Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A go Tlwaelegile go Utlwa Botlhoko Jaana?

A go Tlwaelegile go Utlwa Botlhoko Jaana?

Kgaolo 16

A go Tlwaelegile go Utlwa Botlhoko Jaana?

Le fa kgaolo eno e bua fela ka go swelwa ke motsadi, melaometheo e go tlotlilweng ka yone e ka thusa le fa motho a swetswe ke leloko lengwe la lelapa kgotsa ke tsala e a atamalaneng thata le yone.

“Fa Mmè a tlhokafala, ke ne ke ikutlwa ke tlaletswe e bile ke latlhegetswe ke tsholofelo. E ne e le ene pilara ya lelapa la rona.”—Karyn.

GO SWELWA ke motsadi ke sengwe sa dilo tse di botlhoko tota tse di ka go diragalelang mo botshelong. Morago ga moo, o ka nna wa tshwanelwa ke go lebana le go fetofetoga maikutlo mo go iseng go go diragalele pele. Brian yo o neng a le dingwaga di le 13 fa rraagwe a ne a tlhokafala ka ntlha ya go ema pelo a re: “Bosigo jo re neng ra utlwa ka jone, re ne re sa kgone go dira sepe fela fa e se go lela le go tlamparelana.” Natalie, yo o neng a le dingwaga di le lesome fa rraagwe a ne a bolawa ke kankere o gakologelwa seno: “Ke ne ke sa itse gore ke ikutlwe jang. Ka jalo, ke ne ke sule maikutlo. Ke sa utlwe sepe.”

Loso lo ama batho ka ditsela tse di sa tshwaneng. Baebele e nepile fa e re “mongwe le mongwe” o na le “sebetso sa gagwe le botlhoko jwa gagwe.” (2 Ditiragalo 6:29) O ntse o akantse ka seo, akanya go se kae kafa wena o amilweng ka gone ke go swelwa ke motsadi. Fa tlase fano, tlhalosa (1) kafa o neng wa ikutlwa ka gone fa o utlwa lekgetlo la ntlha gore motsadi wa gago o tlhokafetse le (2) kafa gone jaanong o ikutlwang ka gone. *

1 ․․․․․

2 ․․․․․

Gongwe dikarabo tsa gago di bontsha gore o setse o fola mo maikutlong. Ga go sepe se se phoso ka seo. Ga go reye gore o setse o lebetse ka motsadi wa gago. Mme gongwe, o ka nna wa lemoga gore tsela e o neng o ikutlwa ka yone ga e a fetoga kgotsa gongwe e bile e etegetse. Gongwe kutlobotlhoko ya gago e tshwana le makhubu a lewatle a a fetofetogang, ka dinako tse dingwe o ikutlwa o siame mme e bo e re o sa lebelela o bo o apesiwa ke kutlobotlhoko e e seng kana ka sepe. Go ikutlwa ka tsela eno le gone go tlwaelegile—tota le fa go setse go fetile dingwaga motsadi wa gago a tlhokafetse. Kgangkgolo ke gore, O ka lebana jang le khutsafalo eno—le fa e ka tswa e ntse jang?

O se ka wa tshaba go lela! Go lela go fokotsa botlhoko jo o bo utlwang. Le fa go ntse jalo, o ka nna wa ikutlwa jaaka Alicia a ne a ikutlwa. O ne a le dingwaga di le 19 fa mmaagwe a tlhokafala. O tlhalosa jaana: “Ke ne ke akanya gore fa nka hutsafala thata, batho bangwe ba tla akanya gore ga ke na tumelo.” Mme gone akanya ka seno: Jesu Keresete e ne e le monna yo o itekanetseng e bile a na le tumelo e e nonofileng mo Modimong. Le fa go ntse jalo, o ne “a tsholola dikeledi” fa a utlwa gore tsala ya gagwe e a e ratang thata e bong Lasaro o tlhokafetse. (Johane 11:35) Ka jalo, o se ka wa tshaba go tsholola dikeledi. Seo ga se reye gore ga o na tumelo! Alicia a re: “Kgabagare, ke ne ka lela. Thata le gone. Letsatsi le letsatsi.” *

