Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A ke Tlogele Sekolo?

A ke Tlogele Sekolo?

Kgaolo 19

A ke Tlogele Sekolo?

O akanya gore o tshwanetse go tlogela sekolo ka mophato ofe? ․․․․․

Batsadi ba gago bone ba batla o tlogela sekolo ka mophato ofe? ․․․․․

A DIKARABO tsa gago tsa dipotso tse di fa godimo di a tshwana? Tota le fa di tshwana mme o sa ntse o tsena sekolo, o ka tswa o na le malatsi a ka one o ikutlwang e kete o ka se tlogela. A o kile wa ikutlwa ka tsela e basha ba ba latelang ba ikutlwang ka yone?

“Ka dinako tse dingwe ke ne ke tle ke ikutlwe ke gateletswe thata jaana mo maikutlong mo ke neng ke sa batle le go tsoga. Ke ne ke tle ke akanye jaana, ‘Ke eng fa ke tshwanetse go ya sekolong go ya go ithuta dilo tse nka se di diriseng?’”—Rachel.

“Gantsi ke ne ke lapisiwa ke sekolo mo ke neng ke batla le go tlogela ke ye go ipatlela tiro. Ke ne ke akanya gore sekolo ga se ntsholegele molemo ka sepe, go botoka ke ipatlele tiro e ke neng ke tla duelwa mo go yone.”—John.

“Ke ne ka ya go tsena sekolo se segolwane kwa toropong mme ke ne ke thatafalelwa ke go dira ditsala. Ke ne ke se na bothata le tiro ya sekolo, ke fela gore go ne go se na ope yo o batlang go tsalana le nna, ka jalo ke ne ke fetsa nako e ntsi ke le nosi. Tota le bana ba bangwe ba ba neng ba se na ditsala jaaka nna, ba ne ba sa nke ba bua le nna! Ruri ke ne ke utlwa gore ke batla go tlogela sekolo.”—Ryan.

“Maitseboa mangwe le mangwe ke ne ke tshwanelwa ke go dira tiro ya sekolo e e direlwang kwa gae e e neng e ntsaya diura di le nnè! Ke ne ke faraferwe ke tiro ya sekolo, diporojeke le ditlhatlhobo—tsotlhe di tla ka nako e le nngwe—mo ke neng ke sa tlhole ke kgona e bile ke batla kgoro ya botso.”—Cindy.

“Re ile ra nna le matshosetsi a bomo, ga nna le baithuti ba le bararo ba ba ileng ba leka go ipolaya, ga nna le a le mongwe yo o ileng a ipolaya e bile go ne go na le setlhopha sa bana ba ba dirang thubakanyo. Ka dinako tse dingwe go ne go nketefalela tota mme ke ne ke batla go tlogela sekolo!”—Rose.

A le wena o kile wa lebana le dikgwetlho tse di tshwanang le tseno? Fa e le gore go ntse jalo, ke seemo sefe se se ileng sa dira gore o batle go tlogela sekolo?

․․․․․

Gongwe o ka tswa o akanya thata ka go tlogela sekolo. Le fa go ntse jalo, o ka itse jang gore o batla go tlogela sekolo ka gonne e le nako ya gore o tlogele kgotsa ka gonne se go lapisitse mme o batla kgoro ya botso? Gore re kgone go araba potso eo, re tshwanetse go itse pele gore go tlogela sekolo go kaya eng.

A o Feditse Kgotsa o a Tlogela?

O ka tlhalosa jang pharologanyo fa gare ga go fetsa sekolo le go se tlogela?

․․․․․

A o ne o itse gore kwa dinageng tse dingwe go lebeletswe gore basha ba fetse sekolo morago ga dingwaga di le tlhano go ya go di le robedi? Kwa dinageng tse dingwe gone, go lebeletswe gore baithuti ba fetse sekolo morago ga dingwaga di le lesome. Ka jalo, go a farologana lefatshe ka bophara gore moithuti a ka fetsa sekolo a le dingwaga di le kae kgotsa a le mo mophatong ofe.

Gape dinaga tse dingwe di ka nna tsa letlelela moithuti go dira dithuto dingwe kgotsa tsotlhe, a le kwa gae go na le gore a ye sekolong se se tlwaelegileng. Baithuti ba ba ithutelang kwa gae—ka tetla ya batsadi ba bone—tota ga se gore ba tlogela sekolo.

