Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng fa Basetsana ba sa Nthate?

Ke Eng fa Basetsana ba sa Nthate?

Kgaolo 28

Ke Eng fa Basetsana ba sa Nthate?

Ke leka ka natla go kgatlha mosetsana yono. Ke mmoleletse sengwe le sengwe ka nna—dilo tse ke nang le tsone, mafelo a nkileng ka ya kwa go one le batho ba ke ba itseng. O tshwanetse a bo a swa a ikepela ka nna!

Ke eletsa e kete lefatshe le ka fatoga ka tsena! A mosimane yono ga a bone gore ga ke mo kgatlhegele? Nka kgaotsa jang motlotlo ono ka tsela e e sa bontsheng go tlhoka maitseo?

O SETSE o godile mo o ka intshang le mongwe. O batla motho yo o go kgatlhang mme a dumela se o se dumelang. (1 Bakorintha 7:39) Le fa go ntse jalo, mo nakong e e fetileng, ka metlha fa o ne o leka go intsha le mongwe, o ne o ipona fela o setse o paletswe. Bothata e ne e le eng? A basetsana ba kgatlhegela fela basimane ba bantle? Mosetsana mongwe yo o bidiwang Lisa a re: “Ke rata mosimane yo o nang le mmele o o nonofileng.” Tota e bile, basetsana bangwe ba kgatlhiwa ke se se fetang seo. Carrie wa dingwaga tse 18 a re: “Ga se gantsi basimane ba bantle ba nang le dinonofo tsa botlhokwa.”

Ke dinonofo dife tse di molemo tse basetsana ba di kgatlhegelang? Fa o batla go itse mosetsana botoka, ke dilo dife tse o tshwanetseng go di lebelela? Mme ke melaometheo efe ya Baebele e go leng botlhokwa gore o e gakologelwe?

Se o Tshwanetseng go se Dira Pele

Pele ga o akanya go simolola go intsha le mosetsana mongwe, go na le dilo dingwe tse o tshwanetseng go di ithuta, tse di tla go thusang go nna tsala le mongwe le mongwe. Sekaseka dintlha tse di latelang.

Lwela go nna le maitseo a mantle. Baebele ya re “lorato ga lo itshware ka tsela e e se nang maitseo.” (1 Bakorintha 13:5, Today’s English Version) Maitseo a mantle a bontsha gore o tlotla batho ba bangwe le gore o simolola go nna le botho jo bo tshwanang le jwa ga Keresete. Le fa go ntse jalo, maitseo a mantle ga a tshwane le sutu e o e aparang go kgatlha batho mme fa o tsena kwa gae o bo o e apola. Ipotse, ‘A ke bontsha maitseo a mantle fa ke dirisana le ba lelapa la gaetsho?’ Fa go sa nna jalo, go tla bonala gore o ipateletsa go nna maitseo fa o leka go a bontsha fa o na le batho ba bangwe ba e seng ba lelapa la gaeno. Gakologelwa, gore mosetsana yo o botlhale a itse gore tota o motho yo o ntseng jang, o tla leba tsela e o dirisanang le ba lelapa la gaeno ka yone.—Baefeso 6:1, 2.

Se basetsana ba se bolelang: “Ke kgatlhega tota fa mosimane a bontsha gore o maitseo mo dilong tse dinnye, tse di jaaka go mpulela lebati le mo dilong tse dikgolo tse di jaaka go nna pelonomi le go akanyetsa, e seng nna fela mme le ba lelapa la gaetsho.”—Tina.

“Ke a tenega fa e le gone ke kopanang le motho a bo a setse a mpotsa dipotso tse di jaaka, ‘A go na le mongwe yo o intshang le ene?’ le ‘Mekgele ya gago ke efe?’ Ke go tlhoka maitseo e bile go dira gore ke se ka ka gololesega!”—Kathy.

“Ke bona e le go tlhoka maitseo fa basimane ba akanya gore ba ka tshameka ka maikutlo a rona, jaaka e kete ga re amege maikutlo e bile rotlhe re mo letsholong la go batla lenyalo mme re batla gore ba re utlwele botlhoko.”—Alexis.

