Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nka Tlhalosa Jang Gore Baebele ya Reng ka go Ratana ga Batho ba Bong jo bo Tshwanang?

Nka Tlhalosa Jang Gore Baebele ya Reng ka go Ratana ga Batho ba Bong jo bo Tshwanang?

Karolo 23

Nka Tlhalosa Jang Gore Baebele ya Reng ka go Ratana ga Batho ba Bong jo bo Tshwanang?

Go ne ga tsoga modumo o mogolo wa boitumelo kwa moletlong wa go aba dikgele fa basadi ba babedi ba e leng batshameki ba ba tumileng ba difilimi, ba ne ba dumedisana ka go sunana ka tsela e e bontshang gore ba a ratana! Babogedi ba ne ba sala ba gamaregile mme moragonyana ba bo ba goa go bontsha gore ba ba ema nokeng. Di-gay di tsaya seo e le phenyo. Batho ba ba kgatlhanong le mokgwa ono bone ba re ke go batla fela go ngoka kgatlhego ya babegadikgang. Dibidio tse di bontshang tiragalo eno di tla nna di boaboelediwa mo metsweding ya dikgang tsa thelebishene—e bile tiragalo eno e tla bo e tletsetletse mo Internet—mo malatsing a a latelang.

JAAKA fa go bontshitswe mo tiragalong e e fa godimo, fa motho yo o tumileng a ka umaka kgotsa a itsise phatlalatsa gore ke monna yo o ratanang le banna ba bangwe, mosadi yo o ratanang le basadi ba bangwe kgotsa a ratana le banna le basadi, metswedi ya tshedimosetso e tla bua thata ka kgang eo go feta tiragalo epe fela. Batho bangwe ba ba akgolela bopelokgale jwa bone; ba bangwe ba ba kgalela boitsholo jwa bone jo bo tlhabisang ditlhong. Le fa go na le maikutlo ano a a farologaneng, ba le bantsi ba tsaya go ratana ga batho ba bong jo bo tshwanang e le fela tsela e nngwe ya go tshela e motho a ka itlhophelang yone. Daniel wa dingwaga tse 21 a re: “Fa ke ne ke sa ntse ke tsena sekolo, tota le bana ba ba ratanang le batho ba bong bo sele, ba ne ba akanya gore fa o na le bothata le batho ba ba ratanang le ba bong jo bo tshwanang le jwa bone, o na le tlhaolele e bile o atlhola ba bangwe.”

Tsela e batho ba lebang ka yone batho ba ba ratanang le ba bong jo bo tshwanang le jwa bone, e ka farologana go ya ka dikokomana kgotsa mafelo. Mme Bakeresete bone ga ba ‘akgaakgelwe kwa le kwa ke phefo nngwe le nngwe ya thuto.’ (Baefeso 4:14) Go na le moo, ba kgomarela se Baebele e se bolelang.

Baebele ya reng ka go ratana ga batho ba bong jo bo tshwanang? Mme fa e le gore o tshela go dumalana le melao ya Baebele ya boitsholo, o ka araba jang batho ba ba reng o na le tlhaolele, o atlhola ba bangwe kgotsa o tlhoile batho bano? Sekaseka dipotso kgotsa dintlha tse di latelang le kafa o ka arabang ka gone.

“Baebele ya reng ka go ratana ga batho ba bong jo bo tshwanang?”

“Baebele e tlhalosa sentle gore Modimo o dirile gore tlhakanelodikobo e nne fela fa gare ga monna le mosadi mme e le fela mo thulaganyong ya lenyalo. (Genesise 1:27, 28; Lefitiko 18:22; Diane 5:18, 19) Fa Baebele e kgala kgokafalo, e a bo e kgala go ratana ga batho ba bong jo bo tshwanang le boitsholo jo bo sa siamang jwa batho ba bong jo bo sa tshwaneng.” *Bagalatia 5:19-21.

“O ikutlwa jang ka go ratana ga batho ba bong jo bo tshwanang?”

“Ga ke a ba tlhoa mme ga ke rate mokgwa ono wa bone.”

Se lebale: Fa e le gore o kaelwa ke melao ya Baebele ya boitsholo, ke tsela ya botshelo e o e itlhophetseng mme o na le tshwanelo ya go e latela. (Joshua 24:15) O se ka wa tlhabisiwa ditlhong ke tsela e o lebang dilo ka yone.—Pesalema 119:46.

