Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A go Phoso go Itlosa Bodutu ka Tlhakanelodikobo?

A go Phoso go Itlosa Bodutu ka Tlhakanelodikobo?

Karolo 26

A go Phoso go Itlosa Bodutu ka Tlhakanelodikobo?

“Bana bangwe ba rulaganya go kopana e le fela go bona gore a ba ka feleletsa ba tlhakanetse dikobo le gore ba ka kgona go tlhakanela dikobo le batho ba le kae.”—Penny.

“Basimane ba bua ka gone phatlalatsa. Ba ikgantsha ka gore ba na le kgarebe mme gape ba tlhakanela dikobo le basetsana ba bangwe ba bantsi.”—Edward.

GOMPIENO basha ba le bantsi ba ikgantsha ka gore ba itlosa bodutu ka tlhakanelo dikobo kwantle ga gore ba itlame ka lorato. Bangwe ba bone ba na le ditsala tse ba tlhakanelang dikobo le tsone kwantle ga go nna le “maitlamo” ape a go ratana.

Se gakgamale fa le wena o ka ikutlwa o raelesega go dira seo! (Jeremia 17:9) Edward yo o umakilweng kwa godimo a re: “Basetsana ba le bantsi ba ile ba nkopa gore ke tlhakanele dikobo le bone, mme e re ka ke le Mokeresete ke tshwanelwa ke go lebana le ntwa e e thata, e leng go gana. Ga go motlhofo go gana!” Ke melaometheo efe ya Baebele e o tshwanetseng go nna o e gopotse fa mongwe a batla gore o itlose bodutu le ene ka tlhakanelodikobo?

Itse Gore ke Eng fa go Itlosa Bodutu ka Tlhakanelodikobo go le Phoso

Kgokafalo ke boleo jo bo masisi mo e leng gore batho ba ba e dirang, “ga ba na go rua bogosi jwa Modimo.” (1 Bakorintha 6:9, 10) Tota go ntse jalo, go sa kgathalesege gore batho ba ba e dirang ba a “ratana” kgotsa ba itlosa bodutu fela ka tlhakanelodikobo. Gore o kgone go fenya dithaelo tseno, o tshwanetse go leba kgokafalo jaaka Jehofa a e leba.

“Tota ke dumela gore tsela ya ga Jehofa ke yone tsela e e molemolemo ya go tshela.”—Karen, Canada.

“Se lebale gore o morwa kgotsa morwadia mongwe, o tsala ya batho ba le bantsi le leloko la phuthego. O tla swabisa batho bano botlhe fa o ka itetla go raelesega!”—Peter, Britain.

Fa o ka leba kgokafalo ka tsela e Jehofa a e lebang ka yone, o tla kgona go ‘tlhoa se se bosula’ tota le fa o ikutlwa o eletsa go se dira.—Pesalema 97:10.

Temana e o ka e balang: Genesise 39:7-9. Ela tlhoko kafa Josefa a ileng a nna pelokgale ka gone mme o bone le se se mo thusitseng gore a kgone go emelana le thaelo ya go tlhakanela dikobo.

Nna Motlotlo Ka se O se Dumelang

Gantsi basha ba kgona go nna motlotlo le go emela se ba se dumelang. O na le tshiamelo ya go tlotlomatsa melao ya Modimo ka tsela e o itshwarang ka yone. O se ka wa tlhabisiwa ditlhong ke tsela e o lebang go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo ka yone.

“Itsise ba bangwe kwa tshimologong fela gore wena o na le melao ya boitsholo e o e latelang.”—Allen, Germany.

“Basimane ba ke neng ke tsena le bone kwa sekolong se segolwane ba ne ba itse sentle gore ke motho yo o ntseng jang, mme ba ne ba itse gore maiteko ape fela a ba a dirang e ne e le go itapisa fela.”—Vicky, United States.

Go kgona go emela se o se dumelang go bontsha gore jaanong o nna Mokeresete yo o godileng semoyeng.—1 Bakorintha 14:20.

Temana e o ka e balang: Diane 27:11. Bona kafa o ka itumedisang Jehofa ka gone ka go dira se se siameng!

Nna o Tlhomame!

Go botlhokwa go gana. Le fa go ntse jalo, bangwe ba ka nna ba tsaya seo e le “go itira e kete ga o batle.”

“Sengwe le sengwe fela se o se dirang—tsela e o aparang ka yone, e o buang ka yone, batho ba o buang le bone le tsela e o itshwarang ka yone fa o na le batho—se tshwanetse go bontsha gore tota o a gana.”—Joy, Nigeria.

