngwe ya ditiragalo tse di latelang:

1. O mo kamoreng ya gago o tswetse lebati mme monnao o phasumela fela mo teng a sa kokote.

□ ‘Ga ke na bothata. Le nna ke a tle ke dire jalo mo go nnake.’

□ ‘Ke go tlhoka maitseo! Go tweng fa e le gore ke ne ke sa ntse ke apara?’

2. O sa tswa go goroga mo gae mme batsadi ba gago ba simolola go go botsakaka dipotso. “O ne o ile kae? O ne o dira eng? O ne o tsamaile le bomang?”

□ ‘Ga ke na bothata. Ke tlhola ke ba bolelela sengwe le sengwe.’

□ ‘Go betisa pelo! Tota batsadi ba me ga ba ntshepe!’

FA O ne o sa ntse o le mmotlana, go nna le nako ya go nna o le nosi go ne go se botlhokwa go le kalo. Fa monnao a phasumela fela mo kamoreng ya gago, o ne o itumelela go nna le ene. Fa batsadi ba gago ba ne ba go botsa potso, o ne o ba araba fela o se na bothata. Ka nako eo, o ne o se na bothata fa batho ba itse sengwe le sengwe ka wena. Gone jaanong, o eletsa e kete ba ka bo ba sa itse go le gontsi jaana ka botshelo jwa gago. Corey wa dingwaga tse 14 a re: “Ke a itumela fa go na le dilo dingwe tse di itsiweng ke nna fela.” A re sekasekeng dikarolo di le pedi tse gantsi go leng thata mo go tsone go dira dilo ka tsela e wena o di batlang ka yone.

Fa o Batla go Nna o le Nosi

Go na le mabaka a le mantsi a a utlwalang a go bo o batla go nna o le nosi. Gongwe o ka tswa o batla go “ikhutsa go sekae.” (Mareko 6:31) Kgotsa, jaaka Jesu a ne a gakolola barutwa ba gagwe, fa o batla go rapela, o ka nna wa “tsena mo phaposing ya gago mme, fa o sena go tswala setswalo sa gago, rapela Rrago.” (Mathaio 6:6; Mareko 1:35) Bothata ke gore fa o tswala setswalo sa kamore ya gago (fa e le gore o na le yone), batsadi ba gago ba ka nna ba se akanye gore o a rapela! Mme bana ba gaeno le bone ba ka nna ba tswa ba sa tlhaloganye gore o batla fela go nna o le nosi.

Se o ka se dirang. Go na le gore lo simolole go lwela kgang ya go batla nako ya go nna o le nosi, dira dilo tse di latelang:

● Fa o dirisana le bana ba gaeno, leka go tlhoma melao e le mmalwa e e utlwalang gore o kgone go nna le nako ya gago o le nosi. Fa go tlhokega, bona gore a batsadi ba gago ba ka kgona go go thusa mo ntlheng eno. *

● Fa o dirisana le batsadi ba gago, leka go tlhaloganya tsela e ba lebang dilo ka yone. Rebekah wa dingwaga tse 16 a re: “Ka dinako tse dingwe, batsadi ba me ba nna ba batla go itse gore a tsotlhe di apere tshiamo. Mme gone go bua boammaaruri, le nna fa ke ne ke le motsadi, ke ne ke tla dira se se tshwanang mo ngwaneng wa me wa dingwaga tsa bolesome—segolobogolo ka go na le dithaelo tse dintsi tse basha ba lebanang le tsone gompieno!” Jaaka Rebekah, a o ka leka go tlhaloganya lebaka la go bo batsadi ba gago ba tshwenyega ka wena?—Diane 19:11.

● Ipotse jaana ka bopeloephepa: ‘A ke neile batsadi ba me lebaka la gore ba belaele gore ke dira sengwe se se sa siamang fa ke tswetse setswalo sa kamore ya me? A ke ntse ke nna le diphiri thata mo e leng gore ba akanya gore ba tshwanetse go dira maano a go itse se se diregang mo botshelong jwa me?’ Fa e le gore o arabile dipotso tse di fa godimo ka nnyaa mme batsadi ba gago ba sa ntse ba sa go tshepe, o ka ba atamela le go ba bolelela ka tlotlo kafa o ikutlwang ka gone. Reetsa ka kelotlhoko dilo tse ba tshwenyegang ka tsone mme o tlhomamise gore ga go na sepe se o se dirang se se bakileng bothata.—Jakobe 1:19.

Fa o Dira Ditsala

Go tlwaelegile gore fa o le mo dingwageng tsa bolesome o bo o dira ditsala le batho ba e seng ba lelapa la gaeno. Gape go tlwaelegile gore batsadi ba gago ba tshwenyege ka gore ditsala tsa gago ke bomang le gore o dira eng fa o na le bone. Mme ka dinako tse dingwe, o ka nna wa akanya gore batsadi ba gago ba tshwenyega thata go sa tlhokege. Amy wa dingwaga tse 16 a re: “Ke batla fela go dirisa founo ya me ya selula le e-mail kwantle ga gore metsotso mengwe le mengwe e e lesome batsadi ba me ba mpotse gore ke bua le mang.”