Tlogela go ikutlwa molato. Karyn yo o neng a le dingwaga di le 13 fa mmaagwe a tlhokafala a re: “Ka metlha ke ne ke ya kwa kamoreng ya ga mama ke ya go mo atla pele ga ke robala. Nako nngwe ga ke a ka ka ya. Mo mosong, ke fa Mmè a tlhokafala. Ke a itse gore gongwe ga go utlwale mme gone ke ikutlwa molato go bo ke sa ka ka ya go mmona la bofelo mo bosigong joo—le ka dilo dingwe tse di neng tsa direga mo mosong. Rre o ne a tsere loeto longwe lwa tiro mme o ne a laetse nna le nkgonne gore re sale re tlhokometse Mmè. Le fa go ntse jalo, re ne re robetse thari. Fa ke ya kwa kamoreng ya ga Mmè, o ne a sa heme. Ke ne ka ikutlwa molato tota ka gonne o ne a SIAME fa Rre a tsamaya!”

Gongwe fela jaaka Karyn le wena o ikutlwa molato ka dilo dingwe tse o neng wa se ka wa di dira. O ka nna wa bo wa ipogisa ka go nna o akanya gore “fa nkabo.” ‘Fa nkabo ke ile ka emelela Rre gore a ye go bona ngaka.’ ‘Fa nkabo ke ile ka se ka ka diega go tlhola Mmè.’ Fa o tshwenngwa ke dikakanyo tsa mofuta oo, se lebale seno: Go tlwaelegile go nna le maikutlo a go ikwatlhaela dilo tse o eletsang e kete o ka bo o ile wa di dira ka tsela e e farologaneng. Mme gone, boammaaruri ke gore o ka bo ile wa dira dilo ka tsela e e farologaneng fa o ne o itsile se se tlileng go direga. Le fa go ntse jalo, o ne o sa itse. Ka jalo, ga o a tshwanela go ikutlwa molato. Ga se molato wa gago go bo motsadi wa gago a tlhokafetse! *

Bolelela mongwe kafa o ikutlwang ka gone. Diane 12:25 ya re: “Mafoko a a molemo a tla go kgothatsa.” (Today’s English Version) Ga o ka ke wa kgona go lebana le kutlobotlhoko ya gago fa o nna o hupile botlhoko. Le fa go ntse jalo, fa o ka bolelela mongwe yo o mo tshepang kafa o ikutlwang ka gone, seo se tla dira gore a go neye “mafoko a a molemo” a kgomotso ka nako e o a tlhokang tota.

Bua le Modimo. Ga go pelaelo gore o tla ikutlwa botoka tota fa o sena go ‘tshololela pelo ya gago’ kwa go Jehofa Modimo ka thapelo. (Pesalema 62:8) Eno ga se fela tsela ya go dira gore o ikutlwe botoka. Fa o rapela, o a bo o ikuela kwa “[Modimong] wa kgomotso yotlhe, yo o re gomotsang mo pitlaganong yotlhe ya rona.” (2 Bakorintha 1:3, 4) Tsela nngwe e Modimo a re gomotsang ka yone ke ka Lefoko la gagwe, Baebele. (Baroma 15:4) Gongwe o ka nna o tshotse lenaane la ditemana tsa Baebele tse di go gomotsang. *

Kutlobotlhoko e tsaya nako go fela. Mme gone Baebele e ka re gomotsa ka gonne e re tlhomamisetsa gore mo lefatsheng le lesha le Modimo a solofetsang gore o tla le tlisa, “loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone.” (Tshenolo 21:3, 4) Le wena o ka nna wa fitlhela go tlhatlhanya ka ditsholofetso tseo go go thusa gore o kgone go lebana le go swelwa ke motsadi.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 6 Fa e le gore go thata go araba dipotso tseo gone jaanong, o ka nna wa leka go dira seo mo nakong e e tlang.