Le fa go ntse jalo, fa e le gore o akanya go emisa dithuto tsa gago pele ga o aloga—e ka tswa e le sekolo se se tlwaelegileng kgotsa o ithutela kwa gae—o tlhoka go akanyetsa dipotso tse di latelang:

Molao wa reng? Jaaka go setse go tlhalositswe, melao e e laolang gore moithuti o tshwanetse go tsena sekolo lobaka lo lo kae, e farologana go ya ka mafelo. Mo lefelong la lona, molao o batla gore baithuti ba tsene sekolo go fitlha mo mophatong ofe? A o setse o fitlhile mo mophatong oo? Fa o itlhokomolosa kgakololo ya Baebele ya gore re “nne mo taolong ya balaodi ba bagolo” mme o bo o tswa mo sekolong pele o fitlha mo mophatong oo, o a bo o tlogela sekolo.—Baroma 13:1.

A ke fitlheletse mekgele ya me ya thuto? O batla gore thuto ya gago e go thuse go fitlhelela mekgele efe? A ga o tlhomamisege? O tshwanetse go itse! E seng jalo, o tla bo o tshwana le mopalami wa terena yo o sa itseng gore o batla go ya kae. Ka jalo, nna fa fatshe le batsadi ba gago mme lo arabe dipotso tse di mo lebokoseng le le reng, “Mekgele Ya me Ya Thuto,” mo tsebe 139. Go dira jalo go tla go thusa go nna o tlhomile mogopolo e bile go tla thusa wena le batsadi ba gago gore lo rulaganye gore o tla tsena sekolo lobaka lo lo kana kang.—Diane 21:5.

Ga go pelaelo gore barutabana ba gago le batho ba bangwe ba tla go naya kgakololo ya gore o tshwanetse go tsena sekolo lobaka lo lo kana kang. Le fa go ntse jalo, kwa bofelong batsadi ba gago ke bone ba ba tshwanetseng go dira tshwetso ya bofelo. (Diane 1:8; Bakolosa 3:20) Fa o tswa mo sekolong pele ga o fitlhelela mekgele ya thuto e wena le batsadi ba gago lo dumalaneng ka yone, o a bo o tlogela sekolo.

Maitlhomo a me a go tlogela sekolo ke afe? Ela tlhoko gore o se ka wa itsietsa. (Jeremia 17:9) Batho ba na le tshekamelo ya go ipha mabaka a ba tsayang gore a a utlwala fa ba batla go nna bogagapa.—Jakobe 1:22.

Fa tlase fano kwala mabaka a a utlwalang a a ka tswang a dira gore o batle go tlogela sekolo pele ga o fetsa.

․․․․․

Fano kwala mabaka mangwe a bogagapa a go bo o batla go tlogela sekolo.

․․․․․

Ke mabaka afe a a utlwalang a o a kwadileng? Gongwe e ka ne e le gore o batla go thusa ba lelapa la gaeno ka madi kgotsa o batla go nna le seabe mo tirong ya boithaopo ya go ruta batho ba bangwe ka Modimo. Mabaka a bogagapa one e ka nna go tila go kwala ditlhatlhobo kgotsa go tshaba tiro ya sekolo e e direlwang kwa gae. Kgwetlho ke go lemoga gore maitlhomo a gago a magolo ke afe—a ke a a utlwalang kgotsa ke a bogagapa.

Lebelela gape dintlha tse o di kwadileng kwa godimo mme ka boikanyegi o tlhalose mabaka a go bo o batla go tlogela sekolo. Iphe maduo a 1 go ya go 5 (1 e bontsha gore lebaka leo ga le botlhokwa go le kalo, 5 e bontsha gore le botlhokwa thata). Fa e le gore o tlogela sekolo fela ka gonne o tshabela mathata, o tla gakgamadiwa ke ditlamorago tsa seo.

Ke Eng se se Phoso ka go Tlogela Sekolo?

