Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Sekao se se Molemo—Moshe

Sekao se se Molemo—Moshe

Sekao se se Molemo—Moshe

Moshe o na le ditshono di le dintsi tse di molemo mo botshelong. O ne a godiseditswe mo lelapeng la segosi la ga Faro e bile a rutilwe botlhale jotlhe jwa Baegepeto. (Ditiro 7:22) O ne a tla dira eng ka thapiso e a e boneng? O ne a ka nna a tuma, a nna le dikhumo le maatla. Le fa go ntse jalo, ga a tlhotlhelediwe ke kgatelelo ya balekane kgotsa a hepisiwa ke keletso ya bopelotshetlha. Go na le moo, o tlhopha go dirisa botshelo jwa gagwe ka tsela e go bonalang e gakgamatsa ba le bantsi. O itlhophela “go tshwarwa setlhogo le batho ba Modimo.” (Bahebera 11:25) A Moshe o latlhegelwa ke sengwe se se molemo ka ntlha ya tshwetso e a e dirileng? Le e seng. Ka gonne a tlhophile go direla Modimo le go thusa batho, o itumelela botshelo jo bo kgotsofatsang.

Fa o na le tshono ya go nna le thuto e e molemo ya motheo, o tla dira eng ka yone? O ka nna wa gagamalela go nna le madi kgotsa maatla. Kgotsa jaaka Moshe, le wena o ka dira sengwe se se botlhokwa thata ka botshelo jwa gago. O ka dirisa mogopolo wa gago le maatla a gago go direla Modimo le baagelani ba gago. (Mathaio 22:35-40) Ga go tsela nngwe ya botshelo e e kgotsofatsang go gaisa eo!