^ ser. 10 O se ka wa akanya gore o tshwanetse go lela go bontsha gore o utlwile botlhoko. Batho ba bontsha kutlobotlhoko ka ditsela tse di sa tshwaneng. Selo sa botlhokwa ke gore: Fa o utlwa o geletse dikeledi, itse gore gongwe ke “nako ya go lela.”—Moreri 3:4.

^ ser. 12 Fa maikutlo ao a tswelela go go tshwenya, bua le motsadi wa gago yo o sa ntseng a tshela kgotsa le mogolo mongwe ka kgang eno. Fa nako e ntse e ya, o tla simolola go leba dilo ka tsela e e tshwanetseng.

^ ser. 14 Batho bangwe ba ne ba gomodiwa ke ditemana tse di latelang: Pesalema 34:18; 102:17; 147:3; Isaia 25:8; Johane 5:28, 29.

DITEMANA TSA BOTLHOKWA

“[Modimo] o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.”—Tshenolo 21:4.

KAKANTSHO

Nna le buka e o kwalang dilo tse o di akanyang mo go yone. Go kwala se o se gopolang ka motsadi wa gago yo o tlhokafetseng go ka go thusa thata gore o kgone go lebana le kutlobotlhoko.

A O NE O ITSE GORE . . . ?

Go lela ga se letshwao la gore motho o bokoa. Tota le banna ba ba nonofileng ba ba jaaka Aborahame, Josefa, Dafide le Jesu ba ile ba lela fa ba ne ba utlwile botlhoko.—Genesise 23:2; 50:1; 2 Samuele 1:11, 12; 18:33; Johane 11:35.

SE KE SE IKAELETSENG!

Fa ke utlwa ke tlaletswe ka ntlha ya kutlobotlhoko, ke tla ․․․․․

Se nka ratang go se botsa motsadi wa me yo o sa ntseng a tshela ka kgang eno ke gore ․․․․․

O AKANYANG?

● Ke eng fa go le molemo go akanya ka dinako tse di monate tse o nnileng le tsone le motsadi wa gago yo o tlhokafetseng?

● Ke eng fa go kwala dilo tse o di akanyang go ka go thusa go lebana le kutlobotlhoko?

[Mafoko a a mo go tsebe 112]

“Ke ne ke sa bue kafa ke ikutlwang ka gone. Nkabo ke ile ka ikutlwa botoka mo mmeleng le mo maikutlong fa ke ne ke buile ka kgang eno. Nkabo ke ile ka kgona go lebana le kutlobotlhoko ya me.’’—David

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 113]

CHANTELLE

‘‘Rre o ne a feditse dingwaga di ka nna tlhano a ntse a lwala, mme botsogo jwa gagwe bo ne bo ntse bo koafala. Ke ne ke na le dingwaga di le 16 fa a ne a ipolaya. Morago ga moo, mmè o ne a itsise nna le kgaitsadiake sengwe le sengwe se se neng se direga. O ne a bo a re letla go thusa go dira ditshwetso dingwe tse di amanang le phitlho. Seo se ne sa dira gore go nne motlhofo go lebana le seemo seo. Ke akanya gore bana ga ba rate go nna le maikutlo a gore ba lobelwa dilo—segolobogolo dilo tse di ba amang jaaka tseno. Fa nako e ntse e ya, ke ne ke kgona go bua ke phuthologile ka loso lwa ga rre. Nako nngwe le nngwe fa ke utlwa ke batla go lela, ke ne ke ya felo gongwe kgotsa kwa tsaleng mme ke bo ke lela. Kgakololo ya me ke gore: Fa o utlwa o batla go bua ka gone, ya kwa lelokong lengwe la lelapa kgotsa kwa tsaleng. Dira sengwe le sengwe fela go ntsha botlhoko jo o bo utlwang.’’

