Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Sekao se se Molemo—Timotheo

Sekao se se Molemo—Timotheo

Sekao se se Molemo—Timotheo

Timotheo o tloga a tswa mo gae—e se ka go bo a tshaba mo go ba lelapa la gaabo mme ka gonne a ya go nna morongwa mmogo le moaposetoloi Paulo! Timotheo yo go ka diregang gore a bo a le kwa bofelong jwa dingwaga tsa bolesome, e setse e le lekawana le le nang le maikarabelo, le le neng le “bolelwa ka molemo ke bakaulengwe kwa Lisetera le Ikonio.” (Ditiro 16:2) Paulo o tlhomamisegile gore Timotheo a ka kgona go fitlhelela dilo tse dikgolo mo tirelong ya Modimo. Mme go ne ga nna fela jalo! Mo dingwageng tse di latelang Timotheo o tsamaya dikgala tse ditelele a tlhoma diphuthego e bile aga bakaulengwe ba gagwe. Dinonofo tse di molemo tsa ga Timotheo di dira gore a atamalane thata le Paulo, yo dingwaga di le 11 moragonyana a neng a bolelela Bafilipi jaana: “Ga ke na ope yo mongwe wa maikutlo a a tshwanang le a gagwe yo ruri a tla tlhokomelang dilo tse di lo amang.”—Bafilipi 2:20.

A o iketleeleditse go ithaopa gore o dirisiwe mo tirelong ya Modimo? Fa go le jalo, o letetswe ke masego a a seng kana ka sepe! Ruri Jehofa o rata basha ba ba ‘ithaopang ka go rata.’ (Pesalema 110:3) Mo godimo ga moo, o ka tlhomamisega gore Jehofa Modimo “ga a tshiamololo mo a ka lebalang tiro ya [gago].”—Bahebera 6:10.