Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng fa Basimane ba sa Nthate?

Ke Eng fa Basimane ba sa Nthate?

Kgaolo 27

Ke Eng fa Basimane ba sa Nthate?

Mosimane yono o a itse gore ke itsiwe ke batho ba le bantsi ka gonne ke mmoleletse gore basimane ba bangwe ba a nthata. O ne a tshega fa ke mmolelela kafa ditsala dingwe tsa me di sa tlhalefang ka teng. E bile o a itse gore ke botlhale—ke ne ke ntse ke mo gakolola dilo di le mmalwa fa a ntse a bua. Ke ipotsa gore o tla nkopa leng gore re intshe mmogo.

Mosetsana yono o montle mme e kete ga a botlhale! Ga a mphe tshono ya go bua. Mme fa ke bua, o ntshwayatshwaya diphoso! Fa ke mmona o ka re nka re lefatshe fatoga ke tsene.

A LE wena o tshwenngwa ke gore basimane ga ba go kgatlhegele? Basetsana ba le bantsi ba tshwenyega ka seo, tota le ba o ka akanyang gore ba ka se nne le bothata ka gone! Ka sekai, akanya ka Joanne. O montle, o botlhale e bile ke kgeleke mo puong. Le fa go ntse jalo, a re: “Gantsi ke akanya gore basimane ga ba nthate. Ba le mmalwa ba ke neng ke ba rata ba ile ba nkgatlhegela ka nakwana fela mme moragonyana ba bo ba sa tlhole ba bua le nna gotlhelele!”

Ke dilo dife tse makawana a di ratang mo mosetsaneng? Ke eng se ba sa se rateng? Ke eng se o ka se dirang gore o gape kgatlhego ya lekawana le le tlotlegang?

Se o Ka se Dirang

Itse mogopolo le pelo ya gago. Gongwe tsela e o kgatlhegelang basimane ka yone e ile ya gola ka bonako fela fa o sena go tsena mo dingwageng tsa bokolwane kgotsa tsa boroba. Gongwe e bile o ne o sa kgatlhegele mosimane a le mongwe fela. Seo se tlwaelegile. Mme fa e le gore o ile wa gapiwa maikutlo ka bonako fela ke mosimane wa ntlha yo o neng o mo kgatlhegela, seno se ka bo se ile sa dira gore o se ka wa gola mo maikutlong le mo semoyeng. Go tsaya nako gore o nne le dinonofo tse di molemo, o ‘fetole mogopolo wa gago’ mo dilong tsa botlhokwa le go fitlhelela mekgele mengwe ya gago.Baroma 12:2; 1 Bakorintha 7:36; Bakolosa 3:9, 10.

Gone ke boammaaruri gore basimane ba le bantsi ba kgatlhegela basetsana ba ba sa kgoneng go ikemela kgotsa ba ba se nang maitemogelo. Le fa go ntse jalo, basimane bao ba a bo ba kgatlhegela tsela e mosetsana a bopegileng ka yone, e seng se tota a leng sone. Boammaaruri ke gore, lekawana le le tekatekano le tla batla mosetsana yo o nang le dinonofo tse di ka ba thusang mo kamanong ya bone.—Mathaio 19:6.

Se basimane ba se bolelang: “Ke kgatlhiwa ke go bona mosetsana a kgona go ikakanyetsa, go bonala a tlhatswegile pelo ka se a leng sone.”—James.

“Nka kgatlhiwa ke mosetsana yo o kgonang go itlhalosa ka boikanyegi le ka tsela e e bontshang tlotlo, le yo o sa dumalaneng le sengwe le sengwe fela se ke se buang. Tota le fa a le montle, ga ke ikutlwe ke gololesegile fa mosetsana a bua fela dilo tse a itseng gore di tla nkgatlha.”—Darren.

O ikutlwa jang ka dilo tse di tlhalositsweng fa godimo tse basimane ba di buang?

․․․․․

Ithute go tlotla ba bangwe. Fela jaaka le wena o batla go ratiwa, basimane ba o ba itseng le bone ba na le keletso e e boteng ya go tlotliwa. Ga go a itiragalela fela ka phoso go bo Baebele e re monna o tshwanetse go rata mosadi wa gagwe mme mosadi ene o tshwanetse go nna le “tlotlo e e boteng” mo monneng wa gagwe. (Baefeso 5:33) Go dumalana le seno, patlisiso nngwe e e dirilweng e ile ya fitlhela gore mo makgolokgolong a makawana, diperesente di feta 60 tsa bone di ile tsa bolela gore ba anaanela thata go tlotliwa go feta go ratiwa. Diperesente di feta 70 tsa banna ba ba godileng ba le bone ba neng ba botsolodiwa, ba ne ba bua se se tshwanang.