“O tshwanetse go ba bontsha gore ba lebale, ga o na go go dira. Le ka motlha o se ka wa amogela dimpho tsa basimane ba ba lekang go atamalana le wena. Ba ka nna ba dira gore o ikutlwe molato, e kete o ba kolota sengwe gonne ba go file dimpho.”Lara, Britain.

Jehofa o tla go thusa fa o ka nna o tlhomame. Mopesalema Dafide o ne a kgona go bua jaana ka Jehofa a akantse ka se se mo diragaletseng: “O tla dira ka boikanyegi le motho yo o ikanyegang.”—Pesalema 18:25.

Temana e o ka e balang: 2 Ditiragalo 16:9. Ela tlhoko gore Jehofa o tlhoafaletse go thusa ba ba batlang go dira se se siameng.

Bonela Dilo Kwa Pele

Baebele ya re: “Yo o botlhale ke yo o boneng masetlapelo a bo a iphitlha.” (Diane 22:3) O ka dirisa kgakololo eo jang mo botshelong jwa gago? Ka go bonela dilo kwa pele!

“Kgaogana gotlhelele le batho ba ba buang ka dilo tseo.”—Naomi, Japan.

“O se ka wa naya batho tshedimosetso ka ga gago, jaaka aterese ya gago kgotsa nomoro ya founo.”—Diana, Britain.

Ela tlhoko tsela e o buang ka yone, e o itshwarang ka yone, batho ba o tsalanang le bone le mafelo a o ratang go ya thata kwa go one. Go tswa foo o ipotse, ‘A go na le dilo dingwe tse ke di dirang ke sa lemoge tse di tla dirang gore bangwe ba batle go tlhakanela dikobo le nna?’

Temana e o ka e balang: Genesise 34:1, 2. Bona kafa mosetsana mongwe yo o bidiwang Dina a ileng a tlhagelwa ke ditlamorago tse di botlhoko ka gone ka ntlha ya go bo a ne a le kwa lefelong le le sa siamang.

Se lebale, go itlosa bodutu ka tlhakanelodikobo ke kgang e e masisi mo go Jehofa Modimo, mme le wena o tshwanetse go e tsaya masisi. Fa o emela se se siameng, o ka kgona go nna o na le segakolodi se se phepa mo Modimong le go nna motho yo o tlotlegang. Fela jaaka mosetsana mongwe yo o bidiwang Carly a bolela, “goreng o tshwanetse go letla mongwe a go ‘dirisa’ fela gore a ikgotsofatse ka nako eo? E re ka o dirile ka thata go nna o ikanyega mo go Jehofa, lwela gore a nne a go leba ka tsela eo!”

MO KGAOLONG E E LATELANG

Ke basetsana ba ba ntseng jang ba basimane ba reng ba a ba rata? O ka nna wa sala o gakgametse!

DITEMANA TSA BOTLHOKWA

‘Dira bojotlhe jwa gago gore kwa bofelong Modimo a go fitlhele o se na selabe o se na molato e bile o le mo kagisong.’—2 Petere 3:14.

KAKANTSHO

Tokafatsa dinonofo tsa gago tsa kafa teng. (1 Petere 3:3, 4) Fa o le motho yo o molemo, o tla kgatlhegelwa ke motho yo o siameng.

A O NE O ITSE GORE . . . ?

Jehofa o batla gore o itumelele tlhakanelodikobo ka tsela e a e dirileng ka yone—go ijesa monate mo lenyalong—o sa tshwenyege, o sa tlhobaele le go ikwatlhaya, dilo tse gantsi e leng ditlamorago tsa kgokafalo.

SE KE SE IKAELETSENG!

Nka kgona go etsa boikemisetso jwa ga Josefa jwa go nna a itshekile mo boitsholong fa ke ․․․․․

Ke tla tila phoso e Dina a ileng a e dira fa ke ․․․․․

Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․․

O AKANYANG?

● Le fa tlhakanelodikobo e e sa tshwanelang e ka lebega e le selo se se eletsegang mo mothong yo o sa itekanelang, ke eng fa e le phoso?

● O tla dira eng fa mongwe a re o tlhakanele dikobo?

[Mafoko a a mo go tsebe 185]

“Tlhomama! Fa lekawana lengwe le ne le dira sengwe se se bontshang gore le batla go tlhakanela dikobo le nna, ke ne ka re, ‘A ko o tlose seatla sa gago mo legetleng la me!’ Ka mo leba ka tsela e e bontshang gore ke tiisitse, mme ka tsamaya.’’—Ellen

[Setshwantsho mo go tsebe 187]

Fa o itlosa bodutu ka tlhakanelodikobo, o a inyenyefatsa