Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Dire Eng fa Setso Sa me Se sa Tshwane Le sa Ba Bangwe?

Ke Dire Eng fa Setso Sa me Se sa Tshwane Le sa Ba Bangwe?

Kgaolo 22

Ke Dire Eng fa Setso Sa me Se sa Tshwane Le sa Ba Bangwe?

A rrago kgotsa mmago ke motswakwa?

□ Ee □ Nnyaa

A puo e e buiwang kwa sekolong kgotsa setso sa bana ba o tsenang le bone se farologane le sa kwa gaeno?

□ Ee □ Nnyaa

“Ba lelapa la gaetsho ke Bantadiana, ba bontshana lorato ba phuthologile. Gone jaanong re nna kwa Boritane. Batho ba teng ba lebega ba dira dilo ka thulaganyo e bile ba le maitseo. Ke ikutlwa ke le learogi fa ke na le batho ba ditso tseno ka bobedi—ke sa tshwane le e seng le Maboritane mme gape ke sa tshwane gotlhelele le Bantadiana.”—Giosuè, England.

“Kwa sekolong morutabana wa me o ne a mpolelela gore ke mo lebe mo matlhong fa a bua. Mme fa ke leba Rre mo matlhong fa a bua, o ne a re ga ke bontshe maitseo. Ke ne ke tlhakanngwa tlhogo ke ditso tseno tse pedi.”—Patrick, yo o tsholetsweng kwa Fora mme batsadi ba gagwe ba tswa kwa Algeria.

FA BATSADI ba gago ba ne ba fudugela kwa nageng e sele, ba ne ba lebana le dikgwetlho tse dikgolo. Ka tshoganyetso fela, ba ne ba iphitlhela ba dikologilwe ke batho ba puo, setso, le moaparo o o farologaneng le wa bone. Jaanong go ne go bonala sentle gore ba farologane le batho ba ba nnang mo gare ga bone. Seno se ka tswa se ile sa dira gore ba se ka ba tshwarwa sentle ba bo ba tlhaolwe.

A le wena o kile wa diragalelwa ke seno? Fa tlase fano ke dikgwetlho tse basha bangwe ba ba mo seemong seno ba kileng ba lebana le tsone. Tshwaya ka ✔ go lebagana le kgwetlho e o bonang go le thata go e itshokela.

Go sotliwa. Noor o ne a sa ntse a le mosetsanyana fa lelapa la gabone le ne le fuduga kwa Joredane le ya kwa Amerika Bokone. A re: “Diaparo tsa rona di ne di farologane tota, ka jalo batho ba ne ba re tshega. Tota e bile re ne re sa tlhaloganye le metlae ya Baamerika.”

Bothata jwa go itlhalosa se o leng sone. Mosetsanyana mongwe yo o bidiwang Nadia a re: “Ke tsholetswe kwa Jeremane. E re ka batsadi ba me e le Bantadiana, ke ne ke sa bue Sejeremane sentle mme bana ba bangwe kwa sekolong ba ne ba mpitsa ‘motswakwa wa sematla.’ Mme fa ke etetse kwa Italy, ke lemogile gore ke bua Sentadiana ka tsela e e utlwalang gore ke Mojeremane. Ka jalo, tota ga ke itse gore ke wela kae. Gongwe le gongwe fela kwa ke yang teng, ke motswakwa.”

Go se tshwane ga ditso mo lelapeng. Ana o ne a le dingwaga di le robedi fa a ne a fudugela kwa Engelane le ba lelapa la gaabo. A re: “Go ne ga nna motlhofo gore nna le kgaitsadiake re tlwaele naga ya London. Mme e ne e le kgwetlho e kgolo mo batsading ba me, ba ba neng ba feditse lobaka lo loleele ba nna kwa setlhaketlhakeng se sennye sa Bapotokisi sa Madeira.”