“A Bakeresete ga ba a tshwanela go tlotla batho botlhe, go sa kgathalesege gore a motho ke gay kgotsa ga se yone?”

“Ee, go ntse jalo. Baebele ya re: ‘Tlotlang batho ba mefuta yotlhe.’ (1 Petere 2:17) Ka jalo, Bakeresete ga ba a tlhoa batho ba ba ratanang le ba bong jo bo tshwanang le jwa bone. Ba bontsha batho botlhe bopelonomi, go akaretsa le di-gay.”Mathaio 7:12.

“A tsela e o ikutlwang ka yone ka go ratana ga batho ba bong jo bo tshwanang ga e rotloetse tlhaolele kgatlhanong le di-gay?”

“Nnyaa, le e seng. Ga ke a tlhoa batho, ke tlhoile boitsholo jwa bone.”

O ka nna wa oketsa jaana: “Ka sekai, ke itlhophetse gore ke se ka ka goga motsoko. Tota e bile go akanya fela ka gone go mpherosa sebete. A re re wena o a goga mme ga o ikutlwe ka tsela eo. Nka se ka ka go tlhoa fela ka ntlha ya tsela e o ikutlwang ka yone, fela jaaka le nna ke tlhomamisega gore o ka se ka wa ntlhoa fela ka ntlha ya tsela e nna ke ikutlwang ka yone—a ke nepile? One molaomotheo oo o dira le mo ditseleng tse di farologaneng tse re lebang go ratana ga batho ba bong jo bo tshwanang ka tsone.”

“A Jesu o ne a sa rute gore re amogele batho ba bangwe? Fa go le jalo, ke eng fa Bakeresete ba sa amogele go ratana ga batho ba bong jo bo tshwanang?”

“Jesu ga a ka a kgothaletsa balatedi ba gagwe go amogela mefuta yotlhe ya boitsholo. Go na le moo, o ne a ruta gore tsela e e isang polokong e bulegetse ‘mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene.(Johane 3:16) Go dumela mo go Jesu go akaretsa go dumalana le molao wa Modimo wa boitsholo, o o iletsang mefuta mengwe ya boitsholo—go akaretsa le go ratana ga batho ba bong jo bo tshwanang.”—Baroma 1:26, 27.

“Batho ba ba ratanang le ba bong jo bo tshwanang le jwa bone ga ba ka ke ba fetola tsela e ba ntseng ka yone; ba tshotswe ba ntse jalo.”

“Baebele ga e tlhalose gore ke eng se se dirang gore motho a kgatlhegele batho ba bong jo bo tshwanang le jwa gagwe, mme gone ya re mekgwa mengwe e nweleletse kwa teng. (2 Bakorintha 10:4, 5) Le fa gone batho bangwe ba sekametse mo go rateng batho ba bong jo bo tshwanang le jwa bone, Baebele e bolelela Bakeresete gore ba tile ditiro tsa bosodoma.”

Kakantsho: Go na le go itsenya mo dikganetsanong tse di sa feleng tsa gore ke eng se se dirang gore batho ba nne le dikeletso tsa go ratana le batho ba bong jo bo tshwanang le jwa bone, gatelela gore Baebele e iletsa boitsholo jo bo ntseng jalo. Go tshwantsha, o ka nna wa re: “Kana batho ba le bantsi ba bolela gore go nna dikgoka go ka tswa go simologile mo dijining mme ka ntlha ya seo, batho bangwe ba tsholwa ba na le tshekamelo eo. (Diane 29:22) Go tweng fa seo e ne e le boammaaruri? Jaaka o ka tswa o itse, Baebele e kgala bogale. (Pesalema 37:8; Baefeso 4:31) A molao oo ga o a siama fela ka gonne batho bangwe ba sekametse mo go rateng thubakanyo?”

“Go tla jang gore Modimo a bolelele motho yo o kgatlhegelang batho ba bong jo bo tshwanang le jwa gagwe gore a tile mokgwa oo? Seo se utlwala e le bosetlhogo.”

“Go akanya ka tsela eo go theilwe mo boikutlong jo bo sa siamang jwa gore batho ba tshwanetse go dira go ya ka dikeletso tsa bone tsa tlhakanelodikobo. Baebele e naya batho seriti ka go ba tlhomamisetsa gore ba ka kgona go tlhopha gore ba se ka ba dira go ya ka dikeletso tsa bone tse di sa siamang tsa tlhakanelodikobo fa e le gore tota ba batla go dira jalo.”—Bakolosa 3:5.