Nna phepa. Go nna phepa go bontsha gore o a itlotla e bile o tlotla le batho ba bangwe. (Mathaio 7:12) Fa o itlotla, batho ba bangwe le bone ba ka nna ba go tlotla. Kafa letlhakoreng le lengwe, fa o le lesutlha, maiteko a gago a go kgatlha mosetsana e ka nna matsapa a bophiri fela.

Se basetsana ba se bolelang: “Mosimane mongwe yo o neng a nkgatlhegela o ne a nkga legano tota. Ke ne ke sa kgone go itshokela seo.”—Kelly.

Lwela go nna le bokgoni jwa go buisana. Puisano e e molemo ke yone selo sa konokono se se ka thusang gore thatano e nnele ruri. Ga o bue fela ka dilo tse wena o di kgatlhegelang mme o bua le ka dilo tse tsala ya gago e di kgatlhegelang. (Bafilipi 2:3, 4) O tshwanetse go reetsa se tota a batlang go se bua le go tlotla tsela e a lebang dilo ka yone.

Se basetsana ba se bolelang: “Ke a kgatlhega fa mosimane a kgona go tlotla le nna ka tshosologo—fa a gakologelwa dilo tse ke di mmoleletseng e bile a kgona go botsa dipotso tse di tla dirang gore motlotlo wa rona o tswelele.”—Christine.

“Ke akanya gore basimane ba ngokiwa ke se ba se bonang fa basetsana bone ba ngokiwa thata ke se ba se utlwang.”—Laura.

“Go abelwa dimpho go a itumedisa. Mme fa mosimane a kgona go buisana le wena ka tsela e e molemo, a kgona go go kgothatsa le go go gomotsa ka mafoko . . . Ruri seo se kgatlha tota.”—Amy.

“Ke itse mosimane mongwe yo o maitseo mme a sa itsalanye le wena ka tsela e e feteletseng. Re kgona go nna le motlotlo o o monate a sa bue dilo tse di jaaka, ‘O nkga monate tota’ kgotsa ‘Gompieno o montle tota.’ O reetsa ka kelotlhoko se ke se buang mme seo se ka itumedisa mosetsana mongwe le mongwe.”—Beth.

“Tota ke kgatlhiwa ke mosimane yo o ratang metlae mme gape a kgona go bua ka dilo tse di botlhokwa a sa itire se a seng sone.”—Kelly.

Nna le boikarabelo. Baebele ya re: “Mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go rwala morwalo wa gagwe.” (Bagalatia 6:5, Contemporary English Version) Basetsana ga ba ka ke ba kgatlhegela mosimane yo o nnang a feletswe ke tiro ka gonne a le setshwakga kgotsa a fetsa nako e ntsi a dira dilo tse di se nang mosola.

Se basetsana ba se bolelang: “Ke eletsa e kete basimane bangwe ba ka lemoga botlhokwa jwa go nna le boikarabelo. Fa ba sa dire jalo, basetsana ba felelwa ke kgatlhego. Go dira gore batho ba ba lebe ka tsela e e sa siamang.”—Carrie.

“Basimane bangwe ga ba na mekgele e e tlhomameng. Fa ba kgatlhegela mosetsana, mme ba utlwa gore mekgele ya gagwe ke efe le bone ba tla bo ba re, ‘Ehe, ke sone se le nna ke batlang go se dira!’ Mme se ba se dirang ka nako eo se sa bontshe seo.”—Beth.

Jaaka go tlhalositswe fa godimo, go nna le boikarabelo go tla go thusa gore o itumelele botsala jo bo molemo. Le fa go ntse jalo, fa e le gore o ikutlwa gore o setse o siametse go ka tsalana le mosetsana mongwe, ke eng se o tshwanetseng go se dira?