Voeun o ne a le dingwaga tse tharo fa ene le batsadi ba gagwe ba Ba-Cambodia ba ne ba goroga kwa Australia. A re: “Batsadi ba me ga ba ise ba tlwaele setso se sesha le tikologo e ntšha. Tota e bile gantsi Rre o ne a kgopisega le go galefa ka gonne ke sa tlhaloganye tsela e a ikutlwang ka yone le e a akanyang ka yone.”

Go se tshwane ga puo mo lelapeng. Ian o ne a le dingwaga di le robedi fa ene le lelapa la gaabo ba ne ba fudugela kwa New York ba tswa kwa Ecuador. Morago ga dingwaga tse thataro ba le kwa United States o bolela jaana: “Gone jaanong ke bua Seesemane go feta Se-Spain. Barutabana ba me kwa sekolong ba bua Seesemane, ditsala tsa me di bua Seesemane e bile ke bua Seesemane le nnake. Jaanong Seesemane ke sone se se tlalang mo mogopolong wa me, fa Se-Spain sone se tswa.”

Lee, yo o tsholetsweng kwa Australia ke batsadi ba Ba-Cambodia a re: “Fa ke bua le batsadi ba me ke batla go ba tlhalosetsa ka botlalo kafa ke ikutlwang ka gone ka dikgang dingwe, ke nna le bothata jwa go bua puo ya bone ka tsela e ba tla ntlhaloganyang sentle ka yone.”

Noor yo o umakilweng pelenyana, a re: “Rre o lekile thata go gatelela gore re bue puo ya gagwe kwa gae mme re ne re sa batle go bua Se-Arabia. Re ne re tsaya go ithuta Se-Arabia e le go ikimetsa morwalo o o sa tlhokegeng. Ditsala tsa rona di ne di bua Seesemane. Dithulaganyo tsotlhe tsa thelebishene tse re neng re di lebelela e ne e le tsa Seesemane. Goreng re ne re tshwanetse go ithuta Se-Arabia?”

O ka Dira Eng?

Jaaka dikakgelo tse di fa godimo di bontsha, ga se wena fela yo o lebaneng le dikgwetlho tseno tse di boima. Go na le go lebana le tsone, o ka nna wa tlhopha go itlhokomolosa setso le ditlwaelo tsa kwa o tswang teng mme wa leka go tlwaela setso se sesha sa naga e o nnang mo go yone gone jaanong. Le fa go ntse jalo, seo se ka nna sa kgopisa batsadi ba gago mme le wena sa se ka sa go itumedisa. Go na le moo, ke eng fa o sa ithute go fenya dikgwetlho tseo mme o leke go dira gore maemo a o leng mo go one a go solegele molemo? Ela tlhoko dikakantsho tse di latelang:

Tsela e o ka lebanang ka yone le go sotliwa. Tota le fa o ka dira eng, ga o ka ke wa ratiwa ke mongwe le mongwe. Ka metlha batho ba ba ratang go sotla ba bangwe ba nna ba na le mabaka a go dira jalo. (Diane 18:24) Ka jalo, o se ka wa tshameka ka maatla a gago o leka go baakanya dikgopolo tsa bone tsa tlhaolele. Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a lemoga gore “batho ba ba sotlang ba bangwe ga ba rate go gakololwa.” (Diane 15:12, Contemporary English Version) Dipuo tsa tlhaolele di bontsha fela gore motho yo o di buang o sa ntse a na le mo gontsi mo a tshwanetseng go go ithuta, ga di bontshe gore go na le sengwe se se phoso ka motho yo go buiwang ka ene.