“Tota le fa o se gay, o tshwanetse go fetola tsela e o lebang ka yone go ratana ga batho ba bong jo bo tshwanang.”

“Mma re re ga ke rate go betšha mme wena o a go rata. A go tla bo go utlwala gore o gatelele gore ke betšhe fela ka gonne batho ba le bantsi ba betšha?”

Gakologelwa seno: Batho ba ba ratanang le batho ba bong jo bo tshwanang le jwa bone mmogo le batho ba bangwe ba bantsi, ba na le melao ya boitsholo e ba tshelang ka yone e e dirang gore ba tlhoe dilo dingwe—tse di jaaka go tsietsa, tshiamololo kgotsa ntwa. Baebele e kgala mekgwa e e ntseng jalo; e bile e kgala mekgwa mengwe ya tlhakanelodikobo e e sa siamang go akaretsa go ratana ga batho ba bong jo bo tshwanang.—1 Bakorintha 6:9, 10.

Melao ya Baebele ga e gatelele e bile ga e rotloetse go tlhaola ba bangwe. E kgothaletsa batho ba ba kgatlhegelang batho ba bong jo bo tshwanang le jwa bone go dira sone se ba ba kgatlhegelang batho ba bong jo bo sa tshwaneng le jwa bone ba tshwanetseng go se dira—go “tshaba kgokafalo.”—1 Bakorintha 6:18.

Boammaaruri ke gore, dimilione tsa batho ba ba kgatlhegelang batho ba bong jo bo farologaneng le jwa bone, ba ba batlang go tshela go dumalana le melao ya Baebele, ba nna le boikgapo le fa ba ka tswa ba na le dithaelo tse ba lebanang le tsone. Batho bano ba akaretsa ba le bantsi ba ba seng mo lenyalong ba go se nang tsholofelo ya gore ba tla tsena mo lenyalong le ba bangwe ba le bantsi ba ba nyalaneng le molekane yo o golafetseng yo o sa kgoneng go tlhakanela dikobo. Ba kgona go tshela ba itumetse le fa ba sa kgotsofatse dikeletso tsa bone tsa tlhakanelodikobo. Batho ba ba kgatlhegelang batho ba bong jo bo tshwanang le jwa bone, le bone ba ka dira se se tshwanang fa e le gore tota ba batla go itumedisa Modimo.—Duteronome 30:19.

BALA GO YA PELE KA KGANG ENO MO BOLUMONG YA 2, KGAOLO 28

MO KGAOLONG E E LATELANG

Basetsana bangwe ba akanya gore go tlhakanela dikobo le mosimane yo ba ratanang le ene go ka nonotsha kamano ya bone. Mme gone, ga go a nna jalo! Bona lebaka la seo.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 8 Mo Baebeleng, lefoko “kgokafalo” ga le kae fela thobalano mme gape le kaya le dilo tse di jaaka go tshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo tsa motho yo mongwe, tlhakanelodikobo e mo go yone go dirisiwang molomo mo dirweng tsa tsalo le ya marago.

DITEMANA TSA BOTLHOKWA

“Jalo, bolayang ditokololo tsa lona tsa mmele tse di mo lefatsheng ka ga kgokafalo, boitshekologo, keletso ya tlhakanelodikobo, keletso e e utlwisang botlhoko, le keletso ya bopelotshetlha, se e leng kobamelo ya medingwana.”—Bakolosa 3:5.

KAKANTSHO

Le fa boitsholo jwa batho ba bangwe bo go kgopisa, tila go bua ka tsela e e ka dirang gore go lebege e kete o itira mosiami. Boammaaruri ke gore, ba na le kgololesego ya go itlhophela se ba batlang go se dumela—fela jaaka le wena o dira.

A O NE O ITSE GORE . . . ?

Bakeresete bangwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba mo nakong e e fetileng ba neng ba ratana le batho ba bong jo bo tshwanang le jwa bone, ba ile ba kgona go fetola ditsela tsa bone tse di seng phepa mme ba ‘tlhapisiwa ba nna phepa’ mo ponong ya Modimo.—1 Bakorintha 6:9-11.