Go bontsha tlotlo ga go reye go ineela—go tlogela tshwanelo ya gago ya go akanya ka tsela e e farologaneng le go tlhalosa kafa o ikutlwang ka gone. (Genesise 21:10-12) Mme gone, tsela e o tlhalosang ka yone kafa o ikutlwang ka gone ke yone e e tla supang gore a o tla ngoka lekawana kgotsa o tla le koba. Fa o nnela go mo ganetsa kgotsa go baakanya se a se buang, a ka nna a akanya gore ga o mo tlotle. Le fa go ntse jalo, fa o amogela tsela e a lebang dilo ka yone mme o bo o akgela ka se o bonang gore se a kgatlha, go ka direga gore a amogele le go anaanela tsela e o lebang dilo ka yone. Tota e bile, lekawana le le botlhale le tla lemoga fa e le gore o tshwara ba lelapa la gaeno le ba bangwe ka tlotlo.

Se basimane ba se bolelang: “Kwa tshimologong ya kamano ya lona, ke akanya gore selo sa botlhokwa thata ke tlotlo. Lorato lo ka nna lwa tla moragonyana.”—Adrian.

“Fa mosetsana a ntlotla, ke akanya gore ruri a ka kgona go nthata.”—Mark.

O ikutlwa jang ka dilo tse di tlhalositsweng fa godimo tse basimane ba di buang?

․․․․․

Apara ka tsela e e bori mme o nne phepa. Tsela e o aparang le go ipaakanya ka yone e tshwana le sebuelagodimo se se tlhalosang se o se akanyang le kafa o ikutlwang ka teng. Tota le pele ga o ka bua le mosimane, tsela e o apereng ka yone e setse e mo tlhaloseditse go le gontsi ka wena. Fa diaparo tsa gago di rulagantswe sentle e bile di le bori, di tla romela molaetsa o o molemo thata. (1 Timotheo 2:9) Fa di tsosa keletso ya tlhakanelodikobo kgotsa di le botlhaswa, molaetsa wa teng le one o tla utlwala sentle—mme e le o o sa siamang!

Se basimane ba se bolelang: “Mokgwa o mosetsana a aparang ka one, o bua go le gontsi thata ka tsela e a lebang botshelo ka yone. Fa a apara diaparo tse di bonaletsang kgotsa tse di botlhaswa, go mpontsha gore o dule letsholo la go ngoka kgatlhego ya batho ba bong bo sele.”—Adrian.

“Ke kgatlhegela mosetsana yo o tlhokomelang moriri wa gagwe, yo o nkgang monate e bile a na le lentswe le le monate. Mme gone nkile ka kgatlhegela mosetsana mongwe yo a neng a le montle, le fa go ntse jalo ke ile ka felelwa ke kgatlhego ka gonne a ne a sa ithate.”—Ryan.

“Fa mosetsana a apara ka tsela e e tsosang keletso ya tlhakanelodikobo, ke boammaaruri gore lekgetlo la ntlha fa ke mmona nka nna ka mo kgatlhegela. Mme ga se mofuta wa mosetsana yo nka batlang go intsha le ene.”—Nicholas.

O ikutlwa jang ka dilo tse di tlhalositsweng fa godimo tse basimane ba di buang?

․․․․․

Se o Sa Tshwanelang go se Dira

O se ka wa tshameka ka maikutlo a lorato. Basadi ba na le bokgoni jwa go tlhotlheletsa banna fela thata. Bokgoni joo jwa go ngoka bo ka dirisiwa ka tsela e e siameng le e e sa siamang. (Genesise 29:17, 18; Diane 7:6-23) Fa o ka dirisa bokgoni joo mo mosimaneng mongwe le mongwe yo o kopanang le ene, o ka nna wa itshenya leina ka go itsege o le motho yo o tshamekang ka maikutlo a lorato a batho ba bangwe.

Se basimane ba se bolelang: “Go nna fela gaufi le mosetsana yo montle le go mo kgoma ka legetla go monate tota, mme ke akanya gore mosetsana yo o nnang a go tshwaratshwara fa a bua le wena o tshameka ka maikutlo a gago a lorato.”—Nicholas.

“Fa mosetsana a nnela go batla ditsela tsa go tshwara letsogo la mosimane mongwe le mongwe yo a kopanang le ene kgotsa a leba monna mongwe le mongwe ka tsela e e hepisang, ke akanya gore o tshameka ka maikutlo a batho, mme ga a nkgatlhe.”—José.