Kafa o ka lebanang ka gone le bothata jwa go itlhalosa se o leng sone. Ke ga tlholego go batla go nna karolo ya setlhopha se se rileng, e ka tswa e le lelapa kgotsa setso. Mme gone, go phoso go akanya gore go nna botlhokwa ga gago go ikaegile ka setso kgotsa lelapa le o tswang mo go lone. Tsela e batho ba go tshwarang ka yone e ikaegile ka seo mme Modimo ene ga a nna jalo. Moaposetoloi Petere o ne a re: “Modimo ga a na tlhaolele. Mo setšhabeng sengwe le sengwe motho yo o mmoifang a ba a dira tshiamo o a amogelesega mo go ene.” (Ditiro 10:34, 35) Fa o dira bojotlhe go itumedisa Jehofa Modimo, o tla go tsaya o le karolo ya lelapa la gagwe. (Isaia 43:10; Mareko 10:29, 30) Ga go na sepe se se molemo go feta go nna karolo ya lelapa la Modimo.

Kafa o ka fenyang ka gone bothata jwa go se tshwane ga ditso mo lelapeng. Mo e batlileng e nna mo lelapeng lengwe le lengwe, batsadi le bana ba tla leba dilo ka ditsela tse di farologaneng. Gongwe wena o ka tswa o bona dipharologano tseo di le dikgolo—batsadi ba gago ba batla gore o tshele go ya ka setso sa naga e ba tswang kwa go yone mme wena o batla go tlwaela setso sa naga e lo nnang mo go yone. Tota le mo maemong ao, fa o batla gore dilo di go tsamaele sentle, o tshwanetse go “tlotla rrago le mmago.”—Baefeso 6:2, 3.

Go na le go tsuologela dingwao tsa batsadi ba gago ka gonne o sa di rate, leka go tlhaloganya lebaka la go bo batsadi ba gago ba tlotla dingwao tseno. (Diane 2:10, 11) Ipotse dipotso tse di latelang: ‘A dingwao tseno di thulana le melaometheo ya Baebele? Fa go sa nna jalo, tota ke eng se ke sa se rateng ka tsone? Nka tlhalosetsa batsadi ba me jang kafa ke ikutlwang ka gone mme ke dira jalo ka tlotlo?’ (Ditiro 5:29) Gone ke boammaaruri gore, go tlotla batsadi ba gago go tla nna motlhofo thata—go tlhaloganya kafa ba akanyang ka gone le go tlhalosa maikutlo a gago—fa o itse go bua puo ya bone sentle.

Kafa o ka fenyang ka gone bothata jwa go se tshwane ga puo mo lelapeng. Batsadi bangwe ba lemogile gore fa ba gatelela gore kwa gae go buiwe fela puo ya bone, bana ba tla kgona go ithuta sentle dipuo tseno ka bobedi. Ke eng fa lo sa leke go dira seno mo lelapeng la gaeno? O ka nna wa kopa batsadi ba gago gore ba go thuse go ithuta go kwala puo eo. Stelios, yo o goletseng kwa Jeremane mme puo ya gabone e le Segerika a re: “Batsadi ba me ba ne ba tlotla le nna ka temana ya Baebele letsatsi le letsatsi. Ba ne ba e balela kwa godimo mme nna ke bo ke e kwala. Gone jaanong ke kgona go bala le go kwala Segerika le Sejeremane.”

Molemo o mongwe wa go ithuta puo ya batsadi ba gago ke ofe? Giosuè yo o umakilweng pelenyana a re: “Ke ile ka ithuta puo ya batsadi ba me ka gonne ke ne ke batla go atamalana le bone mo maikutlong, mo godimo ga moo, ke ne ke batla go atamalana le bone semoyeng. Go ithuta puo ya bone go nthusitse gore ke kgone go tlhaloganya kafa ba ikutlwang ka gone. Mme go thusitse gore le bone ba ntlhaloganye.”