Go tlogela sekolo go tshwana le go tlolela kwa ntle ga terena e ntse e tsamaya pele e goroga kwa o yang teng. Gongwe ga go monate mo tereneng e bile bapalami ga ba botsalano. Mme fa o tlolela kwa ntle ga terena e ntse e tsamaya, ga o ka ke wa goroga kwa o yang teng gongwe e bile o ka ikgobatsa mo go masisi. Ka tsela e e tshwanang, fa o tlogela sekolo, o ka nna wa se ka wa fitlhelela mekgele ya gago ya thuto e bile o ka ipakela mathata a a latelang a a tla go amang gone jaanong le mo isagweng:

Mathata a gone jaanong: O ka nna wa fitlhela go le thata go bona tiro. Mme le fa o ka e bona, go ka direga gore e bo e le e e go duelang madi a a kwa tlase go na le e o neng o ka e bona fa o ka bo o feditse sekolo. Gore o kgone go bona dilo tse o di tlhokang mo botshelong, o ka nna wa tshwanelwa ke go bereka diura tse dintsintsi mo maemong a a sa itumediseng go gaisa a o lebaneng le one gone jaanong kwa sekolong.

Mathata a mo isagweng: Dipatlisiso di bontsha gore basha ba ba tlogelang sekolo gantsi ba nna le botsogo jo bo bokoa, ba felela ba le mo dikgolegelong e bile ba iphitlhela ba tshwanelwa ke go ikaega ka dithulaganyo tse di diretsweng go thusa batlhoki.

Gone ke boammaaruri gore go fetsa sekolo ga go reye gore ga o ka ke wa lebana le mathata a a ntseng jalo. Mme gone ke ka ntlha yang fa o itsenya mo kotsing go sa tlhokege ka go tlogela sekolo?

Melemo Ya go Sa Tlogele Sekolo

Gone ke boammaaruri gore fa e le gore o sa tswa go palelwa ke ditlhatlhobo kgotsa o ile wa nna le letsatsi le le sa itumediseng kwa sekolong, o ka nna wa batla go ineela—mathata ape a o ka lebanang le one mo isagweng e ka tswa e se a sepe fa o a bapisa le seemo se o leng mo go sone ka nako eo. Mme pele ga o tsaya tshwetso e o tsayang gore e motlhofo, ela tlhoko gore baithuti ba go builweng ka bone pelenyana ba ile ba solegelwa molemo jang ka gonne ba ile ba se ka ba tlogela sekolo.

“Ke ile ka ithuta go nna pelotelele, e le gore ke gole sentle mo tlhaloganyong. Gape ke ithutile gore fa o batla go itumelela go dira sengwe, o tshwanetse go kgaratlhela gore dilo di nne ka tsela e o di batlang ka yone. Ka go tswelela ke tsena sekolo, ke ne ka tokafatsa bokgoni jwa me jwa go taka, jo ke tla bo dirisang fa ke sena go aloga kwa sekolong.”—Rachel.

“Ke a itse gore fa ke dira ka natla, ke tla kgona go fitlhelela mekgele ya me. Ke dira khoso ya botegeniki ya go dira ka diatla kwa sekolong se segolwane, e e tla nthusang go tshwanelegela tiro e ke batlang go e dira ya go baakanya metšhini e e gatisang.”—John.

“E re ka ke ile ka tswelela ke tsena sekolo, ke ile ka ithuta botlhokwa jwa go bala le go kwala. Sekolo se nthutile gore nka solegelwa molemo jang fa ke bontshiwa diphoso tsa me le gore nka itlhalosa jang ka tsela e e utlwalang sentle—dinonofo tse di nthusang thata mo bodireding jwa me jwa Bokeresete.”—Ryan.

“Sekolo se nthutile go tokafatsa bokgoni jwa me jwa go rarabolola mathata, e ka tswa e le mo tlelaseng kgotsa kae fela. Go itse se ke tshwanetseng go se dira fa ke lebane le mathata mo dithutong tsa me, fa ke dirisana le batho ba bangwe le fa ke na le mathata a botho, go nthusitse gore ke gole.”—Cindy.

“Sekolo se nthusitse gore ke ipaakanyetse dikgwetlho tse ke tla lebanang le tsone fa ke setse ke bereka. Gape ke ile ka lebana le maemo a mantsi a a ileng a mpateletsa go sekaseka mabaka a tumelo ya me, ka jalo go tswelela ke tsena sekolo go dirile gore ke tlhatswege pelo ka dilo tse ke di dumelang.”—Rose.

Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a re: “Bokhutlo jwa kgang bo botoka morago ga moo go na le tshimologo ya yone. Go botoka yo o pelotelele go na le yo o mabela mo moyeng.” (Moreri 7:8) Ka jalo, go na le go tlogela sekolo, nna pelotelele mme o leke go rarabolola mathata a o lebanang le one kwa sekolong. Fa o dira jalo, o tla lemoga gore kwa bokhutlong dilo di ka nna tsa simolola go go tsamaela sentle.

MO KGAOLONG E E LATELANG

Go tweng fa e le gore lengwe la mabaka a go bo o batla go tlogela sekolo, ke gore ga o utlwane le morutabana wa gago?

DITEMANA TSA BOTLHOKWA

“Mongwe le mongwe yo o mafega ruri o leba kwa letlhokong.”—Diane 21:5.

KAKANTSHO

Fa o sa kgone go itshokela maemo a o lebanang le one kwa sekolong, leka go ikwadisa mo dithulaganyong tsa thuto tse di sa tseyeng lobaka lo loleele, tse di tla go thusang go aloga ka bonako.

A O NE O ITSE GORE . . . ?

Bana ba ba ratang go lofa sekolo gantsi ba feleletsa ba se tlogetse.

SE KE SE IKAELETSENG!

Fa ke na le bothata ka serutwa sengwe, go na le go tlogela sekolo ke tla ․․․․․

Fa ke na le letsapa le le tseneletseng mo ke ikutlwang e kete nka tlogela sekolo, nka kgona go le fenya fa ke ․․․․․

Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․․

O AKANYANG?

● Ke eng fa go le botlhokwa gore o ithute go bala, go kwala, le go dira dipalo sentle?

● Go ipeela mekgele ya thuto e e tsayang lobaka lo lo khutshwane go ka go thusa jang go dirisa nako ya gago sentle kwa sekolong?

● Ke eng fa go le botlhokwa go itse gore ke tiro ya mofuta mang e o tla batlang go e dira fa o fetsa sekolo?

[Mafoko a a mo go tsebe 140]

“Ga o ka ke wa tshabela mathata a gago. Go tswelela o tsena sekolo go go thusa gore o ithute go ikemela, e leng bokgoni jo bo tla go solegelang molemo fa o setse o bereka kgotsa o le kae fela.’’—Ramona

[Lebokoso mo go tsebe 139]

Kaedi

Mekgele Ya me Ya Thuto

Molemo o mogolo wa thuto ke go go baakanyetsa go bona tiro e e tla go thusang go itlhokomela le go tlamela lelapa le kgabagare o tla nnang le lone. (2 Bathesalonika 3:10, 12) A o setse o sweditse gore o batla tiro ya mofuta mang le gore go tsena sekolo go tla go thusa jang go ipaakanyetsa tiro eo? Go go thusa go bona gore a thuto ya gago e go lebisa kwa tseleng e e siameng, araba dipotso tse di latelang:

Ke na le bokgoni mo go eng? (Ka sekai, a o dirisana sentle le batho ba bangwe? A o rata go dira ka diatla, o dira kgotsa o baakanya dilo? A o na le bokgoni jwa go sekaseka mathata le go a rarabolola?) ․․․․․

Ke ditiro dife tse di ka nthusang gore ke dirise bokgoni jwa me? ․․․․․

Go na le ditshono dife tsa tiro mo ke nnang teng? ․․․․․

Ke dithuto dife tse ke di dirang gone jaanong tse di tla nthusang go bona tiro? ․․․․․

Ke dithuto dife tse nka tlhophang go di dira gone jaanong, tse di tla nthusang go fitlhelela mekgele ya me ka katlego? ․․․․․

Gakologelwa, mokgele wa gago ke gore o aloge o na le thuto e o ka kgonang go e dirisa. Ka jalo, o se ka wa feteletsa dilo, wa nna moithuti yo o sa fetseng sekolo—yo o nnelang ruri “mo tereneng” e le fela ka gonne o tshaba maikarabelo a go nna mogolo. *

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 69 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bala Bolumo 2, Kgaolo 38.

[Setshwantsho mo go tsebe 138, 139]

Go tlogela sekolo go tshwana le go tlolela kwa ntle ga terena e ntse e tsamaya pele ga o goroga kwa o yang teng