Kgato e e Latelang

Tsaya kgato pele. Fa o akanya gore tsala nngwe e o e kgatlhegelang e ka nna molekane yo o molemo wa lenyalo, mo itsise gore o a mo kgatlhegela. Tlhalosa maikutlo a gago ka tsela e e tlhamaletseng le e e utlwalang sentle. Ke boammaaruri gore seno se a tshosa. O tshaba gore o tla go gana. Mme go iketleeletsa go tsaya kgato pele go supa gore o godile. Le fa go ntse jalo, ela tlhoko kgang eno: Seno ga se gore o mo kopa lenyalo. Ka jalo, dirisa temogo. Go bua le mosetsana o tiisitse kgotsa o tlhoafetse thata go ka mo tshosa go na le gore go mo ngoke.

Se basetsana ba se bolelang: “Ga ke itse se se mo mogopolong wa gagwe. Ka jalo, fa motho a batla go nkitse botoka, o tla tshwanelwa ke go tlhamalala a bue se a se akantseng.”—Nina.

“Go ka nna thata le go feta fa e le gore lo nnile ditsala ka lobaka lo loleele. Mme gone, nka tlotla mosimane fa a ka tlhamalala mme a mpolelela gore ga a batle gore re nne ditsala fela, o batla go nkitse botoka.”—Helen.

Tlotla tshwetso ya mosetsana. O tla dira eng fa tsala ya gago e go bolelela gore ga e batle go ratana le wena? Mo tlotle ka go dumela gore o itse se se mo pelong ya gagwe le gore nnyaa wa gagwe o raya nnyaa. Fa o nnela go mo salasala morago go tla bontsha gore ga o ise o gole sentle. Totatota fa o itlhokomolosa karabo e e utlwalang sentle ya mosetsana ya gore ga a go batle—le e leng go kgopisiwa ke gore o a go gana—a tota o bontsha go mo akanyetsa kgotsa o tla bo o ikakanyetsa o le nosi?—1 Bakorintha 13:11.

Se basetsana ba se bolelang: “Ke tenega tota fa ke raya mosimane ke re nnyaa ke tiisitse mme a bo a nnela go ntshala morago.”—Colleen.

“Ke ne ka tlhalosetsa mosimane mongwe gore ga ke mo kgatlhegele, mme o ne a nna a mpateletsa gore ke mo neye dinomoro tsa founo ya me. Ke ne ke batla go nna le botho. Mme gone, go ka tswa go ne go se motlhofo gore a nne le bopelokgale jwa go mpolelela kafa a ikutlwang ka teng. Mme kgabagare ke ne ka tshwanelwa ke go bua ke tiisitse gore ga ke mo kgatlhegele.”—Sarah.

Se o Sa Tshwanelang go se Dira

Makawana mangwe a akanya gore go motlhofo fela gore a bone basetsana ba ba ka ratanang le one. Ba ka nna ba bo ba gaisana le balekane ba bone go bona gore ke ofe yo o ka kgatlhegelwang ke basetsana ba bantsi. Le fa go ntse jalo, mokgwa ono o setlhogo e bile o tla go senya leina. (Diane 20:11) O ka tila seo ka go nna o gopotse dintlha tse di latelang.

O se ka wa itira e kete o rata motho o sa mo rate. Motho yo o dirang jalo o dirisa mafoko a a tsietsang le go itshwara ka tsela e e bontshang e kete o kgatlhegela motho yo mongwe. Ga a na maikaelelo a go simolola thatano e e tlotlegang le ene. Ditiro le mekgwa e e ntseng jalo e bontsha gore o itlhokomolosa kgakololo ya Baebele ya gore o tshware “makgarebana jaaka bokgaitsadio ka boitsheko jotlhe.” (1 Timotheo 5:2) Batho ba ba itirang e kete ba rata motho mme ba se na maikaelelo a go nyalana le ene, ga ba nne ditsala tse di molemo e bile ga ba nne balekane ba ba molemo ba lenyalo. Basetsana ba ba botlhale ba itse seo.

Se basetsana ba se bolelang: “Ke akanya gore ga go a siama fa motho a go fora mme o itse gore mo kgweding e e fetileng o ne a bolelela tsala ya gago se se tshwanang.”—Helen.

