Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Sekao se se Molemo—Jakobe

Sekao se se Molemo—Jakobe

Sekao se se Molemo—Jakobe

Jakobe o feditse dingwaga tse dintsintsi a sa buisane le mogolowe e bong Esau. Tota e bile, Esau o tlhoile Jakobe. Le fa go se sepe se se phoso se Jakobe a se dirileng, o tsaya kgato ya ntlha go fedisa kgotlhang e e fa gare ga bone. O ikopa maitshwarelo. Boikaelelo jwa gagwe ga se go bontsha gore ga se ene yo o phoso mme ke go dira gore ene le mogolowe ba utlwane. Jakobe ga a tlhokomologe melaometheo e a tshelang ka yone, e bile ga a pateletse mogolowe gore a kope maitshwarelo pele ga a ka dira kagiso le ene.—Genesise 25:27-34; 27:30-41; 32:3-22; 33:1-9.

O rarabolola jang mathata a o nnang le one le ba lelapa la gaeno? Ka dinako tse dingwe o ka nna le boikutlo jwa gore tota ga o phoso mme monnao, mogoloo kgotsa motsadi wa gago ke ene yo o phoso. Fa boemo bo ntse jalo, a o leta gore motho yo mongwe e nne ene a tsayang kgato pele? Kgotsa a o ka dira jaaka Jakobe? Fa go se molaomotheo ope wa Baebele o o tlolwang, a o ka ikemisetsa go ineela fela gore go nne le kagiso? (1 Petere 3:8, 9) Jakobe ga a ka a letla boikgogomoso bo kgaoganya lelapa la gaabo. O ne a ikokobetsa mme a baakanya dilo le mogolowe. A le wena o tla dira se se tshwanang mo go ba lelapa la gaeno?