O se ka wa nna o mo setsesetse morago. Fa batho ba babedi ba nyalana, ba nna se Baebele e reng ke “nama e le nngwe.” (Genesise 2:24) Fa kamano ya bone e fitlhile mo seemong seo, monna le mosadi ka bobedi ba tlogela kgololesego e ntsi e ba ka tswang ba ne ba na le yone pele ga ba nyalana; tota e bile ba a itlama mongwe go yo mongwe. (1 Bakorintha 7:32-34) Le fa go ntse jalo, fa e le gore o sa ntse o batla go ithuta lekawana lengwe, ga o a tshwanela go lebelela gore le ikarabelele mo go wena ka tsela eo, kgotsa gore le lone le lebelele seo mo go wena. * Boammaaruri ke gore, fa o lemoga gore mosimane o tlhoka go nna le nako ya go itumela le ditsala tsa gagwe, a ka nna a go kgatlhegela thata. Mme tsela e a dirisang kgololesego eo ka yone e tla go bolelela go le gontsi malebana le gore ke motho yo o ntseng jang.—Diane 20:11.

Se basimane ba se bolelang: “Ke akanya gore mosetsana o ntshetsetshetse morago fa a batla go itse sengwe le sengwe se ke se dirang, mme go bonala a se na ditsala kgotsa dilo dingwe tse a ka di dirang fa e se fela gore a nne le nna.”—Darren.

“Fa mosetsana yo ke sa tswang go kopana le ene a nnela go nkwalela melaetsa ka founo a batla go itse gore ke na le bomang, segolobogolo a batla maina a basetsana ba ke nang le bone, ke lemoga gone foo gore go tlile go nna le bothata.”—Ryan.

“Mosetsana yo o sa batleng gore o ye go iketla le ditsala tsa gago tsa basimane e bile a tenega fa o sa mo laletse ka metlha gore a tsamaye le wena, o a bo a go kgomaretse ka tsela e e serang.”—Adrian.

O ikutlwa jang ka dikakgelo tsa basimane tse di tlhalositsweng mo setlhogwaneng seno?

․․․․․

Anaanela se o Leng Sone

Gongwe o itse basetsana bangwe ba ba ka dirang sengwe le sengwe fela gore ba ngoke kgatlhego ya mosimane mongwe le go dira gore a ba rate. Ba bangwe ba ka nna ba tlogela le melao ya boitsholo e ba ipeetseng yone fela gore ba nne le lekau—kgotsa gore ba nyalwe. Le fa go ntse jalo, molaomotheo o o reng “se motho a se jalang, o tla roba sone seno gape” o a dira le mo kgannyeng eno. (Bagalatia 6:7-9) Fa o sa itlotle e bile o sa tlotle le melao e o lekang go tshela ka yone, o ka nna wa ngoka kgatlhego ya basimane ba ba sa go anaaneleng e bile ba sa tlotle melao e o tshelang ka yone.

Boammaaruri ke gore, ga se basimane botlhe ba ba tla go ratang—mme seno e ka nna sengwe se se molemo! Le fa go ntse jalo, fa o kgathalela go tlhokomela bontle jwa gago jwa kafa ntle le jwa kafa teng, o tla nna wa “botlhokwa jo bogolo mo matlhong a Modimo”—mme o tla kgatlha lekawana le le tla go tshwanelang tota.—1 Petere 3:4.

MO KGAOLONG E E LATELANG

Go tweng fa o le mosimane mme o nna o ipotsa gore, ‘Ke eng fa basetsana ba sa nthate?’

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 30 Ke boammaaruri gore fa baratani ba beeletsane, ba tshwanetse go ikarabelela le go feta mongwe mo go yo mongwe.

DITEMANA TSA BOTLHOKWA

“Bontle jo bo gogelang bo ka tsietsa, le bontle e ka nna lefela; mme mosadi yo o boifang Jehofa ke ene yo o ikamogelelang pako.”—Diane 31:30.

KAKANTSHO

O se ka wa imota ka ditlolontlafatsi! Fa o itshasa thata go ka nna ga dira gore batho ba akanye sengwe se se phoso ka wena—gore ga o tekatekano kgotsa o batla go ngoka kgatlhego ya batho ba bong bo sele.

A O NE O ITSE GORE . . . ?

Fa o nna o setsesetse mosimane yo o ratanang le ene morago, o ka nna wa senya thatano ya lona.

SE KE SE IKAELETSENG!

Nonofo e ke batlang go tokafatsa thata mo go yone ke ․․․․․

Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․․

O AKANYANG?

● O ka bontsha jang gore o tlotla tsela e lekawana le akanyang le go ikutlwa ka yone?

● O ka bontsha jang gore o a itlotla?

[Mafoko a a mo go tsebe 190]

“Ke dumela gore gantsi ke kgatlhegela basetsana ba bantle. Mme seno se fetoga ka bonako fa mosetsana a se na mekgele ya botlhokwa e e tlhomameng. Kafa letlhakoreng le lengwe, fa a itse gore o batla go dira eng ka botshelo jwa gagwe—segolobogolo fa a setse a fitlheletse mekgele mengwe e a neng a ipeetse yone—seo se ka dira gore a kgatlhe tota.’’—Damien

[Setshwantsho mo go tsebe 191]

Lorato le tlotlo di tshwana le maotwana a baesekele—tsoopedi di botlhokwa