Borogo, e Seng Sekgoreletsi

A o tla leba setso sa gago e le sekgoreletsi se se go kgaoganyang le batho ba bangwe kgotsa e le borogo jo bo go kopanyang le bone? Basha ba le bantsi ba Bakeresete ba ile ba lemoga gore ba na le lebaka le lengwe la botlhokwa la gore ba thibe phatlha e e leng teng fa gare ga ditso tsa bone le tsa ba bangwe. Ba batla go bolelela batswakwa ba bangwe dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. (Mathaio 24:14; 28:19, 20) Salomão, yo o neng a fudugela kwa nageng ya London a sa ntse a le dingwaga tse tlhano a re: “Go itumedisa tota go kgona go tlhalosa Dikwalo ka dipuo di le pedi! Ke ne ke tloga ke latlhegelwa ke puo ya me gotlhelele mme jaanong ka gonne ke le mo phuthegong ya Sepotokisi, ke kgona go bua Seesemane le Sepotokisi ka thelelo.”

Noor yo o umakilweng pelenyana o ne a lemoga gore go tlhokega bareri ba ba kgonang go bua Se-Arabia. A re: “Gone jaanong ke ikwadiseditse ditlelase tsa Se-Arabia gore ke kgone go ithuta gape dilo tse ke neng ke di lebetse. Ke fetotse tsela e ke neng ke leba dilo ka yone. Jaanong ke batla go thusiwa gore ke bue Se-Arabia ka tsela e e tshwanetseng. Ke batla go ithuta.”

E le ruri, fa o tlwaelane le ditso tse pedi e bile o kgona go bua dipuo di le pedi kgotsa go feta, o na le tshono e e seng kana ka sepe. Go itse ditso tse pedi go tla oketsa bokgoni jwa gago jwa go tlhaloganya tsela e batho ba bangwe ba ikutlwang ka yone le go araba dipotso tse ba di botsang ka Modimo. (Diane 15:23) Preeti yo o tsholetsweng kwa Engelane mme batsadi ba gagwe e le Ba-India, a re: “E re ka ke tlhaloganya ditso tseno tse pedi, ke ikutlwa ke phuthologile fa ke le mo bodireding. Ke tlhaloganya batho ba ditso tseno tse pedi—se ba se dumelang le kafa ba dirang dilo ka gone.”

A le wena o ka leba maemo a gago e le tshono e e ka go solegelang molemo go na le go a tsaya e le sekgoreletsi? Gakologelwa gore Jehofa o go ratela se o leng sone, e seng gore wena kgotsa lelapa la gaeno le tswa kae. Jaaka basha ba go builweng ka bone fano, a o ka dirisa kitso le maitemogelo a gago go thusa ba bangwe ba setso sa gaeno, go ithuta ka Modimo wa rona yo o se nang tlhaolele, yo o lorato, e bong Jehofa? Go dira jalo go tla go itumedisa tota!—Ditiro 20:35.

DITEMANA TSA BOTLHOKWA

“Modimo ga a na tlhaolele.”—Ditiro 10:34.

KAKANTSHO

Fa balekane ba gago ba go tshega ka ntlha ya setso sa gaeno, ba tlhokomologe mme o se ka wa galefa. Fa o dira jalo, ba ka nna ba felelwa mme ba se ka ba tlhola ba go tshega.

A O NE O ITSE GORE . . . ?

Fa o kgona go bua dipuo tse pedi sentle, o ka nna wa oketsa ditshono tsa gago tsa go bona tiro.

SE KE SE IKAELETSENG!

Gore ke tokafatse tsela e ke tlhaloganyang ka yone puo e batsadi ba me ba e buang, ke tla ․․․․․

Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․․

O AKANYANG?

● Go itse sentle setso sa batsadi ba gago, go ka go thusa jang gore o ikitse botoka?

● Ke melemo efe e wena o nang le yone e bana ba ba tswang mo malapeng a setso se le sengwe ba se nang yone?

[Mafoko a a mo go tsebe 160]

“Ke itumela tota go bo ke kgona go thusa ba bangwe. Ke kgona go tlhalosetsa batho ba ba buang Se-Russia, Sefora kgotsa Se-Moldova Baebele.’’—Oleg

[Setshwantsho mo go tsebe 161]

O ka tlhopha go tsaya setso sa gago e le borogo jo bo go kopanyang le batho ba bangwe