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 113, 114]

LEAH

‘‘Mmè o ne a tshwarwa ke seterouku se se masisi fa ke ne ke le dingwaga di le 19, mme a tlhokafala dingwaga di le tharo morago ga moo. Morago ga moo, ke ne ke na le boikutlo jwa gore ke tshwanetse go nna ke nonofile. Ke ne ke akanya gore ke tla thatafaletsa Rre dilo le go feta fa ke bontsha kutlobotlhoko ya me. Fa ke sa ntse ke gola, Mmè o ne a ntlhokometse ka dinako tsotlhe, fa ke lwala kgotsa ke sa ikutlwe sentle. Ke gopola kafa diatla tsa gagwe di neng di utlwala ka gone fa a ntshwara mo phatleng fa ke tshwerwe ke letshoroma. Gantsi ke utlwa botlhoko tota fa go direga dilo tse di nkgopotsang gore ga a tlhole a le teng. Ke fitlha kafa ke ikutlwang ka teng mme seo ga se a ntshiamela. Ka jalo ka dinako tse dingwe ke leba ditshwantsho tsa gagwe fela gore ke kgone go lela. Go bua le ditsala le gone go a thusa. Baebele e solofetsa gore ba ba suleng ba tla tsosediwa mo lefatsheng la paradaise. (Johane 5:28, 29) Fa ke tlhoma mogopolo mo tsholofetsong ya gore ke tla bona mmè gape—le fa ke o tlhoma mo go se ke tshwanetseng go se dira gore ke kgone go mmona gape—ditlhabi tsa kutlobotlhoko di a fokotsega.’’

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 114]

BETHANY

‘‘Ke eletsa e kete nka gopola ke bolelela rre gore ‘Ke a go rata.’ Gone ke ne ke mo rata, mme ga ke gopole ke mmolelela, mme ke eletsa e kete nkabo ke go dirile. Ke ne ke na le dingwaga di le tlhano fela fa a tlhokafala. Rre o ne a tlhaselwa ke seterouku a robetse mme a isiwa bookelong ka tshoganyetso. Mo mosong o o latelang fa ke tsoga, ba ne ba mpolelela gore o tlhokafetse. Morago ga moo, ke ne ke sa kgone go bua ka rre, mme fa nako e ntse e ya ke ne ke itumelela go tlotlelwa ka ene ka gonne seo se ne se nthusa go mo itse botoka. Kgakololo e nka e nayang mongwe le mongwe fela yo o tlhokafaletsweng ke motsadi ke gore, itumelele dinako tse di monate tse o nnileng le tsone le ene mme o kwale dilo tsotlhe tse o di gopolang ka ene gore o se ka wa di lebala. Go tswa foo, dira bojotlhe go nonotsha tumelo ya gago gore o tle o nne teng fa motsadi wa gago a tsosiwa mo baswing mo lefatsheng le lesha la Modimo.’’

[Lebokoso mo go tsebe 116]

Kaedi

Kwala Se o Se Akanyang

Kwala dilo dingwe tse di molemo tse o di gopolang ka motsadi wa gago. ․․․․․

Kwala se o eletsang e kete o ka bo o ile wa se bolelela motsadi wa gago fa a ne a sa ntse a tshela. ․․․․․

Akanya o na le monnao yo o kgaratlhang le maikutlo a go ipona molato ka ntlha ya loso lwa motsadi wa lona. Kwala se o neng o ka se bua go mo gomotsa. (Seno le wena se ka go thusa go lemoga gore a maikutlo a gago a go ipona molato ke a a tshwanetseng kgotsa o feteletsa dilo.) ․․․․․

Kwala dilo di le pedi kgotsa di le tharo tse o eletsang gore o ka bo o ile wa di itse ka mmago kgotsa rrago yo o tlhokafetseng mme o kope motsadi wa gago yo o sa ntseng a tshela gore lo tlotle ka tsone. ․․․․․

Bala Ditiro 24:15. Tsholofelo e go buiwang ka yone mo temaneng eo e go thusa jang go itshokela loso lwa motsadi wa gago? ․․․․․

[Setshwantsho mo go tsebe 115]

Kutlobotlhoko e ka tshwana le makhubu a lewatle a a tlhaselang ka nako e e sa lebelelwang