Se o ka se dirang. Go na le gore botsala jwa gago e nne sekgoreletsi fa gare ga gago le batsadi ba gago, leka go dira se se latelang:

● Bolelela batsadi ba gago gore ditsala tsa gago ke bomang mme o tlhomamise gore ba a ba itse. Gone ke boammaaruri gore o ka tswa o sa rate fa batsadi ba gago ba batlisisa mo sephiring gore ditsala tsa gago ke bomang mme ke sone se ba tla se dirang fa o sa batle ba itse ditsala tsa gago. Gakologelwa gore fa batsadi ba gago ba itse gore o tsalane le bomang, go ka direga gore ba gololesege ka ditsala tse o di tlhophang.

● O se ka wa itsietsa: A tota kgangkgolo ke gore ga o batle go tshwenngwa kgotsa go na le sengwe se o se fitlhang? Brittany wa dingwaga tse 22 a re: “Fa e le gore o sa ntse o nna kwa gae mme go na le sengwe se batsadi ba gago ba tshwenyegang ka sone, o ka ipolelela gore, ‘Ga ke dire sepe se se bosula, ka jalo ke eng fa ke tshwanetse go fitlha?’ Kafa letlhakoreng le lengwe, fa o batla go fitlha, go raya gore go na le sengwe se o se dirang.”

Go sa Batle go Tshwenngwa le Wena

Jaanong o tla nna le tshono ya go akanya ka ditharabololo dingwe tsa karolo e o amegileng ka yone, e o sa batleng go tshwenngwa mo go yone. Mo meleng e e fa tlase fano, kwala dikarabo tsa dipotso tse di amang dintlha tse di latelang:

Kgato 1: Itse se bothata e leng sone. O akanya gore ke karolo efe e o sa batleng go tshwenngwa thata mo go yone?

․․․․․

Kgato 2: Akanyetsa kafa batsadi ba gago ba lebang dilo ka gone. O akanya gore ke eng se tota se dirang gore ba tshwenyege?

․․․․․

Kgato 3: Batla tharabololo. O ka tswa o gakatsa bothata ka tsela efe o sa lemoge? O ka dira diphetogo dife go baakanya bothata joo? O batla gore batsadi ba gago ba dire eng ka dilo tse di go tshwenyang?

․․․․․

Kgato 4: Bua ka gone. Tlhalosa gore o ka simolola motlotlo jang fa o bua le batsadi ba gago ka kgang ya go se batle go tshwenngwa ka dinako tse dingwe.

․․․․․

MO KGAOLONG E E LATELANG

A o tlhokafaletswe ke mongwe wa batsadi ba gago? Fa go ntse jalo, o ka bona kae kgomotso?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 14 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bala Kgaolo 6 ya buka eno.

DITEMANA TSA BOTLHOKWA

“Dira bojotlhe jwa gago go itlhagisa o amogelwa ke Modimo, modiri yo o se nang sepe se se ka mo tlhabisang ditlhong.”—2 Timotheo 2:15.

KAKANTSHO

Fa o bolelela batsadi ba gago gore go na le dinako tse ka tsone o sa batleng go tshwenngwa, o se ka wa bua o ngongorega. Bua dilo tse o tshwenyegileng ka tsone. Pharologanyo ke eng? Fa o ngongorega ke fa o bua fela ka dilo tse o akanyang gore batsadi ba gago ga ba di dire ka tshwanelo. Dilo tse o tshwenyegang ka tsone ke tse di tla lo thusang lotlhe gore lo tlhome mogopolo mo go batleng tharabololo.

A O NE O ITSE GORE . . . ?

Fa o bua le batsadi ba gago o phuthologile, ga ba ka ke ba go belaela go le kalo.

SE KE SE IKAELETSENG!

Gore batsadi ba me ba ntshepe (ba ntshepe gape) ke tla ․․․․․

Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․․

O AKANYANG?

● Ke eng fa batsadi ba gago ba na le tshwanelo ya go itse gore go diragala eng mo botshelong jwa gago?

● Fa o leka go tokafatsa tsela e o buisanang le batsadi ba gago ka yone, seno se tla go thusa jang go buisana le bagolo ba bangwe mo nakong e e tlang?

[Mafoko a a mo go tsebe 108]

“Batsadi ba gago ga ba batle o diragalelwa ke sepe se se maswe, ka jalo ka dinako tse dingwe go ka bonala e kete ba itshunya nko mo dikgannyeng tsa gago. Go bonala go sa siama. Mme boammaaruri ke gore fa ke ne ke le motsadi, gongwe le nna ke ne ke tla dira jalo.’’—Alana

[Setshwantsho mo go tsebe 109]

Go ikanngwa go tshwana le madi a o a duelwang—o tshwanetse go go berekela