“Nako nngwe mosimane mongwe wa maratagolejwa o ne a itira e kete o a nkgatlhegela, a mpolelela thata ka ga gagwe. Fa mosetsana mongwe a ne a tla mo go rona, o ne a dira se se tshwanang le mo go ene. Mme fa go tla mosetsana wa boraro, o ne a mmolelela tsone dilo tse a re boleletseng tsone. E ne e le selo se se maswe tota!”—Tina.

O se ka wa tshameka ka maikutlo a mosetsana. O se ka wa akanya gore go nna tsala le motho wa bong bo sele, go tshwana fela le go nna tsala le motho wa bong jo bo tshwanang le jwa gago. Ka ntlha yang? Akanya ka seno: Fa o bolelela tsala ya gago ya mosimane gore sutu ya gagwe e ntšha e a mo tshwanela kgotsa ka metlha o mmulela mafatlha, ga a ka ke a akanya gore o a mo rata le go mo kgatlhegela. Le fa go ntse jalo, fa o akgola mosetsana ka tsela e a lebegang ka yone kgotsa o nna o bua le ene le go mmulela mafatlha, a ka nna a akanya gore o a mo kgatlhegela.

Se basetsana ba se bolelang: “Ke akanya gore basimane ga ba tlhaloganye gore ba ka se tshware basetsana ka tsela e e tshwanang le e ba tshwarang ditsala tsa bone tsa basimane ka yone.”—Sheryl.

“Mosimane o tla bo a kopa dinomoro tsa me tsa founo, go tswa foo a bo a nthomelela molaetsa. Tota . . . seno se kaya eng? Ka dinako tse dingwe o ka nna le tsala e lo nnang lo romelelana melaetsa mme lo bo lo simolola go nna le maikutlo a lorato, mme gone lo ka bua go le kana kang ka melaetsa ya founo?”—Mallory.

“Ke akanya gore basimane ga ba itse gore basetsana ba kgona go nna le maikutlo a lorato ka bonako jang, segolobogolo fa mosimane a amega ka ene e bile e le motho yo go leng motlhofo go bua le ene. Ga se gore mosetsana o a bo a gaeletswe a batla fela motho yo a ka ratanang le ene. Ke akanya gore basetsana ba le bantsi ba batla motho yo ba ka ratanang le ene mme ka dinako tsotlhe ba a bo ba batla motho yo o ba siametseng.”—Alison.

BALA GO YA PELE KA KGANG ENO MO BOLUMONG YA 2, KGAOLO 3

MO KGAOLONG E E LATELANG

O ka itse jang pharologanyo fa gare ga lorato le go tseega maikutlo?

DITEMANA TSA BOTLHOKWA

‘Apara botho jo bosha jo bo neng jwa bopiwa go ya ka go rata ga Modimo mo tshiamong ya boammaaruri le boikanyegi.’—Baefeso 4:24.

KAKANTSHO

Botsa bagolo ba le mmalwa gore ke nonofo efe ya botlhokwa e lekawana le tshwanetseng go nna le yone mme o bone gore a o tlhoka go tokafatsa mo go yone.

A O NE O ITSE GORE . . . ?

Se o leng sone mo teng se botlhokwa go feta tsela e o lebegang ka yone kafa ntle.

SE KE SE IKAELETSENG!

Karolo nngwe e ke tshwanetseng go bontsha maitseo a mantle mo go yone ke ․․․․․

Go tokafatsa bokgoni jwa me jwa puisano ke tla ․․․․․

Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․․

O AKANYANG?

● O ka bontsha jang gore o a itlotla?

● O ka bontsha jang gore o tlotla tsela e mosetsana a lebang dilo ka yone le e a ikutlwang ka yone?

[Mafoko a a mo go tsebe 198]

“Basimane ba akanya gore ba ka kgatlha basetsana fa ba apara ka tsela e e rileng kgotsa ba lebega ka tsela nngwe. Le fa gone seno se ka tswa se le boammaaruri, ke akanya gore basetsana ba le bantsi ba kgatlhiwa thata ke dinonofo tse di molemo.’’—Kate

[Setshwantsho mo go tsebe 197]

Maitseo a mantle ga a tshwane le sutu e o e aparang go kgatlha batho mme fa o tsena kwa gae o bo o e apola