Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Sekao se se Molemo—Jobe

Sekao se se Molemo—Jobe

Sekao se se Molemo—Jobe

Botshelo jwa ga Jobe bo tlhakatlhakane. Sa ntlha, o latlhegelwa ke dilo tse a itshedisang ka tsone. Sa bobedi, o swelwa ke bana. Sa boraro, o a lwala. Dilo tseno tsotlhe di direga ka bonako e bile a sa di lebelela. Jobe o bua jaana a tlaletswe: “Moya wa me o ila botshelo jwa me.” A re o ‘kgobeletswe tlontlologo mme o tletse pogisego.’ (Jobe 10:1, 15) Gone le fa Jobe a le mo gare ga mathata ano, o gana go itatola Mmopi wa gagwe. (Jobe 2:10) Le fa botshelo jwa gagwe bo fetogile, ga a letle mathata ano a mo fetola. Ka jalo, Jobe o itshupa e le sekao sa boitshoko.

Gongwe le wena o ka ikutlwa o ‘ila botshelo jwa gago’ fa o lebane le mathata. Mme fela jaaka Jobe, o ka itshupa o nitame le fa o lebane le diteko, o sa tshikinyege mo boikemisetsong jwa gago jwa go direla Jehofa Modimo. Jakobe o ne a kwala jaana: “Bonang! Re bolela ba ba itshokileng e le ba ba itumetseng. Lo utlwile ka boitshoko jwa ga Jobe e bile lo bone phelelo e Jehofa a neng a e naya, gore Jehofa o pelonomi tota mo go bontsheng lorato e bile o kutlwelobotlhoko.” (Jakobe 5:11) O ne a kgathalela Jobe mme le wena o a go kgathalela!