SE KE SE IKAELETSENG!

Fa mongwe a re se Baebele e se bolelang ka go ratana ga batho ba bong jo bo tshwanang se siilwe ke nako, ke tla re ․․․․․

Go bontsha gore ga ke a tlhoa batho mme ke tlhoile mokgwa wa go ratana ga batho ba bong jo bo tshwanang, ke tla re ․․․․․

Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․․

O AKANYANG?

● Ke ka ntlha yang fa Modimo a na le tshwanelo ya go naya batho melao ya boitsholo?

● O solegelwa molemo jang ke go latela melao ya Baebele ya boitsholo?

[Mafoko a a mo go tsebe 170]

“Mosimane mongwe kwa sekolong o ne a tsaya gore ga ke a siama ka gonne ke sa rate tsela e a tshelang ka yone. Mme fa ke sena go mo tlhalosetsa gore ga se gore ke tlhoile ene—le fa a sena go lemoga gore tota ke ne ke sa dumalane le mefuta yotlhe ya boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, e seng bosodoma fela—o ne a simolola go ntlotla le go mpuelela fa ba bangwe ba ntatofatsa.’’—Aubrey

[Lebokoso mo go tsebe 168]

Go Tweng fa Motho a Kgatlhegela Batho ba Bong jo bo Tshwanang le Jwa Gagwe Le ba Jo bo Sa Tshwaneng le Jwa Gagwe?

Le fa mokgwa ono o dirwa ke basimane le basetsana, go lebega o atile thata mo basetsaneng. Ba bangwe ba dira seno ka go bo ba batla go itse fela gore go ntse jang. Lisa wa dingwaga tse 26 a re: “Fa basha ba bona basetsana ba atlana le basetsana ba bangwe mo difiliming, mo thelebisheneng kgotsa ba utlwa go buiwa ka gone mo mminong, ba raelesega go go dira—segolobogolo fa ba akanya gore go dira jalo ga go phoso.”

Ba bangwe bone go lebega tota ba kgatlhegela basimane le basetsana. Vicky wa dingwaga tse 13 a re: “Ke ne ka kopana le basetsana ba babedi ba ba kgatlhegelang basimane le basetsana kwa phathing mme moragonyana tsala ya me e ne ya mpolelela gore ba a nkgatlhegela. Kgabagare ke ne ka simolola go romelela mongwe wa basetsana bao melaetsa mme ka simolola go mo kgatlhegela.”

A o kile wa ikutlwa ka tsela e Vicky a neng a ikutlwa ka yone? Batho ba le bantsi ba ka nna ba go rotloetsa gore o amogele tsela e o ikutlwang ka yone mme o itlhagise phatlalatsa gore o kgatlhegela basimane le basetsana. Le fa go ntse jalo, o tshwanetse go lemoga gore gantsi go kgatlhegela batho ba bong jo bo tshwanang le jwa gago ke boikutlo fela jo bo fetang. Vicky o ile a lemoga seo. Lisette wa dingwaga tse 16 le ene o ile a lemoga seo. A re: “Go bolelela batsadi ba me kafa ke ikutlwang ka gone go ile ga dira gore ke ikutlwe botoka. Mme gape, mo dithutong tsa me tsa thutotshelo kwa sekolong, ke ne ka ithuta gore ka nako ya fa motho a simolola dingwaga tsa bosha, selekanyo sa gagwe sa dihoromone se fetofetoga fela thata. Ruri ke akanya gore fa basha ba ka bo ba itse mo go oketsegileng ka mebele ya bone, ba ne ba tla tlhaloganya gore go kgatlhegela batho ba bong jo bo tshwanang le jwa bone ke selo sa nakwana mme ba ne ba ka se ikutlwe ba patelesega go nna di-gay.”

Le fa boikutlo jwa gago bo ka tswa bo nweleletse kwa teng, e se boikutlo fela jo bo fetang, itse gore Baebele e go naya mokgele o o ka o fitlhelelang: O ka kgona go tlhopha gore o se ka wa diragatsa dikeletso tsa gago tse di sa siamang, go sa kgathalesege gore ke tsa mofuta ofe.

[Setshwantsho mo go tsebe 169]

Le fa batho ba le bantsi ba dumalana ka mokgwa mongwe, Bakeresete ba na le bopelokgale jwa go sa latele mmudubudu