Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Sekao se se Molemo—Ruthe

Sekao se se Molemo—Ruthe

Sekao se se Molemo—Ruthe

Motlholagadi yo o bidiwang Ruthe, ke sekao se se molemo sa boikanyegi. O ile a tlhopha go nna le matsalaagwe yo o neng a setse a tsofetse e bong Naomi, go na le go boela kwa motseng wa gaabo kwa a neng a ka tshela botshelo jo bo kgotsofatsang. Tota le fa go dira jalo go ne go fokotsa ditshono tsa gagwe tsa go bona molekane wa lenyalo, Ruthe o nna a tlhomile mogopolo mo go sengwe se se fetang seo. Lorato lo a ratang Naomi ka lone le keletso ya gagwe ya go nna le batho ba ga Jehofa ke sengwe sa botlhokwa mo go ene go feta go kgotsofatsa keletso ya gagwe ya go batla go nyalwa.—Ruthe 1:8-17.

A o akanyetsa go tsena mo lenyalong? Fa go le jalo, etsa sekao sa ga Ruthe. O se ka wa tsewa ke maikutlo, ipotse gore ke dinonofo dife tse di molemo tse o tla di bontshang mo molekaneng wa gago wa mo isagweng. Ka sekai, a o a ikanyega e bile o na le moya wa go intsha setlhabelo? A o dirisa melaometheo ya Baebele, tota le fa ka ntlha ya bosaitekanelang o ikutlwa o batla go dira sengwe se sele? Ruthe ga a ka a tswa letsholo la go batla molekane. Le fa go ntse jalo, o ne a bona monna yo go neng go bonala gore o godile sentle le yo o neng a na le dinonofo tse di tshwanang le tsa gagwe—mme mo godimo ga tsotlhe, a rata Modimo. Le wena o ka nna wa diragalelwa ke se se tshwanang.